Jump to content

Elizabeth Mataka

Go tswa ko Wikipedia
Elizabeth Mataka
Mataka a tseneletse bokopano jwa itsholelo jwa mafatshefatshe ka ngwaga wa 2009
Moemedi wa Aforika wa HIV/AIDS kwa United Nations
In office
Motsheganong a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2007  Phukwi a le lesome le boraro ngwaga wa 2012
Appointed byBan Ki-moon
Pele Ga GagweStephen Lewis

Elizabeth Mataka e ne e le morongwa wa botlhokwa wa HIV/AIDS mo Aforika kwa United Nations, a thapilwe ka Motsheganong a le masome mabedi le motso ngwaga wa dikete pedi le bosupa ke mokwaledimogolo wa UN General Ban Ki-moon, a tlhatlhama Stephen Lewis. O berekile mo maemong a go fitlhelela ka Phukwi a le lesome le boraro ngwaga wa dikete pedi lesome le bobedi. Mataka ke Motswana le monni wa kwa Zambia. O berekile e le mothusa modulasetilo wa lekgotla la letlole la lefatshe (Global Fund) go lwantsha HIV/AIDS, kgotlholo e tona le Malaria.

Botshelo jwa ntlha

[fetola | Fetola Motswedi]

O tsholetswe le go golela kwa Francistown, Botswana, Mataka o ne a fudugela kwa Lusaka kwa bofelong jwa dingwaga tsa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro go ya go ithuta tiro ya loago kwa Yunibesithing ya Zambia. Fa a sena go aloga ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa, o ne a nyalwa. Ona le bana ba le bane, Mataka o ne a thusa go tlhama Children in Distress, e leng thulaganyo e e neng ya thusa baagi go lebana le dikhutsana tsa AIDS.[1]

Tiro ya ntlha

[fetola | Fetola Motswedi]

Mataka o ne a fetsa dingwaga di le masome a mabedi a berekela mo pusong le mo lephateng la mohama o o ikemetseng pele ga a bereka jwa Family Health Trust, e, e leng mokgatlho o monnye o o seng wa puso, e le mookamedi.[1]

  1. 1 2 Schatz, Joseph J (1 December 2007). "Elizabeth Mataka: UN Special Envoy for HIV/AIDS in Africa". Perspectives | profile. The Lancet. 370 (9602). United Kingdom: Elsevier: 1821. doi:10.1016/S0140-6736(07)61762-0. ISSN 0140-6736. OCLC 264193137. PMID 18061045.

Tse di Kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]