Elijah Ngurare
| Motlotlegi Elijah Ngurare | |
|---|---|
Ngurare ka 2025 | |
| Tonakgolo wa Namibia | |
| Assumed office Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2025 | |
| President | Netumbo Nandi-Ndaitwah |
| Deputy | Natangwe Ithete |
| Pele Ga Gagwe | Saara Kuugongelwa |
| Mokwaledi mogolo wa lekgotla la banana la SWAPO | |
| In office 2007–2015 | |
| Pele Ga Gagwe | Paulus Kapia |
| Morago Ga Gagwe | Veikko Nekundi |
| Mokwaledi wa phatlalatso mafoko | |
| In office 2002–2007 | |
| Morago Ga Gagwe | Job Amupanda |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Elijah Tjitunga Ngurare 1970 Phalane a le masome mabedi le borobabobedi Nkurenkuru, Kavango |
| Mosetshaba wa | Namibian |
| Mokgatlho | SWAPO |
| Mo/Bakapelo | Albertina Mbute Ngurare |
| Bana | ba le bane |
| Bonno | Windhoek |
| Alma mater | Central State University, University of Dundee, University College Cork |
Tjitunga Elijah Ngurare (o o tshotsweng ka Phatwe a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 1970) ke mopolotiki wa kwa Namibia, gape ke morutuntshi o e leng tonakgolo ya Namibia ya gompieno. Ke leloko le mo ema nokeng wa SWAPO, phathi e e busang ya Namibia, o tlhatlogile maemo ka go simolola kwa lekgotleng la banana la SWAPO,pele a bereka e le mokwaledi wa ditlhaeletsanyo, go gasa mafoko le go gwetlha batho go tswa ka 2002,pele ga a nna mokwaledi mogolo ka 2007. O nnile mo maemong a go fitlhelela ka 2015, fa a ne a lelekwa mo phathing.
O berekile e le morutuntshi kwa University of Namibia morago a nna mookamedi wa lephata la temothuo, Ka Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2025,tautona Netumbo-Nandi Ndaitwah o ne a mo thapa go nna tonakgolo wa lefatshe la Namibia.
Botshelo jwa a le mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Ngurare o tshotswe ka Phatwe a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 1970 kwa Nkurenkuru kwa Kavango, kwa e neng e le South West Africa ka nako eo, mo lolwapeng lwa boesengmang ka nako ya ntwa ya molelwane wa Aforika Borwa.[1] Rraagwe o ne a na le basadi ba bangwe ba le bane, mmaagwe e le ene o mmotlana mo botsalanong joo. Fa a le mosimanyana, o ne a tlhokomela dikgomo tsa ga rraagwe le dipudi jaaka basimane ba bangwe ka nako eo. Ke ene a motona mo baneng ba ga mmaagwe ba ba borobabongwe.
Ngurare o tsene sekoll kwa ELCIN Nkurenkuru,Linus Shashipapo,Rundu le Kolin Foundation kwa Arandis,[2][3] o ne a ya go tsweledisa dithuto kwa Central State University kwa Ohio (USA) ka thuso ya madi ya ga tautona. O alogile ka maemo a a kwa godimo ka degree ya metswedi ya metsi le go e tlhokomela gammogo le botsalano jwa mafatshe. O ne a ya go dira dithuto tsa molao kwa University of Dundee kwa Scotland kwa a neng a dirisa dithuso tsa madi tsa chevening, a dira gape PhD kwa National University of Ireland ka 2009.
