Elma Dienda
| Elma Dienda | |
|---|---|
Dienda kwa pulong ya palamente ya Namibia ka 2019 | |
| Assumed office Ngwanatsele a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 2014 | |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | South West Africa |
Elma Jane Dienda (o o tshotsweng ka Ngwanatsele a le lesome le borataro ngwaga wa 1964 kwa Upington, Kapa bokone kwa Aforika Borwa) ke mopolotiki le mprutabana wa kwa Namibia. Ke leloko la Democratic Turnhalle Alliance, e a nnileng leloko la yone dingwaga di le nne morago ga a sena go ithola marapo kwa CoD,[1] Dienda e ne e le leloko la palamente ya Namibia a sena go tsaya setilo sa bofelo sa CoD ka 2004 , go fitlhelela ka 2009 fa CoD e ne e reteletswe ke go bona ditilo tse di lekaneng fa a tlhophiwa gape.[2] Ke wa ditso tsa Aforika Borwa le Malawi.[3]
Tsa pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Dienda ke morutabana ka tiro, a na le diploma ya thuto e a e dirileng kwa Windhoek College of Education a berekela kwa Eldorado High School kwa Khomasdal. O na gape le diploma ya ba na le bogole go tswa kwa Legal Assistance Centre.[4] O ne a amogela katiso e le mosidila maikutlo kwa Catholic AIDS Action. Gompieno ke moeteledipele wa phathi ya Popular Democratic Movement kwa palamenteng.[5][6]
Maemo a sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Dienda o ne a nna leloko la Congress of Democrats ka 1999, ngwaga o e neng e tlhamiwa ka yone. E ne e le mokwaledi wa lekgotla la bomme la phathi eo. Ka 207, o ne a ema kgatlhanong le tlhopho ya ga Ben Ulenga ya botautona jwa phathi.[7]
Dienda o ne a etelela pele letsholo mo palamenteng le le neng le gwetlha go abiwa ga dikausu tsa tlhakanelo dikobo kwa kgolegelong e le tsela ya go thibela go anama ga mogare wa HIV/AIDS. Dienda le mapolotiki a mangwe a kganetso a ne a goelelwa, Utoni Nujoma le Petrus Iilonga ba ne ba ganetsa kakanyo e. Maloko a SWAPO a ne a ganetsa gore tlhakanelo dikobo e teng mo dikgolegelong.[8]
Metswedi
- ↑ "Namibian Sun - Tells it All - - Namibian Sun".
- ↑ Who’s in, who’s out The Namibian, 7 December 2009
- ↑ Profile Archived 2011-06-11 at the Wayback Machine at the Namibia Institute for Democracy
- ↑ Corporation, New Era Publication. "Honorable Dienda, Elma Jane - Profile". classifieds.newera.com.na. Archived from the original on 2018-01-03. Retrieved 2025-10-20
- ↑ "Dienda, Elma Jane". Namibian Parliament. Retrieved 2025-10-20
- ↑ "Chief whip chides Swapo MPs for absconding parly". Truth, for its own sake. Retrieved 2025-10-20
- ↑ Tonchi, Victor; Lindeke, William A.; Grotpeter, John J. (2012). Historical Dictionary of Namibia. Scarecrow Press. ISBN 9780810853980.
- ↑ 'Sex and the Prisons' get a rise out of MPs The Namibian, 19 June 2008