Ellen Molekane
| Ellen Molekane | |
|---|---|
| Mothusa tona wa tshireletso ya lefatshe | |
| In office Motsheganong a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2014 – Motsheganong a le malatsi a supa ngwaga wa 2019 | |
| President | Cyril Ramaphosa Jacob Zuma |
| Minister | Dipuo Letsatsi-Duba David Mahlobo |
| Morago Ga Gagwe | Zizi Kodwa |
| Mopalamente | |
| In office Phukwi a le masome mararo ngwaga wa 2018 – Motsheganong a le malatsi a supa ngwaga wa 2019 | |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Ellen Nnana Ntsitse Molekane Phatwe a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1953 Soweto Aforika Borwa |
| Mokgatlho | African National Congress |
| Botsalano | Rapu Molekane (kgaitsadie) |
| Thuto | Morris Isaacson High School |
Ellen Nnana Ntsitse Molekane (o o tshotsweng ka Phatwe a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1953) e ne e le mothusa tona wa tshireletso ya lefatshe kwa Aforika Borwa ka Motsheganong 2014 go tsena Motsheganong 2019. Ke leloko la African National Congress (ANC), e ne e le mmereki wa puso mo lephateng la tshireletso go fitlhelela tautona Jacob Zuma a mo thapa mo komiting ya lefatshe. O kile a nna mopalamente ka nakwana go tswa ka Phukwi 2018 go tsena Motsheganong 2019.
Botshelo jwa a le mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Molekane o tshotswe ka Phatwe a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1953 kwa Soweto.[1] Ke ngwana wa bobedi mo baneng ba supa, o alogile ka matric kwa Morris Isaacson High School, kwa a neng a nna leloko la lekgotla la baithuti ba Aforika Borwa.[2] Go nna le seabe mo polotiking a sa le mmotlana go nnile le seabe mo go rotloetseng go lwela ditshwanelo kgatlhanong le puso ya tlhaolele ga ga kgaitsadie o monnye Rapu Molekane.[2]
Tiro ya sesole
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga go aloga ka matric, Molekane o ne a bereka ka nakwana kwa sepateleng sa Baragwanath kwa Johannesburg e le mokwadisi le moithuti wa booki;[1] o ne a ikaelela go bereka e le mooko kgotsa mmamatlotlo.[2] Le fa go ntse jalo, ka ngwaga wa 1977, o ne a tswa kwa Aforika Borwa go nna leloko la African National Congress (ANC) e e neng e le kgatlhanong le puso ya tlhaolele, e le mo botshabing ka nako eo.[1] Mo dingwageng di le lesome le botlhano tse di latelang, e ne e le mmereki wa ANC o o tletseng, a nna kwa Eswatini (kwa e neng e le Swaziland ka nako eo), Mozambique,Tanzania le Namibia; kwa Zambia ka dingwaga tsa 1980, e ne e le mookamedi wa lekgotlana la ANC la sedumedi gape e le motshwara madi wa khansele ya yone ya sepolotiki le sesole.[1] Jaaka leloko la Umkhonto we Sizwe, o ne a katisediwa bosole kwa German Democratic Republic, a itebagantse le botegeniki jwa sesole.[3]
Ka 1991, ka nako ya dipuisano tsa go emisa puso ya tlhaolele, Molekane o ne a boela Aforika Borwa go bereka kwa ofisikgolo ya ANC kwa Shell House, Johannesburg.[1] Morago ga phelelo ya puso ya tlhaolele ka 1994, o ne a le gareng ga babereki ba pele ba MK ba ba neng ba tsenngwa mo sesoleng se sesha sa Aforika Borwa. A tsena mo maemong a lieutenant colonel, o berekile e le lesole dingwaga di le masome mabedi tse di latelang, bogolojang kwa lephateng la tshireletso, kwa a neng a tlhatloga maemo go nna mothusa mookamedi-mogolo.[1][3] Ka dingwaga tsa 2002 go tsena 2012, o ne a romelwa kwa ofising ya ga tona Lindiwe Sisulu, a sala Sisulu morago go tswa kwa lephateng la matlhale go ya lephateng la matlo le lephata la tshireletso.[1]
Ka nako eo o ne a tsweletse a le matlhagatlhaga mo ANC. Ka bokopanong jwa ANC jwa masome matlhano le bobedi ka Morule 2007, o ne a emela ditlhopho tsa go ya komiting ya lefatshe ya phathi eo mme a seka a fenya. [4]Moragonyana o ne a nna leloko la komiti ka go itlhophelwa.[5]
Mothusa tona wa tshireletso ya lefatshe:2014 go tsena 2019
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Motsheganong a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 2014, morago ga ditlhopho tsa kgwedi eo, tautona Jacob Zuma o ne a itsise fa Molekane a tlaa nna mothusa tona wa lephata la tshireletso.[6] O nnile mo ofising eo mo setlheng sotlhe sa palamente ya botlhano.[6] Pampiri ya Daily Maverick ka 2018 e ne ya re ga a tlhaloganyesege mo setshabeng.[7]
A ne a thapilwe go tswa kwa ntle ga palamente pele, Molekane o ne a tlhomamisiwa mo palamenteng ka Phukwi a le masome mararo ngwaga wa 2018,[8] a tsena mo maemong a a neng a tlhodilwe ke go ithola marapo ga ga Fikile Mbalula.[9] O ne a seka a emela ditlhopho gape ka 2019.[10][11]
Dikgatiso
[fetola | Fetola Motswedi]Molekane,Ellen (1996). "The Role of Women in the South African Defence Force". African Security Review. 5 (5):23 - 26. doi: 10.1080/10246029.1996.9627822.ISSN 1024-6029
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 6 7 "Profiles: Deputy Minister of State Security". State Security Agency. 27 March 2016. Archived from the original on 27 March 2016. Retrieved 10 December 2025
- 1 2 3 Parks, Michael (19 April 1994). "Forging A Nation: A Tale of Six Families: The Struggle Against Apartheid". Los Angeles Times. Retrieved 10 December 2025
- 1 2 "Profiling Women Military Veterans: Ms Ellen Molekane" (PDF). Honour. 2. Department of Military Veterans: 12–13. August 2013.
- ↑ "ANC releases consolidated nominations list". The Mail & Guardian. 6 December 2007. Retrieved 10 December 2025
- ↑ "Organisational Report to the 53rd National Conference" (PDF). African National Congress. 2012. Archived from the original (PDF) on 4 December 2021. Retrieved 10 December 2025
- 1 2 "President Jacob Zuma announces members of the National Executive". Government Communication and Information System. 25 May 2014. Retrieved 10 December 2025
- ↑ Marais, Nel (4 February 2018). "Ramaphosa will need to tackle the State Security Agency". Daily Maverick. Retrieved 10 December 2025
- ↑ "Fifth Parliament: List of Members" (PDF). Parliamentary Monitoring Group. 13 November 2018. Retrieved 10 December 2025
- ↑ "ANC's new MPs sworn in". News24. 14 August 2018. Retrieved 10 December 2025
- ↑ "Ellen Molekane, Ms". South African Government. Retrieved 10 December 2025
- ↑ "Ellen Molekane". People's Assembly. Retrieved 10 December 2025