Jump to content

Eko Hotels and Suites

Go tswa ko Wikipedia

Dihotele le Di-Suite tsa Eko ke hotele ya dinaledi tse tlhano ya lefelo la dikopano kwa Lagos.[1][2][3][4]

Eko Hotels and Suites
Eko Hotels & Suites Building
General information
AteresePlot 1415 Adetokunbo Ademola Street, PMB 12724, Victoria Island, Lagos, Lagos State, Nigeria
Coordinates6°25′21.108″N 3°25′37.927″E / 6.42253000°N 3.42720194°E / 6.42253000; 3.42720194Coordinates: 6°25′21.108″N 3°25′37.927″E / 6.42253000°N 3.42720194°E / 6.42253000; 3.42720194
Opening1977; 49 years ago (1977)
Design and construction
LandlordChagoury Group
ArchitectOluwole Olumuyiwa[5]
Rooms825[6][7]

E tlhomilwe ka 1977[8] jaaka Èkó Holiday Inn[9] mme e agilwe mo Setlhaketlhakeng sa Victoria, ke hotele e kgolo go gaisa tsotlhe kwa Nigeria. E tlhamilwe ke moagi wa dipolane Oluwole Olumuyiwa ka tirisanommogo le Maamerika.[10] Morago ga moo e ne ya bidiwa Hotele le Di-Suite tsa Le Meridien Eko, kwa Lagos. Hotele ya Eko Le Meridien ke karolo ya Setlhopha sa dikhamphani tsa Chagoury.[11] Ka Lwetse 2024, kgaolo ya Lagos ya Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Ditheo tsa Maeto tsa Nigeria (NANTA) e ne ya dira tumalano e e neng e solegela botlhe molemo le hotele go bontsha bojanala jo bo tseneletseng jwa Nigeria mo lefatsheng.[12]

Dihotele le Diphaposi tsa Eko Tswa

[fetola | Fetola Motswedi]

Moago wa hotele o na le diphaposi le di-suite di le 825[13][14]mo dikago tse nne tsa matlhatlaganyane a mantsi, tse di apereng bosweu tse di nang le pono ya Lewatle la Atlantic le Letsha la Kuramo.[15]Hotele e e neng e le gaufi le mafelo a tsa madi a Setlhaketlhake sa Lagos: Setlhaketlhake sa Victoria.[16] Dihotele tsa Eko le Di-Suite di na le hotele e nngwe kwa Port Harcourt e e bidiwang Hotele ya Moporesidente.

Ditiragalo

[fetola | Fetola Motswedi]

Dihotele le Di-Suite tsa Eko di na le Lefelo le legolo la Dikopano kwa Nigeria.[17][18]Ditiragalo tse di diragetseng kwa hoteleng di akaretsa; dikhonsarata, dipontsho tsa ntlha tsa dibaesekopo, dipontsho tsa boditšhabatšhaba, manyalo, dikhonferense [19] le meletlo ya Diawate. Lefelo la Dikopano gantsi le dirisediwa ditiragalo tseno mme le ka amogela batho ba le 6 000.[20]

Diresetšhurente

[fetola | Fetola Motswedi]

Go na le diresetšhurente le dibara di le robedi mo teng ga lefelo la hotele:[21]

