Jump to content

Ellen Johnson

Go tswa ko Wikipedia

Ellen Johnson (o tshotswe ka ngwaga wa 1955) ke molweladiphetogo wa kwa Amerika wa ditshwanelo tsa batho ba ba sa dumeleng mo Modimong le go kgaogana ga kereke le puso kwa United States. O ne a direla jaaka poresidente ya mokgatlho wa American Atheists go tloga ka ngwaga wa 1995 go fitlha ka ngwaga wa 2008.

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Ellen Johnson o tsholetswe kwa United States ka ngwaga wa 1955. O itlhalosa e le "motho yo o sa dumeleng mo Modimong wa kokomana ya bobedi" botshelo jotlhe jwa gagwe.[1] Thuto ya gagwe e akaretsa dikirii ya bachelor mo dithutong tsa tikologo le saense ya sepolotiki le dikirii ya master mo go tsa sepolotiki go tswa kwa The New School for Social Research. O nyetse mme o na le bana ba le babedi.

Tiro ya botshelo jotlhe

[fetola | Fetola Motswedi]

Johnson o ntse a le matlhagatlhaga mo mokgatlhong wa American Atheists fa e sa le ka ngwaga wa 1978. O ne a nna Tautona ka ngwaga wa 1995 morago ga gore mothei Madalyn Murray O'Hair a nyelele mmogo le morwawe le setlogolo sa gagwe. (Ba ne ba fitlhelwa moragonyana gore ba ne ba thopilwe le go bolawa ke bagolegwa ba le babedi, yo mongwe wa bone, David Waters, o ne a berekela mokgatlho wa gagwe.)[2]

Ka Ngwanatselengwaga wa 2002, Johnson o ne a itsise go tlhamiwa ga Godless Americans Political Action Committee (GAMPAC), PAC go tshegetsa bakgethi ba sepolotiki ba ba tshegetsang go kgaogana ga kereke le puso. Ke ene motsamaisimogolo wa mokgatlho oo. Go tloga ka nako eo PAC e ne ya ipitsa gape "Enlighten the Vote".[3]

Go simologa ka ngwaga 1994, o ne a le motshwaraganyi-mmogo wa The Atheist Viewpoint, lenaneo la thelebišene le le neng le le teng ka ngwaga wa 2003 "mo dithulaganyong di le dintsi tsa thelebišene go ralala naga le mo Internet".[1]

Ka kgwedi ya Sedimontihole ale masome a mabedi(20) ka ngwaga wa 2005, o ne a tlhagelela mo thulaganyong e e kgethegileng ya ABC, "Heaven - Where Is It? How Do We Get There?", e a neng a botsolodiwa ke Barbara Walters ka yone. O ne a tlhagelela mo Larry King Live ka Moranang 2005,[4] Good Morning America ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2005, MSNBC's Scarborough Country ka kgwedi ya Sedimonthole ale lesome le bone (14) ka ngwaga wa 2004,[5]mme a tlhagelela mo Fox News gararo ka kgwedi ya Ngwanatsele le kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2003, le MSNBC's Phil Donahue.[1]

Ka kgwedi ya Motsheganong a thola bobedi (2) ka ngwaga wa 2008, go ne ga itsisiwe mo blog ya American Atheists gore Johnson o ne a tlogela tiro ya gagwe jaaka moporesidente. Ka kgwedi ya Motsheganong ale bosupa(7) ka ngwaga wa 2008, go ne ga itsisiwe phatlalatsa gore Ellen Johnson o ne a tlositswe mo maemong a gagwe ka go bo setlhopha sa batsamaisi se ne se sa dumalane le ene. Lebaka la seno ga le a senolwa.[6] O ne a tlhatlhamiwa ke Frank Zindler.

  1. 1 2 3 "AA Press Release: Ellen Johnson Slated for Donahue/MSNBC". 2003-02-04. Archived from the original on 2011-07-26
  2. Milloy, Ross E. (2001-03-16). "Bodies Identified as Those of Missing Atheist and Kin". The New York Times. ISSN 0362-4331. Retrieved 2023-01-31.
  3. http://enlightenthevote.com/about/ [bare URL
  4. "What Happens After We Die?" transcript; Larry King Live; April 14, 2005
  5. "'Scarborough Country' for Dec. 14". NBC News. 15 December 2004. Retrieved 2023-01-31
  6. "Special Official Statement RE: Ellen Johnson". American Atheists. 2008-05-07. Archived from the original on 2008-05-13