Doris Dlakude
| Motlotlegi Doris Dlakude Mopalamente | |
|---|---|
| Mothusa motlhokomedi wa phathi e e busang | |
| Assumed office Seetebosigo a le masome mabedi ngwaga wa 2013 | |
| President | Jacob Zuma Cyril Ramaphosa |
| Motlhokomedi mogolo | Mathole Motshekga Pemmy Majodina |
| Pele Ga Gagwe | Mmamoloko Kubayi (a tshwareletse) Bulelani Magwanishe |
| Mopalamente | |
| Assumed office Tlhakole a robabongwe ngwaga wa 2010 | |
| Constituency | Mpumalanga |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Phatwe a le lesome le borataro ngwaga wa 1969 |
| Mokgatlho | African National Congress |
| Mo/Bakapelo | Vusi Dlakude |
Doris Eunice Dlakude (o o tshotsweng ka Phatwe a le lesome le borataro ngwaga wa 1969) nako tse dingwe le peletiwa Dorris kgotsa Dorries, ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa go tswa kwa Mpumalanga. Ke mothusa motlhokomedi wa phathi e e busang kwa palamenteng. O thapilwe mo maemong ao ka Seetebosigo 2013, a emetse African National Congress, o sale a nna mopalamente ka Tlhakole 2010.
Botshelo jwa a le mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]A tshotswe ka Phatwe a le lesome le borataro ngwaga wa 1969[1], Dlakude o alogile ka matric go tswa kwa Mjokwane Senior Secondary School kwa Komatipoort kwa e neng e le Transvaal botlhaba pele.[2] O na le Honours Degree ya puso le boeteledipele go tswa kwa University of Witwatersrand.[3]
Tiro ya gagwe ya pele ya polotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Dlakude o nnile mo maemong a a farologaneng mo phathing ya gagwe ya African National Congress (ANC); e ne e le motshwara madi wa kgaolo wa lekgotla la banana la ANC kwa Ehlanzeni; o ne a le mo komiting ya kgaolo ya ANC le lekgotla la bomme la ANC kwa Mpumalanga,[3] o feditse ditlha di le thataro e le mokwaledi wa lekalana la kwa ga bone.[2] O nnile mopalamente ka Tlhakole a le malatso a robabongwe ngwaga wa 2010, a tsaya maemo a Nomatyala Hangana a neng a a ithotse.[4]
Mothusa motlhokomedi: 2013 go tsena gompieno
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Seetebosigo a le masome mabedi ngwaga wa 2013, ANC ene ya itsise fa Dlakude a tlaa nna mo maemong a mothusa motlhokomedi wa phathi e e busang; o ne a thusa Stone Sizani, o le ene e neng e le gone a thapiwang, a tlhatlhama Mmamoloko Kubayi, o a neng a ntse a tshwareletse mo maemong ao.[5] Sizani le Dlakude ba ne ba ba thapiwa gape morago ga ditlhopho tsa 2014,[6] mme Sizani o ne a ithola marapo ka Mopitlo a le malatsi a mabedi ngwaga wa 2016,[7] Dlakude o ne a tshwarelela maemo a motlhokomedi-mogolo go fitlhelela Jackson Mthembu a thapiwa dibeke tse tharo morago.[8]
Ka nako eo, Dlakude o ne a le mo komiting ya nakwana e e tlhamilweng go tsibogela Nkandlagate. O ne a sireletsa tautona Jacob Zuma ka nako ya digangisano tsa komiti e,[9] mme ene le Kubayi ba ne ba gapa leitlho la metswedi ya dikgang fa ba tsewa senepe ba itaka dinala ka nako ya bokopano jwa komiti eo.[10][11]
Morago ga ditlhopho tsa 2019, Pemmy Majodina o ne a thapiwa e le motlhokomedi fa Dlakude a ne a tswelela a e le mothusi.[12] John Steenhuisen, moeteledipele wa phathi ya kganetso ya Democratic Alliance, a re o ne a akanya gore ANC e latlhegetswe ke selwana mo go Dlakude...ka o ne a ka dira motlhokomedi wa tlhwatlhwa.[13]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]O nyetswe ke Vusi Dlakude, o o tlhageletseng kwa kgotlatshekelong ya mmakaseterata wa Nkomazi ka tsheko ya go sa bue boammaruri o le mo maikanong, a lebisitswe molato wa go kgothosa ka Firikgong 2018.[14][15] O na le kgwebo ya lefelo le le bayang baswi.[16]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "National Assembly List" (PDF). Electoral Commission of South Africa. 2019. Retrieved 08 December 2025
- 1 2 "Dorries Eunice Dlakude". People's Assembly. Retrieved 08 December 2025
- 1 2 "Ms Doris Eunice Dlakude". Parliament of the Republic of South Africa. Retrieved 08 December 2025
- ↑ "Ms Doris Eunice Dlakude". Parliament of the Republic of South Africa. Retrieved 08 December 2025
- ↑ "ANC names new National Assembly chief whip". Business Day. 20 June 2013. Retrieved 08 December 2025
- ↑ "Mbete to replace Sisulu as National Assembly speaker". The Mail & Guardian. 20 May 2014. Retrieved 08 December 2025
- ↑ "ANC chief whip quits". Daily Maverick. 2 March 2016. Retrieved 08 December 2025
- ↑ "Who is Jackson Mthembu?". The Mail & Guardian. 22 March 2016. Retrieved 08 December 2025
- ↑ "The heads that will roll: Zuma allies face an uncertain future". The Mail & Guardian. 11 February 2016. Retrieved 08 December 2025
- ↑ Mathope, Gosebo (10 August 2017). "#TBT: Nkandla committee members paint nails during proceedings". The Citizen. Retrieved 08 December 2025
- ↑ Makhanya, Mondli (3 July 2016). "SA's descent into amoral society". City Press. Retrieved 08 December 2025
- ↑ "Ramaphosa promises balanced Cabinet that will 'please all'". The Mail & Guardian. 21 May 2019. Retrieved 08 December 2025
- ↑ "Majodina is ready to whip, dressed to kill". The Mail & Guardian. 23 May 2019. Retrieved 08 December 2025
- ↑ Nkosi, Tom (11 January 2018). "ANC deputy chief whip's husband in court for allegedly faking a hijacking". News24. Retrieved 08 December 2025
- ↑ "ANC deputy chief whip's husband arrested for perjury". Lowvelder. 10 January 2018. Retrieved 08 December 2025
- ↑ "Register of Declarations: SA MPs received gifts ranging from property to canned food". SABC News. 4 June 2021. Retrieved 08 December 2025