Jump to content

Elinor Sisulu

Go tswa ko Wikipedia
Elinor Sisulu
Tsalo
Elinor Batezat

Alma materUniversity of Zimbabwe International Institute of Social Studies
TiroMokwadi le molwela ditshwanelo
Notable work
Walter and Albertina Sisulu: In Our Lifetime
MosadiMax Sisulu
O fetheletseNoma Award for Publishing in Africa

Elinor Sisulu (o a neng a fana ka Batezat pele) ke mokwadi wa kwa Aforika Borwa le motlhami wa lekgotla la Puku Children's Literature Foundation. O ne a fiwa setsele sa Chevalier de L'Ordre des Artes et des Lettres ke puso ya France le seetsele sa UNESCO King Sejong.

Botshelo jwa a le mmotlana le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a tsholwa o ne a fiwa leina la Elinor Batezat,[1] kwa Salisbury, Rhodesia (kwa e leng Harare, Zimbabwe gompieno), ke batsadi Francis Bazetat le Betty Stuhardt, o e neng e le morwadia George Stuhardt. [2]Elinor o goletse kwa Bulawayo. O tsene sekolo kwa University of Zimbabwe, kwa United Nations Institute for Economic Planning and Development kwa Dakar, Senegal le International Institute of Social Studies kwa The Hague. Fa a le kwa Holland o ne a kopana le Max Sisulu, o a tla nyalanang le ene mo tsamaong ya nako.[3][4]

Tiro ya go lwela ditshwanelo

[fetola | Fetola Motswedi]

O berekile e le mosekaseki wa itsholelo wa lephata la pereko kwa Zimbabwe. Go tswa ka 1987 go tsena 1990, o ne a bereka kwa ofising ya Lusaka la International Labour Organisation. Sisulu o ne a boela Johannesburg, Aforika Borwa le lolwapa lwa gagwe ka 1991 morago ga go fela ga puso ya tlhaolele. O berekile thata e le mokwadi le morulaganyi o o ikemetseng go tswa ka 1991 go tsena 1998.[3]

Sisulu o thusitse go tlhama Crisis Coalition of Zimbabwe, o berekela kwa ofising ya lone kwa Johannesburg. O rulagantse dipego tsa lekgotla la ditlhopho la Independent Electoral Authority of South Africa le World Food Programme. O rulagantse bokopano jwa Themba Lesizwe jwa Civil Society and Justice Zimbabwe, jo bo neng bo tshwaretswe kwa Johannesburg ka 2003.[3]

Sisulu ke leloko la Open Society Initiative for Southern Africa.[5]

Tiro ya go kwala

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1994, Sisulu o ne a kwala buka ya bana e bidiwa The Day Gofo Went to Vote, e e buang ka ditlhopho tsa ntlha tsa 1994 morago ga puso ya tlhaolele tsa kwa Aforika Borwa. Ka ngwaga wa 2022, o ne a gatisa buka ya botshelo jwa batsadi ba monna wa gagwe, e bidiwa Walter and Albertina Sisulu: In Our Lifetime,[6] e e neng ya amogela seetsele sa Noma sa kgatiso mo Aforika, gape o ne le a mo maemong a bobedi a seetsele sa Sunday Times sa Alan Paton Non-Fiction Award.[5][7]

Dikgatiso tsa gagwe tse dikhutshwane di akaretsa "A different kind of holocaust: a personal reflection on HIV/AIDS" e e neng e gatisitswe mo African Gender Institute Newsletter ya bosupa ya University of Cape Town, ka Morule 2000,[3] [8]le "The 50th anniversary of the 1956 Women's March: a persona recollection" e gatisitswe mo Feminist Africa ka 2006.[9] Sisulu o ne a kwala mafoko a pele a buka ya ga Jestina Mukoko ya The Abduction and Trial of Jestina Mukoko: the Fight for Human Rights in Zimabwe.[10]

Sisulu ke leloko la lekgotla le le rulaganyang meletlo ya botaki, motlhokomedi wa Heal Zimbabwe[3] le modulasetilo wa lekgotla la Book Development Foundation of the Center for the Book kwa Kapa.[2] Ke motlhami le mookamedi wa lekgotla la Puku Children's Literature Foundation.[11][12]

Dietsele le ditlotla

[fetola | Fetola Motswedi]

Buka ya ga Sisulu ya Walter and Albertina Sisulu: In Our Lifetime ya (2002 e amogetse seetsele sa Noma sa buka ya Aforika e e gaisitseng ka 2003.[13]

Mo tirong ya gagwe mo lekgotleng la Puku, puso ya France e ne ya mo atswa ka seetsele sa Chevalier de L'Ordre des Artes et des Lettres le sa UNESCO King Sejong Literacy Prize.[14]

