Elizabeth Addo
Elizabeth Addo (yo o tshotsweng ka ngwa wa 1993,kgwedi ya Lwetse e rogwa) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa kwa Ghana yo o tshamekelang setlhopha sa Al-Riyadh sa Saudi. Gape ke mokapotene wa setlhopha sa bosetšhaba sa kgwele ya dinao sa basadi sa Ghana.[1]
Tiro ya setlhopha
[fetola | Fetola Motswedi]Addo o simolotse tiro ya gagwe kwa Ghana, a tshamekela setlhopha sa Tesano Ladies F.C. ka 2003 mme moragonyana a saenela Athleta Ladies F.C e e bidiwang "Ashaiman Ladies" e e neng e le kwa Ashaiman ka ngwaga wa 2007–2012. [2]O ne a fetsa dipaka di le mmalwa koo mme moragonyana a tsenelela setlhopha se segolo sa Nigeria sa Rivers Angels F.C. go tloga ka 2012 go fitlha ka 2014. Tiragatso ya gagwe e thusitse setlhopha go fenya Liki ya Kgwele ya Dinao ya Basadi ya Nigeria ya 2012–13 le Liki ya Kgwele ya Dinao ya Basadi ya Nigeria ya 2013–14 a le ka fa tlase ga motsamaisi wa Rivers Angels F.C. Edwin Okon. Basadi ba Port Harcourt, ba ne ba oketsa ketapele gabedi mo motsotsong wa bo masome matlhano le borataro morago ga motshameko o montle mo lebokosong la Amazon la dijarata di le lesome le boferabobedi o o neng wa nosiwa ke Addo.[3][4]
Addo o ne a boela kwa Ghana ka 2014 mme moragonyana a tsenelela setlhopha sa ŽFK Spartak Subotica kwa Serbia ka one ngwaga oo.[5]
Ferencvárosi TC, 2015–16
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2015, Addo o ne a boela kwa Yuropa mme a kopanela le setlhopha se segolo sa Hungary sa Ferencvárosi TC kwa Budapest kwa Hungary.[6] O ne a le karolo e e botlhokwa ya setlhopha sa ntlha ka fa tlase ga motsamaisi Balázs Dörnyei mme a fenya sekgele sa liki ya Női NB I ya Hungary ya 2015–16 le Sejana sa Basadi sa Hungary ka 2016.[7]
Addo o ne a tsewa e le mongwe wa batshameki ba bararo ba ba kwa godimo ba setlhopha. O tshamekile metshameko e le masome a mabedi le bosupa ya liki mme a nosa dino di le lesome le bosupa go thusa setlhopha sa gagwe go fenya sekgele sa Liki ya Női NB I ya Hungary.[8]O ne a nosa nno ya go lekalekanya mo motsotsong wa bo 89 kgatlhanong le moganetsi wa MTK e e neng ya fetola mola wa dino Ferencvárosi TC 1–1 MTK. Nno ya gagwe ya go lekalekanya e ne ya thusa setlhopha sa gagwe go tshwanelegela makgaolakgang a Sejana sa FA sa Hungary ka diphenalethi. O ne a tshamekela setlhopha sa gagwe metsotso e e tletseng e le masome a le boferabobedi go fenya Honved ka 5-0 mo makgaolakgannyeng.[9]
Addo o ne a tshamekela Club Ferencváros mo Liking ya Basadi ya UEFA ya 2015–16 mme a tsaya maemo a bobedi ka nako ya kgato ya ditlhopha.[10]Ka 2016, Addo e ne e le mongwe wa batshameki ba le bararo ba ba neng ba tlhophilwe go bona awate ya Motshameki wa Kgwele ya Dinao wa Basadi wa Ngwaga wa Női NB I wa 2015–16.[11][12]
Kvarnsvedens IK, 2016–2017
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Phatwe 2016, setlhopha sa Kvarnsvedens IK sa Liki ya Damallsvenskan se ne sa saena Addo yo o neng a tsenetse setlhopha ka phetisetso ya mahala.[13] Addo o tshamekile metshameko e le 8 mo liking, kwa a neng a nosa dino di le 5 mo Kvarnsvedens IK. O ne a tshwailwe leina la gagwe mo Sweden Damallsvenskan Best XII ya kgwedi ya Lwetse 2016.
