Dora Bouchoucha

Dora Bouchoucha (o belegwe ka 11 Phalane 1957) ke motlhami wa difilimi wa kwa Tunisia le mongwe wa maloko a le robabobedi a Komiti ya Kgololesego ya Motho le Tekatekano.[ 1][2]
Kitso ka gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Dora Bouchoucha o ne a aloga ka 1987 kwa University of Sorbonne ka dikirii ya dibuka tsa Seesemane. Ka 1995, mmogo le Ibrahim Letaïef, o ne a thaya kompone ya gagwe ya Sephiri e e bidiwang Nomadis Images. Gape o ne a tlhoma mokgatlho o o bidiwang Sud Écriture o o tlamelang ka katiso ya bakwadi ba Aforika le Baarabia. Mo godimo ga moo, Bouchoucha o ne a etelela pele Carthage Film Festival ka makgetlo a le mararo: 2008, 2010 le 2014. [6]
Dora Bouchoucha o ntse a le teng kwa meletlong e le mmalwa ya boditšhabatšhaba ya difilimi jaaka moatlhodi, sekao kwa Berlinale ka 2017, le jaaka karolo ya dingangisano le ditafole tse di potologang. Mo go one ngwaga oo, o ne a tlhophiwa go nna leloko la komiti ya CineMart ya Rotterdam International Film Festival. Ka 2018, o ne a nna karolo ya Komiti ya Kgololosego ya Motho le Tekatekano e thomo ya yona e neng e le go dira mo porojekeng ya diphetogo e e tsamaelanang le molaotheo wa 2014 wa Tunisia le maemo a boditšhabatšhaba a ditshwanelo tsa botho.[7] [8] Bouchoucha o ne a tlhophiwa gape go nna leloko la Academy of Motion Picture Arts and Sciences e e rulaganyang Academy Awards mmogo le batlhami ba bangwe ba ba 11 ba Baarabia. O ne gape a nna leloko la setlhopha sa baatlhodi ba Luigi De Laurentiis Venice Award for Debut Film ya 77th Venice International Film Festival.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Dora Bouchoucha o nyetswe ke Kamel Fourati. Ba na le barwadi ba le babedi; mongwe wa bone ke Kenza Fourati, yo e leng mmabontle yo o nnang kwa Brooklyn le Maleke yo e leng moitsedipalo yo o nang le Ph.D. mo go tsa itsholelo .[ 6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "Personnes | Africultures". 15 December 2019. Archived from the original on 15 December 2019. Retrieved 4 August 2022.
[2] "Dora Bouchoucha Fourati – IMDb". IMDb. 5 May 2019. Archived from the original on 5 May 2019. Retrieved 4 August 2022.
[3] "Dora Bouchoucha : cinéma addict". Turess. Retrieved 4 August 2022.
[4] "DORA BOUCHOUCHA – OFL". Retrieved 4 August 2022.
[5] "Pour Dora Bouchoucha, produire des films c'est "accompagner des talents"". Franceinfo (in French). 2 October 2018. Retrieved 4 August 2022.
[6] "لقاء مع درة بوشوشة أول منتجة سينمائية تونسية | ڤوغ العربية". 24 April 2021. Archived from the original on 24 April 2021. Retrieved 5 August 2022.
[7] "Dora Bouchoucha, la star de la COLIBE". Les successions dans le droit musulman (in French). 13 August 2017. Retrieved 6 August 2022.
[8] "Tunisie: l'égalité successorale hommes-femmes débarque au Parlement". RFI (in French). 1 September 2018. Retrieved 6 August 2022.