Ka ngwaga wa 2019, o ne a neelwa seetsele sa doctorate ke University of Pretoria.[15]

Ka ngwaga wa 2023, Sisulu o ne a amogela setlankana sa modulasetilo le kopi tsa South African Literary Awards, ka tiro e ntle mo dibukeng tsa bana mo dingwageng di le dintsi e le mokwadi, le mmueledi wa tiriso ya dipuo tsa mo gae, le e le molwela ditshwanelo wa go akaretsa kgonagalo ya go bona dibuka ga bana.[16]

  • The Day Gogo Went to Vote (buka ya bana), ya 1994
  • Walter and Albertina Sisulu: In Our Lifetime, ka 2002

Ditsebe tse di tlhophilweng

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Nelson Mandela Remembered, mo The Observer, ka Morule a le lesome le botlhano ngwaga wa 2013[17]
  • Apprecation: Chenjerai Hove, 1956 - 2015, mo The Observer, Phukwi a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2015[18]
  • Lagos, one long literary and artistic lime, o Johannesburg Review of Books, ka Seetebosigo a le malatsi a matlhano ngwaga wa 2017[19]
  1. Kizilos, Katherine (8 November 2004). "Father who cried freedom". The Age.
  2. 1 2 "Elinor Sisulu". Who's Who Southern Africa. Archived from the original on 8 April 2017. Retrieved 03 December 2025
  3. 1 2 3 4 5 "Elinor Sisulu". African Gender Institute. Archived from the original on 12 December 2013. Retrieved 03 December 2025
  4. Larson, Charles R. (1 February 2002). "Rooted in History - Elinor Sisulu stresses the need for imaginative literature for African children". World and I. Retrieved 03 December 2025 – via The Free Library.
  5. 1 2 "Contributor: Elinor Sisulu, Writer, Human Rights Activist and Political Analyst". The Huffington Post. Retrieved 03 December 2025
  6. Marsh, Jon (4 December 2003). "Walter and Albertina Sisulu: in our lifetime by Elinor Sisulu | Struggle, separation and solidarity". The Independent. Retrieved 03 December 2025
  7. "Feminist Africa Speaks about Writing and Reading as Political Engagement to Elinor Sisulu, Zimbabwean Feminist Writer Whose Biography, Walter and Albertina Sisulu: In Our Lifetime, Was Published in December 2002. The Author Has Received the Noma Prize for the Best African Book in 2003". Feminist Africa (2). 2003. Retrieved 03 December 2025
  8. Quoted in Wallace M. Alston, Michael Welker (eds), Reformed Theology: Identity and Ecumenicity II : Biblical Interpretation in the Reformed Tradition, Volume 2, Wm. B. Eerdmans Publishing, 2007, p. 1.
  9. Sisulu, Elinor (September 2006). "The 50th anniversary of the 1956 Women's March: a personal recollection". Feminist Africa (6): 73–76. ISSN 1726-4596.
  10. "Autobiography: The abduction and trial of Jestina Mukoko; the fight for human rights in Zimbabwe". www.atmm.co.za. Retrieved 03 December 2025
  11. Sisulu, Elinor; Melt Myburgh (7 October 2021). "Elinor Sisulu and Puku's combat against the 'cognitive catastrophe' of illiteracy". litnet.co.za. Retrieved 03 December 2025
  12. "About the Puku Foundation | Our Team". Puku. 2 February 2017. Retrieved 03 December 2025
  13. "About the Puku Foundation | Our Team". Puku. 2 February 2017. Retrieved 03 December 2025
  14. "About the Puku Foundation | Our Team". Puku. 2 February 2017. Retrieved 03 December 2025
  15. Hoosain, Shakira (15 April 2019). "Elinor Sisulu, human rights activist and author, receives UP honorary doctorate". University of Pretoria. Retrieved 03 December 2025
  16. Kaabwe, Melvin (12 December 2023). "Elinor Sisulu Receives SA Literary Award". Puku Children's Literature Foundation. Retrieved 03 December 2025
  17. Sisulu, Elinor (15 December 2013). "Nelson Mandela remembered by Elinor Sisulu". The Observer. Retrieved 03 December 2025
  18. Sisulu, Elinor (26 July 2015). "Obituary | Appreciation: Chenjerai Hove, 1956-2015". The Observer. Retrieved 03 December 2025
  19. "Lagos, one long literary and artistic lime: Etisalat Prize judge Elinor Sisulu reflects on a trip of note". Johannesburg Review of Books. 5 June 2017. Retrieved 03 December 2025