Doreen Sioka
| Motlotlegi Doreen Sioka Mopalamente | |
|---|---|
| Tona wa tekatekano ya bong le tlhokomelo ya bana | |
| In office Mopitlo a le lesome le borobabobedi ngwaga wa 2015 – Mopitlo a le lesome le motso ngwaga wa 2025 | |
| President | Hage Geingob |
| Pele Ga Gagwe | Rosalia Nghidinwa |
| President | Hifikepunye Pohamba |
| Pele Ga Gagwe | Marlene Mungunda |
| Morago Ga Gagwe | Rosalia Nghidinwa |
| Tona wa pereko le selegae | |
| President | Hifikepunye Pohamba |
| Pele Ga Gagwe | Immanuel Ngatijizeko |
| Morago Ga Gagwe | Erkki Nghimtina |
| Mothusa motsamaisa dipuisano tsa palamente | |
| President | Hifikepunye Pohamba |
| Pele Ga Gagwe | Willem Konjore |
| Morago Ga Gagwe | Loide Kasingo |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Phatwe a le lesome le borobabobedi ngwaga wa 1960 Kasheshe |
| Mosetshaba wa | Namibian |
| Mokgatlho | |
| Mo/Bakapelo | Victor Sioka |
| Bana | ba le bararo |
| Alma mater | Management College of Southern Africa |
| Tiro | Mopolotiki |
| Tiro | Morutabana |
Doreen Nampiye Sioka (o o tshotsweng ka 1960) ke mopolotiki wa kwa Namibia. E ne e le leloko la palamente ya Namibia go tswa ka 1994 go tsena Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2025 mo phathing ya SWAPO, gape e le tona go tswa ka 2005 go tsena Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2025, o berekile e le tona wa tekatekano ya bong, nyeletso lehuma le tlhokomelo ya matshelo a batho.
Botshelo jwa a le mmotlana le go tshaba
[fetola | Fetola Motswedi]Sioka o tshotswe ka Lwetse a le lesome le borobabobedi ngwaga wa 1960, kwa motseng wa Kasheshe kwa kgaolong ya Zambezi, a tsena sekolo se sebotlana kwa motseng wa kwa ga bone. Fa a le dingwaga di le lesome le botlhano, o ne a tshabela kwa Zambia, ka ntlha ya kgotlhang kwa South West Africa gareng ga sesole sa puso ya tlhaolele le balwela kgololesego ba Namibia.
Fa a ne a gobetse mo tlhaselong ya sesole sa Aforika Borwa kwa Oshatotwa ka 1976 o ne a nna leloko la Liberation Army of Namibia, a tsaya karolo mo mo ditlhaselong tsa Katima Mulilo ka 1977 le 1978 e le mongwe wa masole a basadi ba bararo fela.[1]
Morago ga tlhaselo ya 1988 o ne a berekela seromamowa sa Voice of Namibia, a tsweledisa dithuto tsa gagwe. O ne a amogela setlankana sa bobegadikgang le motlobo wa dibuka kwa Ndola a fetsa sekolo se segolwane kwa Roosevelt kwa Freetown, Sierra Leone. Sioka o ne a ya go bereka e le morutabana kwa Namibia Health and Education Centre kwa Kwanza-Sul, Angola, go fitlhelela ka lobakanyana fela pele ga boipuso jwa Namibia.[1]
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga boipuso jwa Namibia ka 1989 Sioka o ne a tshwara maemo a a farologaneng a sepolotiki mo khanseleng ya SWAPO ya basadi. O ne a tlhophiwa go ya palamenteng ka 1994, le komiti ya legare ya SWAPO ka 1997.[1] Ka 2005, Sioka o ne a tlhophiwa go nna mothusa motsamaisa dipuisano tsa palamente ya bone.[2]
Morago ga ditlhopho tsa lefatshe la Namibia tsa 2009, Sioka o ne a thapiwa go nna tona wa tekatekano ya bong, le tlhokomelo ya bana, mo kabakanyong ya matona ka Morule 2012, morago ga bokopano jwa SWAPO, maemo a gagwe a bo tona a ne a fetolwa go nna tona wa pereko le selegae, a tlhatlhama Immanuel Ngatjizeko.[3]
Fa Hage Geingob a nna tautona ka 2015, Sioka o ne a busediwa kwa mameong a go nna tona wa tekatekano ya bong, le tlhokomelo ya bana.[4] O ne a nna mo maemong a morago ga Geingob a sena go tlhopha palamente ya gagwe mo legatong la bobedi.[5] Ka 2020, bagwanti ba ShutItAllDown ba ne ba gwetlha gore a ithole marapo morago ga ba sena go supa fa a sa kgone go rarabolola kgang ya kgotlhang ya baratani kwa Namibia.[6]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Doreen Sioka o nyetswe ebile o na le bana ba le bararo. Ntle le degree tsa gagwe tse a nnileng le tsone ka nako ya fa a tshabile, o ne a fetsa dithuto di le pedi, a nna le high diploma le setlankana sa tshireletso go tswa kwa Cambridge Tutorial College le diploma ya kgebo go tswa kwa Management College of Southern Africa (MANCOSA).[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 Neumbo, Namene Kandi (5 April 2005). "Madam Deputy Speaker, Ma'am!". New Era.
- ↑ "Guide to Parliament" (PDF). Namibia Institute of Democracy. 2005. ISBN 99916-797-6-6. Archived from the original (PDF) on 6 July 2008. Retrieved 21 October 2025.
- ↑ Shipanga, Selma; Immanuel, Shinovene (5 December 2012). "Transition team picked". The Namibian. Archived from the original on 2012-12-06.
- ↑ "Geingob announces Cabinet". The Namibian. 20 March 2015.
- ↑ "Central bank Governor appointed finance minister". Informanté. 2020-03-22. Archived from the original on 2020-08-05. Retrieved 2025-10-21.
- ↑ Iikela, Sakeus (8 October 2020). "Sioka in storm over N$1,4m shacks". The Namibian. p. 1.