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Ditiro tsa ga Ngurare tsa sepolotiki di simologile ka 1983 fa a tsena sekolo kwa Nkurenkuru le kwa Linus Shashipapo, kwa a neng a le moithuti fa go tlhamiwa lekgotla la baithuti ka 1984. O nnile leloko la SWAPO ka 1986, a nna mo maemong a a farologaneng ebile a le matlhagatlhaga mo boeteleding pele jwa makgamu, makgotla le dikgaolo tsa lekgotla la banana la SWAPO. Morago ga go fetsa sekolo se segolwane. Ngurare o ne a kopa dithuso tsa madi go ya sekolong kwa moseja, o ne a kopa le mo go tonakgolo wa nako eo Hage Geingob ka 1992, mme go bolelwa fa a ne a seka a dumelelwa. O ne a kgona go dira dithuto tsa gagwe kwa United States, kwa a feditseng dingwaga di le lesome.[4]
Fa a boa, o ne a tsenelela polotiki gape, a nna mongwe wa mapolotiki a Namibia a a itseng ka maranyane. Ka nako e bontsi bo neng bo ikaegile ka go tseelwa dikgang tsa botlhokwa ke bakwaledi, o ne a kwala tsa gagwe mo khomputirang ebile o sale a amogela go dirisa maranyane, a a dirisa go tsisa lekgotla la banana gautshwane le banana ba Namibia. Ka ngwaga wa 2004, ka fa a neng a itebaganya le sepolotiki ka teng go ne go kgatlhile bananan. O ne a thapa diopedi di tshwana le Gazza, The Dogg le Gal Level go diragatsa kwa meletlong ya SWAPO.[5]
Ka ngwaga wa 2015, o ne a latlhegelwa ke maemo a gagwe a bokwaledi,a kobiwa mo SWAPO ene le motlhami wa Affirmative Repositioning Job Amupanda go bo ba gogile leina la phathi mo seretseng ba bo ba roga baeteledipele ba phathi.[6] O ne a busediwa kwa SWAPO morago ga ditsheko tse dintsi ka 2017. O ne a nna mookamedi wa metswedi ya metsi a legae ka Mopitlo 2020 mo lephateng la temothuo.[7] Ngurare o berekile gape e le mothusa mookamedi wa lephata leo. O nea ithola marapo mo maemong ao ka Morule a le malatsi a marataro ngwaga wa 2024 go ya palamenteng.[8] Mothusa tautona wa SWAPO Netumbo Nandi-Ndaitwah o ne a mo tlhopha go nna mo lenaaneng la go ya palamenteng.[9] Morago ga go fenya ditlhopho ga SWAPO ka 2024, Ngurare o ne a tlhomiwa tonakgolo wa Namibia ka Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2025.
Tsa kgwebo
[fetola | Fetola Motswedi]O berekile a le mo lekgotleng l baokamedi kwa koporaseng ya Namdeb Diamond[10], Namdeb Holdings, Africa Online, Multichoice Namibia, Kalahari H oldings le Namibia Water Corporation.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ngurare o nyetse Dr. Albertina Mbute Ngurare. Ba na le bana ba le bane. Ke Mokeresete o o tsenang kereke ya Lutere, ebile a ya kerekeng kgapetsakgapetsa.
Kwa ntle ga tsa sepolotiki, e ne e le leloko la setlhopha sa diopedi sa Rasta Rebels kwa Kaisosi, Rundu ka dingwaga tsa 1980.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Dr. Ngurare Interview". Archived from the original on 2013-04-13. Retrieved 2025-10-16.
- ↑ "University College Cork (UCC): Faculty of Law". www.ucc.ie. Archived from the original on 2009-09-23.
- 1 2 Mongudhi, Tileni (25 March 2022). "The Nine Lives of Elijah Ngurare". The Namibian. pp. 1, 7. Archived from the original on 13 April 2022. Retrieved 16 October 2025.
- ↑ "The Nine Lives of Elijah Ngurare". The Namibian Investigative Unit. The Namibian. Retrieved 16 October 2025.
- ↑ "The Nine Lives of Elijah Ngurare". The Namibian Investigative Unit. The Namibian. Retrieved 16 October 2025.
- ↑ "The Nine Lives of Elijah Ngurare". The Namibian Investigative Unit. The Namibian. Retrieved 16 October 2025.
- ↑ Marketing, Intouch Interactive (3 February 2020). "Ngurare to join agri ministry as director - Government - Namibian Sun". www.namibiansun.com. Retrieved 2025-10-16
- ↑ Matthys, Donald (2024-12-06). "Ngurare resigns from public service following Swapo's election victory". The Namibian. Retrieved 2025-10-16
- ↑ Shikololo, Aletta (2024-09-10). "Swapo pot burns old guard…as electoral college delivers a mixed stew - New Era". Retrieved 2025-10-16
- ↑ "Leadership Structure". NamDeb Diamond Corporation. Archived from the original on 2012-10-17. Retrieved 2025-10-16