  • Resetšhurente ya Sky le Terrace e e mo Borulelo jwa hotele.[22]
  • Resetšhurente le Bara ya Crossroads Tex Mex e e direlang Dijo tsa Mexico.
  • 1415 Resetšhurente ya Sentadiana, e e kwa Eko Signature e e dirang ka dijo tse di monate tsa Sentadiana.
  • Kuramo Sports Café e direla dijo tsa kontinente le tsa selegae ka buffet e e tletseng.
  • Resetsurent ya Red Chinese e e mo marulelong ka fa morago ga Senthara ya Dikopano ya Eko.[23]
  • Resetšhurente ya Lagoon Breeze e gape e itsegeng ka Labotlhano wa yone wa BBQ.[24]
  • "Ntlo ya Nama" e e kwa EKo Suites
  • Calabash Bar, e leng bara e e bulegileng e e dirilweng ke Kuramo Sports Cafe e rekisa dino tse di kgethegileng le dino tse dingwe.[25][26][27]
  1. ↑ "Eko Hotels builds Signature with N2.5bn". The Vanguard. December 10, 2013. Retrieved April 4, 2016.
  2. ↑ African Cities Driving the NEPAD Initiative. UN-HABITAT, 2006. 2006. p. 258. ISBN 9789211318159.
  3. ↑ Angela Uponi (2007). Handbook on tourism and hospitality in southwestern Nigeria. GSL Publishers. ISBN 9789780793593. Retrieved May 4, 2015.
  4. ↑ Angela Uponi (2007). Handbook on tourism and hospitality in southwestern Nigeria. GSL Pub. p. 69. ISBN 9789780793593.
  5. ↑ B Prucnal Ogunsote. "The International Style in Nigeria" (PDF). Journal of Environmental Technology. Archived from the original (PDF) on November 11, 2016. Retrieved November 6, 2016.
  6. ↑ "Eko Hotels builds Signature with N2.5bn". The Vanguard. December 10, 2013. http://www.vanguardngr.com/2013/12/eko-hotels-builds-signature-n2-5bn/.
  7. ↑ Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named "news".
  8. ↑ Kaye Whiteman (2013). Lagos: A Cultural and Literary History Volume 5 of Landscapes of the Imagination. Andrews UK Limited. ISBN 978-1-908-4938-97.
  9. ↑ The African Guardian. Guardian Magazines. 1990. p. 38. Retrieved April 6, 2016.
  10. ↑ B Prucnal Ogunsote. "The International Style in Nigeria" (PDF). Journal of Environmental Technology. Archived from the original (PDF) on November 11, 2016. Retrieved November 6, 2016.
  11. ↑ "Tinubu visits Gilbert Chagoury over first son's death in Paris". News of the people. Retrieved April 6, 2016.
  12. ↑ Emelike, Obinna (2024-10-04). "NANTA Lagos partners Eko Hotels to showcase hospitality potential". Businessday NG. Retrieved 2024-10-14.
  13. ↑ "Eko Hotels builds Signature with N2.5bn". The Vanguard. December 10, 2013. Retrieved April 4, 2016.
  14. ↑ Justina Ikoanu (April 18, 2014). "Fashola hails job-creating potential of Eko Hotel, tourism". Newswatchtimes. Archived from the original on April 15, 2016. Retrieved April 4, 2016
  15. ↑ "Eko Hotels builds Signature with N2.5bn". The Vanguard. December 10, 2013. Retrieved April 4, 2016.
  16. ↑ African Cities Driving the NEPAD Initiative. UN-HABITAT, 2006. 2006. p. 258. ISBN 9789211318159.
  17. ↑ Demola Ojo (October 21, 2012). "Nigeria: Eko Hotel's Attraction". AllAfrica.
  18. ↑ "THE TOP FIVE MOST EXPENSIVE EVENT VENUES IN LAGOS". Encomium. April 6, 2015. Retrieved April 3, 2016.
  19. ↑ Justina opanku (April 19, 2013). "Eko Hotel opens door to art world". Newswatchtimes. Archived from the original on 2016-04-17.
  20. ↑ Angela Uponi (2007). Handbook on tourism and hospitality in southwestern Nigeria. GSL Publishers. ISBN 9789780793593. Retrieved May 4, 2015
  21. ↑ Adeleke Ajayi (November 4, 2014). "Eko Hotel to build more restaurants, says official". News Agency of Nigeria. Archived from the original on November 15, 2014. Retrieved April 4, 2016.
  22. ↑ Damilola Bodunrin. "Eko Hotel, Radisson Blu, Oriental, The Wheatbaker, others for Club, Bar and Restaurant Awards". Nigerian Entertainment Today. Retrieved April 3, 2016.
  23. ↑ Peter Babafemi. "Red Chinese Restaurant, the ultimate oriental experience". Daily Times. Retrieved April 3, 2016.
  24. ↑ Demola Ojo (October 21, 2012). "Nigeria: Eko Hotel's Attraction". AllAfrica.
  25. ↑ Angela Uponi (2007). Handbook on tourism and hospitality in southwestern Nigeria. GSL Publishers. ISBN 9789780793593. Retrieved May 4, 2015.
  26. ↑ "Welcome to the Eko Hotels & Suites Unisex Salon, Spa & Gym – Giving You a Luxuriously Holistic Hospitality Experience". Bella Naija. Retrieved May 4, 2015.
  27. ↑ Angela Uponi (2012). The Report: Nigeria 2012. Oxford Business Group. ISBN 9781907065668. Retrieved April 6, 2016.