Jump to content

Elaine Thompson-Herah

Go tswa ko Wikipedia
Elaine Thompson-Herah
Thompson-Herah in 2015
Personal information
Born (1992-06-28) 28 June 1992 (age 32)
Manchester, Jamaica[1]
Height1.68 m (5 ft 6 in)
WeightTempolete:Cvt[1]
Sport
CountryJamaica
SportTrack and Field
Event(s)60m, 100m, 200m
College teamUTech
ClubElite Performance Track Club (2023-present) New Era Track Club (2022–2023), MVP Track Club (2012–2021)
Coached byReynaldo Walcott (2023-present)
Shanike Osbourne (2023)
Derron Herah (who is also her husband) (2021–2023)
Stephen Francis (2012–2021)[2]
Achievements and titles
World finals
Olympic finals

Elaine Sandra-Lee Thompson-Herah (yo o tshotsweng ka Seetebosigo a le masome mabedi le borobabobedi ka 1992)[3][4] Ke motabogi wa mabelo a makhutshwane wa kwa Jamaica yo o gaisanang mo mabelong a sekgele sa 60m, 100m le 200m. O itsiwe e le mongwe wa batabogi ba mabelo a makhutshwane yo o tlotlegang ga golo wa nako tsotlhe, ke mmampodi wa Diolimpiki ga tlhano, mosadi yo o bonako go gaisa yo o mo botshelong mo 100 m, le go nna wa boraro mo lebelong la 200m.

Thompson-Herah ke motabogi yo o lebelo wa ntlha ka fa basading, gape e le motabogi wa mabelo a makhutshwane wa bobedi morago ga ga Usain Bolt, go fenya "sebedi sa mabelo a makhutshwane" kwa Diolimpiking tse di latelanang, a fenya mabelo a sekgele sa 100 m le 200 m kwa 2016 Rio Olympics, le go sireletsa bommampodi ka bobedi kwa 2020 Tokyo Olympics. Mofenyi wa dietsele di le thataro tsa diolimpiki wa dingwaga di le thataro, o ne a itshupa botlhaga mme a tuma kwa dikgaisanong tsa 2015 World Athletics Championships, a fenya seetsele sa selefera, le go nna, ka nako eo, motabogi wa botlhano ka fa basading mo ditsong. Ngwaga o o latelang kwa diolimpiki tsa Rio, o ne a nna mosadi wa ntlha fa esale Florence Griffith-Joyner ka 1988 go fenya digauta tsa lobelo la 100 m le 200 m kwa Diolimpiking.

Morago ga diolimpiki tsa Rio, Thompson-Herah, o ne a nna le kgobalo ya mosifa wa Achilles, e e neng ya ama tiro ya gagwe kwa metshamekong ya Lefatshe ya 2017 le metshameko ya lefatshe ya 2019. Le fa go ntse jalo, o ne a boela kwa setlhoeng sa mabelo kwa metshamekong ya Tokyo, a boloka leina la gagwe mo 100 m a tlhoma rekote e ntsha ya Olimpiki ya 10.61, le bommampodi jwa gagwe mo 200 m mo rekotong e ntsha ya gagwe le ya bosetshaba ya 21.53. Morago ga go fenya seetsele sa gauta sa boraro mo lebelong la neelano la 4 × 100 m, o ne a nna motabogi wa boraro fa morago ga Griffith-Joyner le Bolt go wetsa lobelo lwa seraro sa mabelo a makhutshwane a diOlimpiki.


Ka 2021 Prefontaine Classic, Thompson-Herah o ne a tlhoma rekote e nngwe ya gagwe e e gaisang ya 100 m, Jamaica le Diamond League ya 10.54 s, e nna mosadi wa ntlha go roba sekgoreletsi sa 40 km/h, morago ga moo e ne ya taboga dinako tsa 10,64 s le 10.65 s.Mo setlheng seo o ne a tlhophiwa Laureus Sportswoman of the Year, le World Athletics World Female Athlete of the Year. E le motabogi wa kgaisano e e gaisang thata mo lefatsheng, ke mmampodi wa 100 m kwa 2019 Pan American Games le go fenya Diamond League tse tharo. Ka 2022, motabogi wa Amerika wa pele, mo mabelong a makhutshwane, Michael Johnson o ne a bitsa Thompson-Herah le motabogi ka ene Shelly-Ann Fraser-Pryce, fa e le batabogi ba basadi ba mabelo a makhutshwane ba ba gaisang ba nako tsotlhe.[5]

  1. 1.0 1.1 "Athletics | Athlete Profile: Elaine Thompson". gc2018.com. Archived from the original on 22 June 2022. Retrieved 7 May 2022.
  2. "Queen Elaine ruled in 2021". The Gleaner. 2022-01-04. Retrieved 2022-01-04.
  3. "Elaine THOMPSON-HERAH – Athlete Profile". World Athletics. Retrieved 22 February 2025.
  4. "NATIONAL HONOURS AND AWARDS (2021)". Office of the Prime Minister. 6 August 2021. Retrieved 22 February 2025.
  5. Johnson, Michael (18 July 2022). "Column: 'Shelly-Ann Fraser-Pryce amazing as 100m final lives up to expectation'". BBC Sport. Archived from the original on 3 January 2023. Retrieved 22 February 2025.