Jump to content

Ellen McCormack

Go tswa ko Wikipedia

Ellen Cullen McCormack (o tshotswe ka kgwedi ya Lwetse e le lesome le botlhano (15) ka ngwaga wa 1926 abo a thokafala ka kgwedi ya Mopitlo e le masome a mabedi le bosupa (27)ka ngwaga wa 2011) [1][2]e ne e le mopolotiki wa kwa Amerika yo o neng a le moemedi wa kemedi ya bo Tautona wa Democratic ka ngwaga wa 1976.

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Lwetse e le lesome le botlhano (15) ka ngwaga wa1926, Eleanor Rose Cullen o belegetswe kwa borough ya The Bronx kwa New York City, ke moagi wa kwa Ireland e bong William le Ellen Cullen.[3] Ka ngwaga wa 1949, o ne a nyala Francis J. McCormack, morago ga go kopana le ene kwa tantsheng, mme a nna le bana ba le bane le ene.[4]

Ka kgwedi ya Phukwi e le lesome le bone (14) ka ngwaga wa 1975, McCormack o ne a dira kopo kwa Federal Election Commission go tsenela ditlhopho tsa ngwaga wa 1976 tsa pele tsa boporesidente, mme a itsise ka semmuso ka ga go nna ga gagwe moemedi kwa khonferenseng ya dikgang kwa Boston, Massachusetts, ka kgwedi ya Ngwanatsele e le lesome le borataro (16).[5] E ne e le mosadi wa ntlha go amogela madi a a lekanang le a puso (o ne a amogela $244,125), mme a tlhagelela mo ditlhophong kwa dinageng di le masome a mabedi.[6][7]O ne a tsenela tlhopho ya gagwe a le kgatlhanong le go senya mpa, mme ga a ka a fenya ditlhopho, mme leina la gagwe le ne la tsenngwa mo lenaaneng la ba ba neng ba tlhophiwa le go tshegediwa ke Erma Clardy Craven mme o ne a amogela diboutu di le masome a mabedi le bobedi (22) go tswa mo baemeding kwa Kopanong ya Bosetšhaba ya Temokerasi ka 1976, mme a tsenela ngangisano e e neng e akaretsa le Tautona wa mo isagweng Jimmy Carter.

Ka nako ya ditlhopho tsa boporesitente tsa ngwaga wa 1980, o ne a nna moemedi wa Tautona wa New York State Right to Life Party, le Carroll Driscoll jaaka mothusi wa gagwe. Ba ne ba amogela diboutu di le 32 327.

E ne e le modulasetilo wa New York Right to Life Party, mme e ne e le moemedi wa bone go nna Motlatsa-Molaodi wa New York ka ngwaga wa 1978.

Botshelo jwa moragonyana

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedsi ya Mopitlwe e le masome a mabedi le bosupa (27),ka ngwaga wa 2011, o ne a tlhokafala kwa lefelong la go thusa batho ba ba godileng kwa Avon, Connecticut, morago ga nako e telele a tshwerwe ke bolwetse jwa pelo jo bo simolotseng ka nako ya boimana jwa gagwe.[8]

  1. "Uproar over Abortion". Time. February 16, 1976. Archived from the original on March 27, 2009. Retrieved January 20, 2008. Ellen McCormack, 49, a housewife from Merrick, N.Y., is running hard in the Democratic primary...
  2. Durkin, Erin (March 28, 2011). "Two-time presidential candidate Ellen McCormack dies at 84". New York Daily News. Retrieved March 28, 2011.
  3. "Ellen McCormack dies at 84; anti-abortion presidential candidate". April 2, 2011
  4. "She may spoil Reagan's chances". Daily News. July 6, 1980. p. 221. Archived from the original on December 15, 2019 – via Newspapers.com.
  5. "Begins Campaign 1976". The Town Talk. November 16, 1975. p. 49. Archived from the original on August 14, 2020 – via Newspapers.com.
  6. "Ellen McCormack becomes first woman to receive federal funds for presidential race". National Constitution Center. Archived from the original on August 14, 2020.
  7. "Federal matching funds". Fort Worth Star-Telegram. January 16, 1977. p. 12. Archived from the original on August 14, 2020 – via Newspapers.com.
  8. "Right to Life presidential candidate McCormack, 84". Daily News. March 28, 2011. p. 26. Archived from the original on December 15, 2019 – via Newspapers.com