Efe Grace
Efe Grace ke moopedi le mokwadi wa dipina wa kwa Ghana. Ke seopedi sa mmino wa gospel. Efe Grace o ne a tlhophiwa go nna Gospel Artist of the Year ka nako ya Vodafone Ghana Music Awards ya 2021.[1] 1][2[
Botshelo le dithutego
[fetola | Fetola Motswedi]Efe Grace o tswa kwa Agogo kwa Kgaolong ya Ashanti, kwa Ghana. Grace ke morwadia moruti mongwe wa kwa Ghana, e bong Rev. Mensah Bonsu.[ Ke ene yo mogolo mo baneng ba le bararo. O ne a tsena sekolo sa Yaa Asantewaa Girls mme a se fetsa ka 2006. O ne a tsweletsa dithuto tsa gagwe kwa Christian Service University College a aloga ka 2011 ka Bachelor of Business Administration in Banking and Finance. [4]
Tiro ya gagwe ya kopelo
[fetola | Fetola Motswedi]Grace o simolotse go opela fa a ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome, mme a nna seopedi sa kwa morago sa ga rraagwe. Kgabagare o ne a nna moeteledipele wa kobamelo kwa kerekeng ya gagwe fa a ntse a direla jaaka moopedi wa mmino wa jazz kwa dihoteleng, diresetšhurenteng le kwa mafelong a go nwa bojalwa kwa Kumasi. O ne gape a direla jaaka moopedi wa kwa morago wa Becca le Kwabena Kwabena. [5] Grace o simolotse e le seopedi sa kwa morago sa Sonnie Badu le Ohemaa Mercy. O ne a golola pina ya gagwe ya ntlha ka October 2018 e e bidiwang "Yehowa ne M'abankese" e e neng e le refix ya pina ya ga rraagwe e e nang le setlhogo se se tshwanang. 6] O ne a golola pina e nngwe ya King of Glory. Ka ngwaga wa 2020, o ne a bona leina la gagwe la ntlha la Vodafone Ghana Music Award mo setlhopheng sa basadi ba ba opelang.◇1] 7] Efe Grace o ne a tlhophiwa gape go nna Emerging Woman of the Year le Best Female Vocal Performance kwa 2021 3Music Awards. 8][9]
O ne a tlhophiwa gabedi mo kgaisanong ya Gospel Artist of the Year le Best Female Vocal Performance of the Year ka pina ya gagwe Lord Have your way kwa Vodafone Ghana Music Awards ya 2021.[1] Abiana o ne a gapa sekgele sa Female Vocal Performance. Ka Lwetse 2021, o ne a golola pina ya gagwe ya bone le ya ntlha e e bidiwang Overflow le Sounds of Heaven.
Ka ngwaga wa 2022, Efe Grace o ne gape a bona dikgetho tse tharo tsa Gospel Act of the Year, Best Female Vocal Performance ka pina ya gagwe Overflow le Performer of the Year ka go tshameka ga gagwe kwa 2021 3Music Women's Brunch Performance. 11]
Bodiragatsi jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Sale ka a simoloa go opele a le esi, o opetse dipina tsa gagwe kwa Ghana Music Awards kwa a neng a diragatsa le Ohemaa Mercy le Joe Mettle. kwa Hope Concert le Ignite Virtual Concert. O diragaditse gape kwa 2021 3Music Women's Brunch.[12]
Dipina ttsa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Yehowa ne M'abankese (2019)[6] King of Glory (2019)[3] Lord Have your way (2020) Overflow (2021) Sound of Heaven (2021)
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "VGMA 2021: Full List OF Winners At Vodafone Ghana Music Awards 2021". Happy Ghana. 27 June 2021. Retrieved 22 June 2022.
[2] "2022 VGMAs: Celestine Donkor grabs 3 nominations with 'Favour Everywhere'". GhanaWeb. 6 April 2021. Retrieved 22 June 2022.
[3] "Meet Efe Grace, a worshipper with beauty". GhanaWeb. 13 July 2020. Retrieved 22 June 2022.
[4] "Why I Chose Doing Gospel Music Above My Banking & Finance Degree – Efe Grace". Pledge Multimedia. 25 June 2020. Retrieved 22 June 2022.
[5] "Why I stopped singing with Becca – Efe Grace". Ghana Music. 11 August 2020. Retrieved 22 June 2022.
[6] "VGMA 2021: Efe Grace Receives Two Nominations". Gospel2Me. 8 April 2021. Retrieved 22 June 2022.
[7] Amoateng, Comfort (1 March 2020). "VGMA 2020: Sensational Gospel Artiste Efe Grace is Nominated As Female Vocalist". Gospel2Me. Retrieved 22 June 2022.
[8] "Efe Grace Receives Female Vocalist of The Year Nomination at 3music Awards 2021". Gospel2Me. 13 February 2021. Retrieved 22 June 2022.
[9] "3Music Awards 2021: All the winners". Music in Africa. 29 March 2021. Retrieved 22 June 2022.
[10] "Efe Grace Bags 2 Nominations at VGMA 2021". Gospel Spotlight GH. 6 April 2021. Archived from the original on 6 April 2021. Retrieved 22 June 2022.
[11] "3Music Awards 2022: All the nominees". Music in Africa. 14 February 2022. Retrieved 22 June 2022.
[12] "Efe Grace, Yaa Yaa spice up 3 Music Women's Brunch with breathtaking performances". Ghana Music. 9 March 2021. Retrieved 22 June 2022.