Jump to content

Emile Short

Go tswa ko Wikipedia
Emile Francis Short
Molaodi wa ntlha wa ditshwanelo le tshiamiso ya tsamaiso
In office
1993  Morule 2010
PresidentJerry Rawlings
DeputyAnna Bossman
Morago Ga GagweLauretta Lamptey
Ka Ga Ena
O tsetsweTlhakole a le malatsi a marataro ngwaga wa 1943
Cape Coast
Mosetshaba waGhanaian
Mo/BakapeloGladys Quarshie Short
BanaMaxine Beauport Short

Emil Short

Jennifer Mograbi Short
Alma materSt. Augustine's College

University of London

London School of Economics and Political Science
TiroMoatlhodi Morutegi

Emile Francis Short ke moatlhodi wa kwa Ghana,gape e le moithuti le molaodi wa ntlha wa ditshwanelo tsa setho le tshiamiso kwa Ghana.[1]

Botshelo jwa a le mmotlana le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Short o tshotswe ka Tlhakole a le malatsi a marataro ngwaga wa 1943, kwa Cape Coast,Gold Coast. E le ngwana wa ga Joseph Short, mmueledi wa kwa Sierra Leone le Wilhelmina Short, o a neng a fana ka Smith pele, motho wa lotso lwa Fante o bontlha jwa lotso lwa gagwe e leng lwa Sierra Leone ka rraagwemogolo mo lotlhakoreng lwa ga rraagwe, Francis Smith (moatlhodi), moatlhodi wa kgotlatshekelo kgolo ya Gold Coast. O simolotse sekolo se sebotlana kwa Jubilee School, kwa Cape Coast. Fa a le dingwaga di le lesome le bobedi, o ne a kwadisiwa kwa St Augustine's College kwa Cape Coast go dira setlankana sa O Level le A Level. Fa a fetsa sekolo se segolwane, Short o ne a ya go tsweledisa kwa University of London, kwa a ithutetseng LLB ya molao. O simolotse go bereka kwa England ka 1966 morago ga go ithutela setlankana sa Barrister at Law kwa Lincoln's Inn. O ne a aloga ka Master's degree wa molao go tswa kwa London School of Economics and Political Science.[2] A simolola go bereka mo go tsa molao kwa Ghana ka 1973, morago ga go ithutela molao wa ngwao kwa Ghana School of Law. O na gale le doctorate ya tlotla go tswa kwa Northwestern University kwa Illinois.[3]

Tsa Pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Short o simolotse tiro ya semolao kwa Sierra Leone, kwa a thapilweng e le mmueledi wa lefatshe ka 1968 morago ga go ruta ka nakwana kwa Middlesex Polytechnic kwa London,United Kingdom. O simolotse tiro ya molao kwa Ghana ka 1974 kwa Max-Idam Chambers kwa Cape Coast. O rutile kwa sekolong sa University of Cape Coast kwa kgaolong e e kwa legareng la Ghana, a bereka gape e le mogakolodi wa United Nations Development Programme, le mokwaledi wa mafatshe a selekane kwa London, le kwa Carter Center kwa United States.

O ne a tlhomiwa molaodi wa ditshwanelo le tshiamiso kwa Ghana kwa tshimologong ya palamente ya bone ka 1993, ka tautona Jerry Rawlings.

Ka 2004, o ne a tsaya malatsi a boikhutso a go sa buiwang gore a fela leng, mo maemong a gagwe kwa CHRAJ go nna moatlhodi wa United Nations International Criminal Tribunal for Rwanda kwa Arusha Tanzania morago ga a sena go tlhophiwa mo maemong ao ke United Nations General Assembly.[4] Se ke ka nako ya go atlholelwa melato ya ntwa kwa Rwanda. O ne a boela maemo a gagwe kwa CHRAJ ka Phatwe 2009.[5] O ne a ithola marapo ka Morule 2010.[6]

Short o nnile mogakolodi gape mo molaong wa mafatshefatshe, ditshwanelo tsa setho le tshiamiso mo makgethong a le mantsi.

  1. Ghana, I. E. A. "Senior Adjunct Fellows | IEA Ghana". Retrieved 2026-10-28
  2. "A Joint Conference of the International Institute for Public Ethics (IIPE), The Global Integrity Alliance and the World Bank - The Speakers". World Bank. Retrieved 2025-10-28
  3. "Public Lecture by Justice Emile Short on Human Rights in Business to be held on 20th September | Legal Resources Centre". Retrieved 2025-10-28
  4. "Judge Emile Francis Short Sworn In | United Nations International Criminal Tribunal for Rwanda". unictr.irmct.org. Retrieved 2025-10-28
  5. "Emile Short Resumes Duty Today". AllAfrica.com. 2009-08-03. Retrieved 2025-10-28
  6. "Emile Short: Maybe I'll apply for a job as Human Rights Correspondent for Joy FM". MyJoyOnline. 2010-12-01. Archived from the original on 2010-12-05. Retrieved 2025-10-28