Ellen Kuzwayo
Nnoseng Ellen Khuzwayo ( o o tshotsweng ka Seetebosigo a le masome mabedi le boroabongwe ngwaga wa 1914 a tlhokafala ka Moranang a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 2006) e ne e le molwela ditshwanelo tsa bomme le mopolotiki wa kwa Aforika Borwa, o e neng e le morutabana go tswa ka 1938 go tsena 1952. E ne e le tautona wa lekgotla la banana a African National Congress ka dingwaga tsa 1960. Ka ngwaga wa 1994, o ne a tlhophiwa go ya palamenteng ya ntlha morago ga puso ya tlhaolele kwa Aforika Borwa. Buka ya botshelo jwa gagwe, Call Me Woman (ya 1985), e ne ya fenya seetsele sa CNA Literary Award.
Botshelo jwa a sale mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Tsa lolwapa lwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]A tshotswe ka leina la Nnoseng Ellen Serasengwe[1], kwa Thab Nchu, Orange Free State,[2] Kuzwayo o ne a tswa mo lolwapeng lo lo rutegileng, ebile lo na le seabe mo polotiking. Rraagwemogolo mo lotlhakoreng lwa ga mmaagwe, Jeremiah Makgothi, o ne tserwe ke mmagwe go tswa kwa Orange Free State go ya Kapa go tsena sekolo sa Lovedale Institute pele ga ngwaga wa 1875. O ne a tshwanelega go nna morutabana, a bereka gape e le moranodi mo kgotlatshekelong le moreri wa kereke ya Methodist. Makgothi e ne e le ene fela motho wa tiro ya diatla o a neng a bereka le Robert Moffat mo thanolong ya baebele go e isa kwa puong ya Setswana.[1]
Makgothi le rraagwe Kuzwayo, Phillip S Mefare, ba ne ba le matlhagatlhaga mo sepolotiking. Makgothi e ne e le mokwaledi wa lekalana la South African Native National Congress kwa Orange Free State, Mefare leloko la e e neng y ae tlhatlhama ya African National Congress.
Thuto le pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Kuzwayo o simolotse sekolo kwa sekolong se se neng se agilwe ke Makgothi mo masimong a gagwe kwa Thabapatchoa, di mile di le lesome le bobedi go tswa kwa Tweespruit, Orange Free State. O tsene sekolo sa Adams College kwa Amanzimtoti,[3] a ya go dira thuto ya borutabana kwa Lovedale College kwa Fort Hare, a aloga a le dingwaga di le amsome mabedi le bobedi a simolola tiro yaborutabana.[4] O ne a nyalwa ke Ernerst Moloto a le mo dingwageng tsa masome mabedi, ba na le bana ba le babedi ba basimane, mme lonyalo lo lo ne lo sena boitumelo.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Donald G. McNeil Jr, "Ellen Kuzwayo, Anti-Apartheid Crusader, Dies at 91", The New York Times, 22 April 2006.
- ↑ "Struggle veteran dies in Soweto", Mail & Guardian, Johannesburg, South Africa, 19 April 2006.
- ↑ Rappaport, Helen (2001). Encyclopedia of Women Social Reformers. Santa Barbara, Calif. [u.a.]: ABC-CLIO. p. 378. ISBN 1576071014.
- ↑ "Nnoseng Ellen Kate Khuzwayo", South African History Online.