Edith Masai
Edith Chewanjel Masai (o tshotswe ka kgwedi ya Moranang e thola bonne (4) ka ngwaga wa 1967) ke motabogi wa pele wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o neng a itsege mo mabelong a go kgabaganya naga le a mo ditseleng, morago ga moo mabelo a tsela mo tirong ya gagwe ya bofelo. O ne a emela Kenya kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa ngwaga wa 2004.[1]Diphitlhelelo tsa gagwe tse di gaisang tsotlhe ke dimmentlele di le tharo tsa gauta ka bongwe mo lobelong lo lokhutshwane kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa go Kgabaganya Naga tsa IAAF fa gare ga ngwaga wa 2002 le ngwaga wa 2004.
O itsege gape ka go fitlha kwa setlhoeng sa lefatshe ka bophara a le dingwaga di le masome a mararo le botlhano (35). Mo lebaleng e ne e le mofenyi wa metlele ya boronse mo dimitara di le 5000 kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe tsa Diatleletiki tsa ngwaga wa 2003 mme e ne e le Mmampodi wa Aforika wa ngwaga wa 2006 mo dimitara di le 10 000. Gape o fentse dimmentlele tsa selefera mo dimetara di le 10 000 kwa Metshamekong ya Aforika Yotlhe ya ngwaga wa 2007 le dimetara di le 5000 kwa Metshamekong ya Kgweranoditšhaba ya ngwaga wa 2002.
Motlhala wa gagwe o o gaisang wa metsotso e le 8:23.23 mo dimitara di le 3000, o o neng wa bewa ka ngwaga wa 2002, o sa ntse e le rekoto ya Aforika ya tiragalo eno. Mo sekgaleng se segolo sa mmarathone, o ne a taboga diura di le 2:27:06 go gaisa tsotlhe mo botshelong jwa gagwe go fenya Mmarathone wa Hamburg wa ngwaga wa 2005.
Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele
[fetola | Fetola Motswedi]Botshelo jwa bogologolo
Masai o tsholetswe kwa motseng wa Chepkoya, kwa Kgaolong ya Thaba ya Elgon. Ke wa boraro yo o tshotsweng mo lelapeng la batho ba le bane. O ne a gaisana ka nako ya fa a ne a le kwa sekolong se segolo fa a ne a le kwa Sekolong se Segolwane sa Kibuk. O ne a aloga ka ngwaga wa 1988. O ne a tsenela Tirelo ya Dikgolegelo ya Kenya ka ngwaga wa 1990, e e neng e itsege ka go thapa baatlelete ba le bantsi ba ba nang le bokgoni. Le fa go ntse jalo, Masai ga a ka a fitlhelela sepe go fitlha ka ngwaga wa 1999, fa a ne a nna mmampodi wa bosetšhaba wa go kgabaganya naga, a le dingwaga di le masome a mararo le bobedi (32). Ka ntlha ya moo, o ne a simolola go ikatisa ka tlhoafalo.[2] O ne a fenya Sejana sa Lotto Cross sa Brussels ka ngwaga wa a 2001 mme a tswelela go tsaya boronse mo lebelong le lekhutshwane kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa go Kgabaganya Naga ka ngwaga oo. O ne a tokafatsa seno mo ngwageng o o latelang, a tsaya gauta kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa IAAF tsa ngwaga wa 2002 tsa go Kgabaganya Naga.
