Jump to content

Djene Kaba Condé

Go tswa ko Wikipedia
Djene Kaba Conde
Mohumagadi wa Guinea
In office
Morule a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2010 – Lwetse a le malatsi a matlhano ngwaga wa 2021
PresidentAlpha Conde
Pele Ga GagweJeanne Saba
Morago Ga GagweLaurine Doumbouya
Modulasetilo wa African Union
In office
Firikgong a le masome mararo ngwaga wa 2017 – Firikgong a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 2018
PresidentAlpha Conde
Pele Ga GagweHinda Deby Itno
Morago Ga GagweJeannette Kagame
Ka Ga Ena
O tsetswe1960
Kankan Guinea
O TlhokafetsePhatwe a le malatsi a mane ngwaga wa 2023
Neuilly-sur-Seine France
Mo/BakapeloAlpha Conde
Alma materUniversity Paris VII

Djene Kaba Condé (o o tshotsweng ka 1960 - a tlhokafala ka Moranang a le malatsi a robabobedi ngwaga wa 2023)[1] o berekile e le mohumagadi wa Guinea go tswa ka 2010 go fitlhelela monna wa gagwe Alpha Condè a thankgolwa mo thankgolong ya puso ya kwa Guinea ka 2021[2]. O ne a na le bana ba le bararo.[3]

Djene Kaba Condé o tsholetswe kwa Kankan ka 1960.[4][5] O tsene sekolo kwa University Paris VII kwa France. O ne a na le Masters of Information Science le degree ya Communications go tswa kwa sekolong seo. O ne a na gape le degree ya sociology. O bereketse lekgotla la Francophonie kwa Paris, dingwaga di le lesome o ne a le mogakolodi wa kompone ya phiro ya ANPE-PARIS.[6]

Conde o simolotse sekolo se sebotlana kwa Drame Oumar kwa Kankan. Morago ga go amogelwa kwa CEP, o ne a tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Almamy College Samory Toure.

Conde o ne a ema nokeng tshekatsheko ya gagwe ya setlhogo sa: tlhaolele ya lotso le mmala mo bobegadikgang jwa France, tshwantshanyo ya Le Monde, Le Figaro le Liberation.

Tse di diragetseng pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga go aloga kwa sekolong sa ithutelo ditiro, Kaba o ne a simolola go bereka kwa lekgotleng la ngwao le tirisanommogo. Dingwaga di robabobedi o ne a nna mo maemong a a farologaneng, a akaretsa go nna mothusa mookamedi wa dipuisano, maranyane le phiro. O ne a thapiwa gape mo tirong ya go nna mogakolodi wa babereki kwa National Employment Agency.

Sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Djene Conde o ne a eme nokeng mokgatlho wa bomme ba ba itsholofetseng le masea, o o tlhamilweng ka Tlhakole 2011. Mokgatlho o dira ditiro tse di farologaneng, di akaretsa botsogo, tikologo, go tlhabolola basadi le basetsana.

  1. ↑ "Wife of ousted Guinea president Alpha Conde dies in Paris". GhanaWeb. April 9, 2023.
  2. ↑ "Guinea's President and First Lady to attend the 2011 High Level Meeting on AIDS". Unaids.org. Joint United Nations Programme on HIV/AIDS. 15 April 2011. Retrieved 29 October 2025
  3. ↑ "Ms. Conde Djen Kaba, First Lady of the Republic of Guinea". condedjenekaba.com. Archived from the original on August 13, 2011. Retrieved 29 October 2025
  4. ↑ SAKHANOKHO, Salif. "Guinée : Hadja Djénè Kaba Condé, ex-première dame est décédée à Paris". PRESSAFRIK.COM, Premier journal en ligne au Sénégal et en Afrique de l'ouest.
  5. ↑ "Décès de Hadja Djènè Condé : les condoléances de Cellou Dalein Diallo à Pr. Alpha Condé et au peuple de Guinée". April 9, 2023.
  6. ↑ "Ms. Conde Djen Kaba, First Lady of the Republic of Guinea". condedjenekaba.com. Archived from the original on August 13, 2011. Retrieved 29 October 2025