Jump to content

Edward Newton

Go tswa ko Wikipedia

Sir Edward Newton KCMG (O tshotswe ka kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola malatsi ale lesome ka ngwaga wa 1832[1]–a bo a tlhokafala ka kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi ale masome a mabedi le botlhano ka ngwaga wa 1897) e ne e le motsamaisi wa bokoloniale jwa Borithane le moithuta-dinonyane.

O tsholetswe kwa ntlolehalahala ya Elveden, kwa Suffolk e le ngwana wa borataro yo mmotlana wa ga William Newton, yo e neng ele Mopalamente. E ne e le morwarraagwe moithutadinonyane Alfred Newton. O alogile kwa sekolong se segololwane sa Magdelene, Cambridge ka ngwaga wa 1857 ebile e ne e le mongwe wa maloko a le masome a mabedi a a simolotseng Mokgatlho wa bokopano jwa Baithuta-dinonyane ba Borithane.[1]

Edward Newton
Tsalo10 November 1832
Elveden Suffolk, England
Leso25 April 1897
Lowestoft, Suffolk, England

Newton e ne e le Mokwaledi wa Bokoloniale wa Mauritius go simolola ka ngwaga wa 1859 go ya ko ngwageng wa 1877. Go tsweng foo, o ne a romela morwarraagwe dikai di le mmalwa, go akaretsa tsa dodo le Rodrigues solitaire, tse ka bobedi di neng di sa tlhole di le teng.

Ka ngwaga wa 1878, Newton o ne a simolola melao ya ntlha gongwe le gongwe e e neng e diretswe ka tlhamalalo go sireletsa dinonyane tsa naga gore di seka tsa bogisiwa.

Moragonyana Edward o ne a nna Mokwaledi wa Bokoloniale le Molefetenente-Mmusi wa lefatshe la Jamaica (ka ngwaga wa 1877–go fitlhelela ka ngwaga wa 1883)[1][2]O ne a nyala Mme Mary Louisa Cranstoun, morwadia W. Kerr ka ngwaga wa 1869. O ne a tlhokafala ngwaga o o latelang.[1]

O gopolwa mo binomial ya kestrel ya Malagasy, Falco newtoni.

Phelsuma edwardnewtoni, mofuta wa tshephe, o bidiwa ka tlotlo ya gagwe.[3]

Mokwalo Ka Ga Ene

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 3 4 Anonymous (1908). "Original members: Sir Edward Newton". Ibis. 9th Series. 2 Jubilee Supplement: 117–120. doi:10.1111/j.1474-919X.1909.tb05250.x.
  2. Wollaston AFR (1921). Life of Alfred Newton: late Professor of Comparative Anatomy, Cambridge University 1866–1907. London: Murray. p. 2.
  3. Beolens, Bo; Watkins, Michael; Grayson, Michael (2011). The Eponym Dictionary of Reptiles. Baltimore: Johns Hopkins University Press. xiii + 296 pp. ISBN 978-1-4214-0135-5. ("Edward Newton", p. 80).
  4. Newton & Gadow 1893 was translated into French in 1894 "Sur des os du Dodo et sur des os d'autres oiseaux éteints de Maurice récemment obtenus par M. Théodore Sauzier". Annales des sciences naturelles. Zoologie et biologie animale. Série septième. 18: 215–246. 1894. OCLC 223779008.