Dramaboi
Thuto Ricardo Ramaphaleng (3 Mopitlo 1993 – 14 Phalane 2021), yo a ne a itsege ka leina la gagwe la serala la Dramaboi kgotsa Dramaboi Wa Makeishane, e ne e le seopedi sa Motswana sa mmino wa Hip Hop yo o nenga ne a tumile ka Motswako. O ne a tswakanya Seesemane le Setswana mo ditlhamong tsa gagwe a gatisitse direkoto di le mmalwa, di akaretsa Township Music le Wa Makeishane.[1]
Dramaboi | |
|---|---|
| Leina la Matsalo | Thuto Ricardo Ramphaleng |
| Tsalo | Mopitlwe 3, 1993 Gaborone, Botswana |
| Letso | Botswana |
| Leso | Diphalane 14, 2021 (aged 28) |
| Mefota | |
| Dingwaga tsa a le mo boopeding | 2005–2021 |
| Labels | Rock the City Music |
Botshelo jwa kwa bonnyeng
[fetola | Fetola Motswedi]Dramaboi o tsaletswe mo toropong ya Gaborone, Botswana. O ne a ithuta ka mmino wa Hip Hop a na le 'ngwaga tse 12 a bo a simolola go diragatsa mo medirong ya sekolo. Leina la gagwe la serala, e bong "Dramaboi" le tsetswe ke maitemogelo a gagwe a kwa bonnyeng, ka a goletse mo 'lapeng le go neng go na le dikgwetlho tse di patisang.[2]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Dramaboi o ne a simolola go itemotsha ka dikgaisano tsa mmino, di akaretsa HUB Music Series (e mo go yone a tsereng maemo a bobedi) le Sprite Rap Battle ya mo Botswana, e yone a neng a e fenya a le 'ngwaga tse 17.[1]
Rekoto ya gagwe ya matsibola-ntlha, Township Music, e akaretsa pina e bong Godzilla e bile e ne ya baka dikgolagano, nngwe ya tsone e le tswakanyo ya pina e, a engwe nokeng ke diopedi tse dingwe. Rekoto ya gagwe ya bobedi, Wa Makeishane, e akaretsa dipina jaaka Candy, Utlwa, le Roma Nna. O ne a ikgolaganya le Nnunu Ramogotsi mo Areyeng, a bo a nna le seabe mo pineng ya Tsaya Tshwetso ya mophato wa Re Mmogo All Stars.[3]
Ka ngwaga wa 2016, o ne a gatisa Township Music 2, e e akaretsang Bosigo Kao Fela le Sala le Nna (a na le kgaitsadie, Katlego Ramphaleng), e yone e neng le segopotso sa ga nkukuabone. E ntse e le one ngwaga oo, o ne a simolola, ka boesi jwa gagwe, ditiragatso di tlhomagane, di sobokwa ke leina e bong Dramaboi Unplugged.[4]
Dramaboi o ne a beewa letlhokwa ka ngwana wa 2017 mo letlhakoreng la Best Social Media ke ba dietsele tsa Yarona FM Music Awards (YAMAs).[2] Mo pakeng ya Covid-19, o ne a tsamaisa kgwebo ya phephafatso-dikoloi e bitswa Ya Makeishane, mo Mogoditshane.[5]
Mokgwa wa bodiragatsi
[fetola | Fetola Motswedi]Dramaboi o ne a tumile ka go tswakanya diteme tsa Setswana, Seeng, Sezulu le teme ya maitlhamelo mo ditlhamong tsa gagwe, tse ka tsone a neng a sedimosa maitemogelo a 'tsatsi-le-'tsatsi a banana ba Batswana. O ne a akgolelwa seabe sa gagwe mo go goleng ga Motswako le mafolofolo a bodiragatsi jwa gagwe.[6]
Loso
[fetola | Fetola Motswedi]Dramaboi o tlhokafetse ka Diphalane 2021 kwa kokelong ya Princess Marina Hospital mo Gaborone.[7]
Boswa
[fetola | Fetola Motswedi]Le morago ga go tlhokafala ga gagwe, seabe sa ga Dramaboi mo mminong wa mo Botswana se tswelela se ntse se itemotsha. Ka Mopitlo wa ngwaga wa 2025, ba lelwapa la gagwe, ditsala, badirela-puso, ga mmogo le badiragatsi-ka-ene be ne ba ikgobokanya mo Gaborone go supa sehikantswe sa gagwe. Dibui di tsa ma kaya e le mmantswitswidi wa dipolelo gape a na le tlhotlheletso e ntsi mo go tsa mmino wa mo Botswana. Tautona wa Botswana Adv. Duma Gideon Boko o dueletse sehikantswe se.[8]
Ka ngwaga wa 2023, Dramaboi o ne a baakanyetswa manno (a ntse a sa le botshelong) mo Leobong la Bagaka la Yarona FM Music Awards, kwa gone ba lelwapa la gagwe ba neng ba amogela tlotla eo fa badiragatsi-ka-ene ba ne ba kgwela lošalaba.[9]
O boile gape a gopolwa ke ba botlaki. Ka ngwaga wa 2025, setshwantso ka ga Martin Sefako, se tshwantshitswe ka legala, se ne se mo supa a bapisitse diopedi tse dingwe tsa Batswana.[10]
Dikgatiso
[fetola | Fetola Motswedi]- Township Music
- Wa Makeishane
- Township Music 2
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Tlhankane, Spira (17 October 2021). "Dramaboi: A life chronicled in lyricism". Mmegi Online. Retrieved 19 January 2026.
- 1 2 Youth, Botswana (20 February 2017). "10 Things You Didn't Know About Dramaboi!". Botswana Youth Magazine. Retrieved 19 January 2026.
- ↑ "Botswana's Dramaboi & His Artful Command of Language". The Hip Hop African. 12 April 2018. Retrieved 19 January 2026.
- ↑ Dikuelo, Pauline (10 December 2018). "Dramaboi Mesmerises Mahikeng". Mmegi Online. Retrieved 19 January 2026.
- ↑ Mathala, Sharon (11 May 2021). "Dramaboi's drama". TheVoiceBW. Retrieved 19 January 2026.
- ↑ "Dramaboi". HDS Entertainment. Retrieved 19 January 2026.
- ↑ "Dramaboi was the epitome of both greatness and humility". Botswana Gazette. 20 October 2021. Retrieved 19 January 2026
- ↑ Ngwako, Taboka (30 March 2025). "Family unveils Dramaboi tombstone". Daily News Botswana. Retrieved 19 January 2026.
- ↑ "Dramaboi inducted into Yarona FM Hall of Fame". Mmegi Online. 13 November 2023. Retrieved 19 January 2026.
- ↑ "A tribute in charcoal". Mmegi Online. 12 September 2025. Retrieved 19 January 2026.