Jump to content

Dorcus makgato malesu

Go tswa ko Wikipedia
Dorcas Makgato-Malesu
Makgato ka 2021
Tsalo
Serowe, Botswana
LetsoMotswana
Ke moMotswana
ThutoSheffield University, BSc Hons in General Management in Catering Systems.

Dorcus Makgato o tsholetswe mo motseng wa Serowe, Botswana.O goletse mo toropokgolo Gaborone.O berekile e le Tona mo khuduthamaga ya puso ya lefatshe la Botswana.E ne e le mongwe wa banana ba ba neng ba nale tsholofelo ebile e tshwaileng sesupo sa letsatsi la segopotso mo lefatshe la Botswana fa le ipelela boipuso ba gwanta pele ga ga tautona wa ntlha ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le borataro.Go simolola ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe ene ele Moemedi wa lefatshe la Botswana kwa lefatsheng la Australia[1][2][3]

Makgetho Malesu o ne a wetsa tiro ya gagwe ya go nna Mokomishinara yo Mogolo wa Botswana kwa Australia ka ngwaga dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro mme a direla mo tirong eno ya bodipolomate dingwaga di le nne pele a boela kwa Botswana.[4]

O tsene sekolo sa gagwe se segolwane kwa Sheffield University mo lefatsheng la UK[2]kwa a feletseng a aloga mo dithutong tsa BSc Hons in General Management in Catering Systems.

Makgato e ne e le mookamedi mogolo wa dithoto tsa mafatshe a sele tsa Botswana le ditlhabololo le tsa dipeeletso tsa madi[5] magareng ga ngwaga wa dikete tse pedi le bosupa le wa dikete tse pedi le borobabongwe fa a neng a supa dikgoreletsi tsa dipeeletso le go ngoka Puso ya Botswana go dira diphetogo tsa maemo a a tokafaditsweng a peeletso, a a akaretsang go nna le seabe le go dirisana le bannaleseabe ba ba botlhokwa le lekalana la sephiri. O ne a dirisa maemo a Mokhuduthamaga wa bothati go fetola ditheo tsa go bereka ga mokgatlho le go tokafatsa mekgwa ya yone e e neng ya dira gore khamphani e nne nngwe ya balaodi ba ba kgatlhang thata ba go rotloetsa dipeeletso mo Aforika.[6][7][8]

Pele a tsenela botsamaisi jwa dipeeletso, Makgato o ne a bereka kwa Barloworld Limited ele mokaedi wa ditirelo tsa kgwebo magareng ga ngwaga wa dikete tse pedi le bongwe le ngwaga wa dikete tse pedi le bosupa mme gape e ne e le mokaedi wa khuduthamaga wa franchise ya Nashua o ne a ana le maikarabelo a kaelo ya togamaano le tiragatso ya kompone. Pele a tsena mo Barloworld o ne a le tlhogo ya Commercial le Human Resource Division ya Air Botswana.[2][9]

Maitemogelo a gagwe a ile a thusa Makgato mo tirong e a neng a e dira pele kwa lephateng la kgwebo le madirelo. Nngwe ya maikaelelo a gagwe a magolo e ne e le go leka go dira gore Botswana e nne lefelo le le kgatlhang la go dira kgwebo mo lefatsheng lotlhe. O ne a solofela go dirisa maemo a gagwe go thusa naga go tsweletsa madirelo le kgwebisano e e tshwarelelang. Fa e sale a simolola tiro ya bodihedi ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome,o nonotshitse dikamano magareng ga Botswana le dinaga tsa boagisani mo borwa le botlhaba jwa Aforika, fa a ntse a tlhagisa maiteko a go tiisa boitshupo jwa Botswana mo madirelong a diteemane le a naga ka bophara.[10] E ne e le Tona ya Boitekanelo le Tona ya pele ya Kgwebo le Madirelo ka ngwaga wa 2014.[11][12][13][8][14][2]O kgonne go etelela pele le go tlhama mekgatlho ya basadi, jaaka Women in Sports Botswana le BDP Woman's League.[2]

  1. ↑ "Her Excellency Dorcas K. Makgato". WomenLift Health. Retrieved 25 November 2024.
  2. 1 2 3 4 5 "Discussing WA's ties to Botswana". Government House Western Australia
  3. ↑ "The Department - About us". protocol.dfat.gov.au. Department of Foreign Affairs and Trade. Retrieved 19 April 2021
  4. ↑ Mathala, Sharon (11 March 2024). "Makgato's timely return". Mmegi Online. Retrieved 26 November 2024
  5. ↑ https://www.pressreader.com/botswana/mmegi/20210122/281638192863283?srsltid=AfmBOor6ASi602iS2m-6ewhJr0X2rP2pBXRQac1SRmaQ3tlrNTWFdAoa. Retrieved 26 November 2024 – via PressReader.
  6. ↑ Mokento, Kevin (22 January 2021). "Mmegi Online :: Reflections on Dorcas Makgato". Mmegi Online. Retrieved 19 April 2021.
  7. ↑ Ministry Of Health & Wellness, Botswana". www.moh.gov.bw. Retrieved 19 April 2021.
  8. 1 2 "Honorable Dorcas Makgato-Malesu". UWTSD & Ducere. Retrieved 10 February 2022.
  9. ↑ "Honorable Dorcas Makgato-Malesu". Ducere Business School | University. Retrieved 25 November 2024
  10. ↑ Minister Makgato-Malesu Profile | Ministry of Trade and Industry". Mti.gov.bw. 1 February 2010. Archived from the original on 12 August 2014. Retrieved 12 August 2014
  11. ↑ Dorcas Makgato-Malesu". World Economic Forum. Retrieved 19 April 2021
  12. ↑ Dorcas Makgato | Profile | Africa Confidential". www.africa-confidential.com. Retrieved 19 April 2021
  13. ↑ Mafika (24 May 2013). "Botswana launches brand strategy - Brand South Africa". Retrieved 10 February 2022
  14. ↑ Cablegate: Botswana: President and Parliament Sworn In". www.scoop.co.nz. 22 October 2009. Retrieved 10 February 2022

Dilinki tse di kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Facebook Page