Seattle Reign and loan to Western Sydney Wanderers, 2018
[fetola | Fetola Motswedi]Addo o ne a saenile konteraka ya go tsenela Boston Breakers mo NWSL, le fa go ntse jalo Breakers e ne ya menagana pele ga paka ya 2018.[14]O ne a tlhophiwa ke Seattle Reign mo Tlhatlhobong ya go Phatlalatsa ka tlhopho ya boferabobedi.[15]
Ka ngwaga wa 2018 ,kgwedi ya la 11 Diphalane e tlhola malatsi lesome le bongwe 2018, Addo o ne a saeniwa ka kadimo go Wanderers ya Bophirima jwa Sydney mo pakeng ya W-League ya 2018–2019.[16]
Jiangsu Suning
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Moranang 2019, setlhopha sa Liki ya Basadi ya China sa Jiangsu Suning se ne sa mo saena mo tumalanong ya ngwaga o le mongwe morago ga go kgaogana le Seattle Reign morago ga gore konteraka ya gagwe e fele kwa a neng a kopanela le molekane wa gagwe wa pele wa setlhopha, Tabitha Chawinga kwa tlelapong ya Sweden ya Kvarnsvedens.[17][18][19]Go nna ga gagwe le tlelapo go ne ga fela ka bonako go feta ka fa go neng go tshwanetse ka teng ka maswabi ka ntlha ya leroborobo la COVID-19 ka ngwaga wa 2020. Fa a ne a le kwa tlelapong o ne a tshameka metshameko e le lesome le bone, a nosa makgetlo a le tlhano le go thusa dino di le lesome.[20] Mo nakong e khutshwane eo le setlhopha o ne a gapa dijana di le nne, Super League ya Basadi ya China, Sejana sa FA sa Basadi, Kgaisano ya FA le Sejana sa Super sa Basadi.[20] [21]Addo e ne e le karolo ya konokono ya setlhopha se se neng sa tsaya maemo a bobedi mo Kgaisanong ya ntlha ya Ditlhopha tsa Basadi tsa AFC mo pakeng ya gagwe ya ntlha.[22]
Apollon Ladies
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga go tshameka ngwaga o le mongwe mo Liking ya Basadi ya China Addo, o ne a saenela setlhopha sa maemo a a kwa godimo sa Cyprus sa Apollon Ladies FC ka 2020.[1][23]Addo o ne a tshameka lekgetlo la ntlha mo setlhopheng sa Cyprus sa Apollon Ladies FC ka kgwedi ya Ngwanatsele a tlhola malatsi a le mane ka ngwaga wa 2020 fa ba ne ba fenya Swansea Ladies ka 3-0 mo tikologong ya ntlha ya go tlhopha ya Liki ya Basadi ya UEFA.[24]
North Carolina Courage, 2021
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2021, kgwedi ya Ferikgong e tlhola malatsi a le lesome le boferabobedi, Addo o ne a boela kwa United States morago ga go fudugela kwa setlhopheng sa setšhaba sa Liki ya Kgwele ya Dinao ya Basadi sa North Carolina Courage ka tumalano ya ngwaga o le mongwe, ka kgetho ya go okelediwa dikgwedi di le lesome le bobedi.[25][26]
Djurgårdens IF
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Moranang 2021, o ne a nna leloko la Djurgårdens IF.[27]O ne a tlogela setlhopha morago ga setlha.[28]O ne a tshameka metshameko e le masome a mabedi mme a nosa nno e le nngwe kwa Damallsvenskan mo setlhopheng.[29]
Beşiktaş
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2022,kgwedi ya Mopitlwe, Addo o ne a saenela setlhopha sa Turkey sa Beşiktaş.[30]
Al Hilal
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2022 , kgwedi ya Sedimonthole, Addo o ne a tsenela setlhopha sa Liki ya Basadi ya Saudi sa Al Hilal.[31]
Tiro ya boditšhabatšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]Setlhopha sa basha
[fetola | Fetola Motswedi]Addo e ntse e le motshameki wa boditšhabatšhaba yo o feletseng wa Ghana fa e sa le ka ngwaga wa 2007 . Fa a le dingwaga di le 14 , o ne a tshameka le setlhopha sa bosetšhaba sa ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 14 kwa Sejaneng sa Lefatshe sa Basadi sa FIFA U-14 sa 2007 se se neng se tshwaretswe kwa Switzerland mme a nna moeteledipele wa setlhopha go ya kwa makgaolakgannyeng mme kwa bofelong a nna bommampodi .
