Jump to content

Ellen G. White

Go tswa ko Wikipedia

Ellen Gould White (o a neng a fana ka Harmon pele ga a nyalwa; o o tshotsweng ka Ngwanatsele a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 1827 - a tlhokafala ka Phukwi a le lesome le borataro ngwaga wa 1915) e ne e le mokwadi wa kwa America, gape e le moporofita le mongwe wa basimolodi ba kereke ya Sabata. Ene le bateledipele ba bangwe ba kereke ya Sabata, ba tshwana le Joseph Bates le monna wa gagwe James White, ba ne ba na le kgogedi mo setlhopheng se se potlana sa masala a pele a a tlhamileng kereke e e itsegeng e le ya Sabata. White o lebiwa e le moeteledipele wa ditso tsa kwa America tsa go tlhoka go ja nama.[1] Bukana ya dikgang ya Smithsonian e mo supile e le mongwe wa batho ba America ba le lekgolo ba ba nang le kgogedi le thotloetso.[2]

Mokwadi wa botshelo jwa ga White gape e le ngwana wa ngwana wa gagwe, Arthur L. White, o akanyeditse fa a begile fa a amogetse ditiro le ditebelopele di le dikete pedi go tswa kwa Modimong[3] mo pontsheng le mo dikopanong tsa sephiri mo botshelong jwa gagwe ka kakaretso, tse di neng tsa bonwa ke batlhami ba Sabata le setshaba ka kakaretso. O ne a tlhalosa ditiragalo tse le maitemogelo a gagwe ka molomo le ka mokwalo. Batlhami ba Sabata ba ne ba ne dumele fa e le dikai tsa neo ya semoya ya seporofiti, jaaka go kailwe mo lokwalong lwa ga Tshenolo a le lesome le bobedi: temana ya lesome le bosupa[4] le Tshenolo a le lesome le borobabongwe, temana ya lesome;[5] e e supang maitemogelo a ga Jeso e le moya wa ponelopele.

  1. "History of Vegetarianism – Ellen G. White (1827–1915)". ivu.org. Retrieved 20 January 2026
  2. Frail, T. A. (November 17, 2014). "Meet the 100 Most Significant Americans of All Time". Smithsonian. Retrieved 20 January 2026
  3. "Ellen G. White Biography". Ellen G. White Estate. Retrieved 20 January 2026
  4. Revelation 12:17
  5. Revelation 19:10