Dorowa
Dorowa ke motse o o mo kgaolong ya Manicaland mo Zimbabwe,dikilomethara di le tharo mo borwa jwa molapo wa Save (Save River) fela fa godimo ga lecha ya Save, dikilomethara dika nna masome a ferabongwe mo bophirima jwa Mutare.[1] Motse o o goletse mo tikologolong ya moepo oo butsweng eleng moepo wa Dorowa (Dorowa mine) koo go neng ga bonwa phosphate ka ngwaga wa 1945. Moepo o o ntsha phosphate yotlhe[2] ya lefatshe la Zimbabwe (155,000 tonnes e itshitswe gone fa ka ngwaga wa 1996).[1] Motse o o dirisiwa………….
Moepo
[fetola | Fetola Motswedi]Mo bosheng moepo oo oile wa welwa ke seru fa gonna le kgaogo ya motlakase e ileng ya ama bodiredi mo le di didirisiwa tse di kgologolo e neng ya nna kgwetlho go di baakanya jaaka ditlhotlhwa tsa paakanyo dine diile magoletsa. Dorowa Minerals Limited eile ya kgona go sa amana gope le tsa sepolotiki sa mo gae lemo kgaolong. Go tsamaa ga moeteledipele oo dirileng ka lebaka le leleele, Rre Mafukidze ka ngwaga wa 2012 goile ga tlisa maikutlo a farologaneng mo tirong. Lefa gontse jalo,moepo o ile wa kgona go tshegetsa palo ya bangwe ba babereki ba ba boikanyego ebile ba diretse moepo ka lebaka le leleele bogolo jang rre Mushaandu yoo dirileng go feta dingwaga dile masome a mararo le botlhano, rre Chitata, rre Guwa, rre Manzira ga mmogo le rre Maponye, bao ba dirileng go feta dingwaga dile masome a mabedi. Rre Livingstone Mahwite ene ele mmereki yoo farologaneng,a ganetsana le diemo tse di mmaswe. One a sa bala, a simolotse a bereka jaaka mothusi( garden hand) mo mongweng wa bagolwane mo moepong, mme aseka a ipona tsapa jaaka a feleditse a dira jaaka rra motlakase le letegeniki la megala ( electrician and telephone technician) mo komponeng. Moepo o o na le mafelo a bonno ale mabedi eleng Save Heights; lefelo le lentle, le le iketlileng, le apesitse ke ditlhare fa thabeng, dikilomethara tse pedi gotswa fa moepong le motse wa Tongongara oo le one o bokgakala jwa dikhilomithara di le pedi gotswa kwa Save Heights. Moepo o gape ona le kokelwana ee berekang fela sentle mme ebile e thusa le banni ba ba mo tikologolong. Ena gape le koloi ya sepatela( ambulance) e e thusang mo diemong tse di tlhokang thuso ya potlako.