Tiro ya boditšhabatšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]Masai o tshotse rekoto ya Aforika ya dimitara di le 3000 e e neng ya bewa ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa 2002 kwa Monaco[3]
O ne a gapa mmentlele wa boronse kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe tsa ngwaga wa 2003. Ka ngwaga wa 2004, o ne a palelwa kwa ditekong tsa Kenya tsa Diolimpiki, mme e re ka e ne e le mongwe wa Bakenya ba le bararo fela ba ba neng ba fentse nako ya go tshwanelegela "A" ya Diolimpiki mo dimitara tsa basadi tsa 5000 mo ngwageng oo, o ne a newa lefelo mo setlhopheng. Masai ka boene kwa tshimologong o ne a gana kopo eo, mme a tsenela setlhopha morago ga dipuisano tse ditelele. Kwa Diolimpiking o ne a tlogela sekolo morago ga go gobala mo mokwatleng.[4]O ne a dira marathone wa gagwe wa ntlha a le dingwaga di le masome amararo le boferabobedi (38), mme o ne a dira tiragatso ya ntlha a itshepa, a tshwara tshupanako ya 2:27:06 go fenya Marathone wa Hamburg wa ngwaga wa 2005.[5]
O ne a nna mo maemong a botlhano mo lobelong lwa dimitara di le 10 000 kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa ngwaga wa 2005 kwa Helsinki, kwa Finland. Nako ya gagwe, 30:30.26 e ne e le rekoto e ntšhwa ya Kenya. [6]Rekoto e ne ya fenngwa ke Linet Masai kwa Diolimpiking tsa ngwaga wa 2008, yo o neng a taboga ka nako ya 30:26.50.[7]
Fa e sa le ka nako eo Masai o ntse a fetoga go tswa mo go tabogeng mo ditseleng go ya kwa marathoneng. O ne a fenya Mmarathone wa Hamburg ka ngwaga wa 2005 mme a nna le seabe mo go one gape ka ngwaga wa 2006 le ka ngwaga wa 2007. Ka ngwaga wa 2006, o ne a fenya Halofo ya Mmarathone wa Berlin, a tlhoma lebelo le le bofefo go gaisa la halofo ya marathone mo ngwageng oo, e leng metsotso e le 1:07:16. Gape e ne e le rekoto e e gaisang ya motho ka namana le ya khoso. Gape o ne a tlhoma rekoto e ntšha ya dimitara di le 5000 ya Kenya ya metsotso e le 14:33.84.[8]
O fentse mmentlele wa selefera wa dimitara di le 10 000 kwa Metshamekong ya Aforika Yotlhe ya 2007. Nako ya gagwe, 31:31.18 ke rekoto e ntšhwa ya Lefatshe ya basadi ba ba fetang dingwaga di le 40. Rekoto e e fetileng e ne e tshwerwe ke Nicole Lévêque wa Fora, yo o neng a taboga ka nako ya 32:12.07 kwa Helsinki ka ngwaga wa 1994.[6]Masai o ne a tsaya karolo mo marathoneng wa bommampodi ba Lefatshe wa ngwaga wa 2008 kwa Osaka, kwa Japane, a fetsa mo maemong a boboferabobedi (8) mo lobelong lo lo neng lwa fenngwa ke moagi ka ene e bong Catherine Ndereba.
Masai o ne a fenya Mmarathone wa Halofo ya Rock 'n' Roll wa Virginia Beach wa ngwaga wa 2008.[9]O fentse Mmarathone wa Singapore ka kgwedi ya Sedimonthole ngwaga wa 2008.[10]o ne a kgaogana le moemedi wa gagwe Dorothee Paulmann.[4] ka ngwaga wa 2007 mme a bereka a le nosi,
Ga jaana o nna kwa Ngong le Kitale. O katisa setlhopha sa go kgabaganya naga sa Dikgolegelo tsa Kenya. Ke mme yo o tlhadilweng yo o nang le ngwana a le mongwe, morwawe Paul Griffin Sakit yo o tsholetsweng ka ngwaga wa 1992 yo o neng a tabogela Yunibesithi ya Louisiana Tech. Masai o ne a rola tiro ya go taboga mo dikgaisanong mo tshimologong ya ngwaga wa 2010 ka ntlha ya go gobala mo lengoleng.
