Edison Masisi
Edison Setlhomo Keitshoketswe Masisi ( o tshotswe ka di 31 Mopitlwe 1921 – o tlhokafetse ka di 14 Tlhakole 2003)[1]e ne e le radipolotiki le
| Edison Setlhomo Keitshoketswe Masisi | |
|---|---|
| Minister of Education, Labour and Social Services | |
| Minister of Mineral Resources and Water Affairs | |
| In office 1957–1964 | |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | 31 Mopitlwe 1921 Moshupa, Bechuanaland Protectorate |
| O Tlhokafetse | 14 Tlhakole 2003 (aged 81) Gaborone, Botswana |
| Mosetshaba wa | Motswana |
| Mokgatlho | Botswana Democratic Party |
| Bonno | Botswana |
| Alma mater | Tiger Kloof Educational Institute|Tiger Kloof |
modipolomate mo Botswana gape ke rraagwe Tautona wa pele wa Botswana, Mokgweetsi Masisi. O ne a direla e le leloko la palamente ya Moshupa fa gare ga ngwaga tsa 1965 le 1999. Masisi o ne a tsena kwa Tiger Kloofmmogo le Tautona Quett Masire. Morago ga go tshwanelega jaaka morutabana, o ne a ruta kwa Moshupa (1950-1964),o ne a nna mogokgo ka dingwaga tsa (1957-1964). Ka ngwaga wa 1964, o ne a rola tiro go gaisanela setulo sa Moshupa mo theketeng ya BDP. Mo ngwageng o o latelang, o ne a fenya mo ditlhophong mme a tlhomiwa go nna mothusa Tona ya Thuto, Badiri le Ditirelo tsa Loago. O ne a dira jaaka tona ya bobedi ya puso ya Merero ya Dinaga di Sele mo Kantorong ya Moporesidente go tloga ka 1969–1971. O ne a fudusediwa kwa Lephateng la Thuto ka ngwaga wa 1972,moragonyana Lephata la Boitekanelo ka dingwaga tsa (1978-1979). Ka ngwaga wa 1989, o ne a tlhophiwa go nna motlatsa-modulasetulo wa Kokoano Bosetšhaba, koo a neng a sala mo maemong ao go fitlha ka 1999. Ka 1993, o ne a tlhomiwa go nna mothusa Tona ya Matlole le Thulaganyo ya Tlhabololo. O ne a rola tiro mo dipolotiking tse di tlhagafetseng ka 1999.[2]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Index Man-Maz"
- ↑ Historical Dictionary of Botswana. Scarecrow Press. 23 April 2008. p. 211. ISBN 9780810864047