O ne a le mokapotene wa Ghana kwa Sejaneng sa Lefatshe sa Basadi sa FIFA sa U-17 sa 2008 se se neng se tshwaretswe kwa New Zealand mme e ne e le motlatsa mokatisi wa setlhopha sa basadi sa Ghana sa U-17 (Black Maidens) kwa Sejaneng sa Lefatshe sa Basadi sa FIFA sa U-17 sa 2010 sa 2010.[32][33]Addo e ne e le karolo ya setlhopha sa setšhaba se se neng se gaisana mo Sejaneng sa Lefatshe sa Basadi sa FIFA U-20 sa 2010 se se neng se tshwaretswe kwa Jeremane[34] mme a gaisana kwa Sejaneng sa Lefatshe sa Basadi sa FIFA U-20 sa 2012 se se neng se tshwaretswe kwa Japane.[35]
Setlhopha se segolo
[fetola | Fetola Motswedi]Gape o ne a le karolo ya setlhopha sa bosetšhaba se se neng se gaisana ka 2014 Ditshwanelego tsa Bommampodi ba Basadi ba Aforika.[36][37]O ne a le gareng ga Ghana Squared e e neng e lebagane le Cameroon mo metshamekong ya go tlhopha ya Metshameko ya Diolimpiki ya Rio ya 2016 kwa Lebaleng la Metshameko la Accra -Ghana[38] O ne a tshameka mo motshamekong wa botsalano kgatlhanong le Jeremane ka ngwaga wa 2016,Phukwi a tlhola malatsi a le masome le bobedi. Ka ngwaga wa 2016,Moranang a tlhola malatsi a le lesome le bobedi, o ne a nna le seabe se segolo mo go tlhopheleng Ghana ya Na21 O ne a etelela setlhopha sa Ghana pele jaaka mokapotene go ya kwa maemong a Boraro mo Sejaneng sa Ditšhaba sa Basadi sa Aforika sa 2016.[39]O fentse dikabelo tse pedi tsa monna wa metshameko mme a nosa dino di le 3 mo Kgaisanong go feleletsa e le motshwaradino wa boraro le motshwaradino yo o kwa godimo wa setlhopha sa Ghana.[40]Ka ntlha ya ditiro tsa gagwe kwa kgaisanong o ne a bidiwa mo Setlhopheng sa Kgaisano.[41]O ne a le karolo ya setlhopha sa Ghana kwa Sejaneng sa Ditšhaba sa Basadi sa Aforika sa 2018 se se neng se tshwaretswe kwa Ghana. Ka Mopitlwe 2020, e ne e le karolo ya setlhopha sa Ghana se se neng se tsaya karolo mo Sejaneng sa Basadi sa Turkey sa 2020 se e leng kgaisano ya kgwele ya dinao ya basadi ya taletso ya ngwaga le ngwaga e e tshamekelwang kwa Turkey.[42]O ne a etelela setlhopha pele go fetsa mo maemong a bobedi mo setlhopheng sa bone[43]fa a ntse a tsaya maemo a boraro ka kakaretso mo kgaisanong ya go gapa mmentlele wa boronse le sekgele.[43][44]
Dino tsa boditšhabatšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]| No. | Letsatsi | Lefelo | Moganetsi | Dino | Maduo | Kgaisano |
|---|---|---|---|---|---|---|
| 1. | 12 April 2015 | Rufaro Stadium, Harare, Zimbabwe | Zimbabwe | 2–1 | 2–2 | 2015 African Games qualification |
| 2. | 31 May 2015 | Accra Sports Stadium, Accra, Ghana | Egypt | 3–0 | 3–0 | 2015 CAF Women's Olympic qualifying tournament |
| 3. | 20 November 2016 | Stade Municipal de Limbe, Limbe, Cameroon | Kenya | 2–1 | 3–1 | 2016 Women's Africa Cup of Nations |
| 4. | 23 November 2016 | Nigeria | 1–1 | 1–1 | ||
| 5. | 26 November 2016 | Stade Ahmadou Ahidjo, Yaoundé, Cameroon | Mali | 3–0 | 3–1 | |
| 6. | 3 November 2018 | Nkoloma Stadium, Lusaka, Zambia | Zambia | 2–0 | 2–3 | Friendly |
| 7. | 20 November 2018 | Accra Sports Stadium, Accra, Ghana | Mali | 1–1 | 1–2 | 2018 Women's Africa Cup of Nations |
| 8. | 10 March 2020 | Starlight Sport Complex, Antalya, Turkey | Kenya | 1–0 | 3–1 | 2020 Turkish Women's Cup |
| 9. | 2–0 |
Ditlotla
[fetola | Fetola Motswedi]Rivers Angels
Ferencváros
- Női NB I: 2015–16
- Nöi Magyar Kupa: 2015–16
Jiangsu Suning
- Chinese Women's Super League: 2019
- Chinese Women's FA Cup: 2019
- Chinese Women's FA Tournament: 2019
- Chinese Women's Super cup: 2019
- AFC Women's Club Championship runners-up: 2019
Ghana
- Africa Women Cup of Nations third-place: 2016
- Turkish Women's Cup third-place: 2020
Ka bo ga gagwe
- Africa Women Cup of Nations 2016: Best XI
- Ghana Women's Footballer of the Year: 2019
- Africa Women's Player of the Year 2016: Top 3
- Africa Women's Player of the Year 2018: Top 10
- Africa Women's Player of the Year 2019: Top 10
- IFFHS CAF Women's Team of the Decade: 2011–2020
Tshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]- List of Ghana women's international footballers
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Elizabeth Addo: Black Queens captain joins Cypriot side Apollon Ladies FC". Citi Sports Online. 1 October 2020. Archived from the original on 14 June 2021. Retrieved 29 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-:10-6
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-:12-8
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-:13-9
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-10
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-11
- 1 2 https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-:5-12
- 1 2 https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-13
- 1 2 https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-14
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-15
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-16
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-17
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-18
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-19
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Seattle_Reign
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-21
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-:0-22
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-23
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-23
- 1 2 https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-:1-25
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-:2-26
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-29
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-:8-28
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-29
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-30
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-31
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-32
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-33
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-34
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-35
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-36
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-37
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-:10-6
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-38
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-39
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-40
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-41
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-42
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-:3-43
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-44
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-45
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-46
- 1 2 https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-:6-47
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-:7-48
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Elizabeth_Addo#cite_note-49