Rekoto e kgolo ya kgaisano
[fetola | Fetola Motswedi]| Year | Competition | Venue | Position | Event | Notes |
|---|---|---|---|---|---|
| 2001 | World XC Championships | Ostend, Belgium | 3rd | Short race | |
| 2nd | Team short race | ||||
| World Championships | Edmonton, Canada | 7th | 5000 m | 15:17.67 | |
| Grand Prix Final | Melbourne, Australia | 7th | 3000 m | ||
| 2002 | World XC Championships | Dublin, Ireland | 1st | Short race | |
| 2nd | Team short race | ||||
| Commonwealth Games | Manchester, England | 2nd | 5000 m | ||
| Grand Prix Final | Paris, France | 4th | 3000 m | ||
| 2003 | World XC Championships | Lausanne, Switzerland | 1st | Short race | |
| 1st | Team short race | ||||
| World Championships | Paris, France | 3rd | 5000 m | 14:52.30 | |
| World Athletics Final | Monaco | 1st | 3000 m | ||
| 2004 | World XC Championships | Brussels, Belgium | 1st | Short race | |
| 2nd | Team short race | ||||
| World Athletics Final | Monaco | 4th | 5000 m | ||
| 2005 | World Championships | Helsinki, Finland | 5th | 10,000 m | |
| World Athletics Final | Monaco | 6th | 3000 m | ||
| 2006 | African Championships | Bambous, Mauritius | 1st | 10,000 m | |
| World Road Running Championships | Debrecen, Hungary | 5th | |||
| 1st | Team race | ||||
| World Athletics Final | Stuttgart, Germany | 7th | 5000 m | ||
| 2007 | All-Africa Games | Algiers, Algeria | 2nd | 10,000 m | |
| World Championships | Osaka, Japan | 8th | Marathon |
Dikgaisano tsa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]| sekgele | Nako | Toropo | Letsatsi |
|---|---|---|---|
| 3000 metres | 8:23.23 | Monaco | 19 July 2002 |
| 5000 metres | 14:33.84 | Oslo | 2 June 2006 |
| 10,000 metres | 30:30.26 | Helsinki | 6 August 2005 |
| 10 kilometres | 31:13 | La Courneuve | 31 March 2002 |
| 15 kilometres | 47:52 | Berlin | 2 April 2006 |
| 20 kilometres | 1:03:52 | Berlin | 2 April 2006 |
| Half marathon | 1:07:16 | Berlin | 2 April 2006 |
| 30 kilometres | 1:42:15 | Hamburg | 23 April 2006 |
| Marathon | 2:27:06 | Hamburg | 24 April 2005 |
| 5 kilometres | 14:50 | Neuss | 8 June 2002 |
| 10 miles road | 52:45 | Zaandam | 22 September 2002 |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Edith Masai Archived 15 December 2012 at the Wayback Machine. Sports Reference. Retrieved 2011-11-07.
- ↑ Daily Nation, 16 June 2007: Ageless Masai makes grade for Osaka[permanent dead link]
- ↑ IAAF: African record in Athletics
- 1 2 "IAAF: News | iaaf.org". iaaf.org. Retrieved 3 May 2018
- ↑ Masai wins debut and Rey is just short of course record – Hamburg Marathon. IAAF (24 April 2005). Retrieved 2010-04-26.
- 1 2 Thefinalsprint.com, 22 July 2007: Splendid World Masters 10,000m Record for Masai Archived 2 September 2007 at the Wayback Machine
- ↑ IAAF, 15 August 2008: Dibaba smashes Olympic 10,000m record as two dip under 30 minutes!
- ↑ IAAF, 28 December 2006: 2006 - End of Year Reviews – Road Running and Race Walks
- ↑ IAAF website, 31 August 2008: Kwambai and Masai win Rock ‘n' Roll Half Marathon
- ↑ Xinhua News Agency, 7 December 2008: Kenyan runners rule Singapore Marathon Archived 10 December 2008 at the Wayback Machine