Emily Kimuria
Emily Chepar Kimuria (o tshotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e le lesome (10) ka ngwaga wa 1975) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya, yo o tsereng maemo a bobedi kwa Marathone wa Berlin wa ngwaga wa 2003. O ne a fenya Mmarathone wa Hamburg wa ngwaga wa 2004 le wa Mmarathone wa Venice wa ngwaga wa 2005.
Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele
[fetola | Fetola Motswedi]Kimuria o ne a tsaya maemo a bobedi kwa Mmarathoneng wa Berlin wa ngwaga wa 2003, ka nako ya 2:28:18.[1][2] Ka ngwaga wa 2004, Kimuria o ne a fenya Mmarathone wa Hamburg ka nako ya 2:28:57. O ne a fenya lobelo ka motsotswana o le mongwe go tswa go Alice Chelangat wa Mo-Kenya.[3] E ne e le phenyo ya gagwe ya ntlha ya marathone.[4]Mo go one ngwaga oo, o ne a nna wa bobedi kwa Mmarathoneng wa Amsterdam ka nako ya 2:29:45.[5] Ka ngwaga wa 2005, o ne a fenya Marathone wa Venice, morago ga go kgaogana le Moethiopia Leila Aman morago ga dikilometara di le 30.[4]
Ka ngwaga wa 2006, Kimuria o ne a tsaya maemo a boraro kwa Mmarathoneng wa Singapore,[6] mme a fenya lebelo la tsela la Greifenseelauf kwa Switzerland.[7]Ka ngwaga wa 2008, o ne a nna wa bobedi kwa Mmarathoneng wa Prague, ka nako ya 2:35:55.[8][9]Ka ngwaga wa 2009, Kimuria o ne a tsaya maemo a boraro kwa Mmarathoneng wa Amsterdam.[10]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Berlin Marathon". Detroit Free Press. 29 September 2003. p. 4. Retrieved 23 January 2021 – via Newspapers.com.
- ↑ "Kenyan sets world record mark". The Courier-Journal. 29 September 2003. p. 75. Retrieved 23 January 2021 – via Newspapers.com.
- ↑ "Brazil and Kenya take Hamburg Marathon honours". World Athletics. 18 April 2004. Retrieved 23 January 2021
- 1 2 "Shami, Kimuria take the wins at the 20th Venice Marathon". World Athletics. 23 October 2005. Retrieved 23 January 2021
- ↑ "Amsterdam Marathon". The Burlington Free Press. 18 October 2004. p. 14. Retrieved 23 January 2021 – via Newspapers.com.
- ↑ "Kenyans turn on a masterclass" (PDF). Tchoukball Singapore (pdf). 4 December 2006. Retrieved 23 January 2021.
- ↑ "Greifenseelauf Half Marathon". Association of Road Racing Statisticians. Retrieved 23 January 2021.
- ↑ "Prague Marathon". The Boston Globe. 12 May 2008. p. 38. Retrieved 23 January 2021 – via Newspapers.com.
- ↑ "Mungara wins Prague Marathon; Kenya sweeps". Record-Journal. 12 May 2008. p. 14. Retrieved 23 January 2021 – via Newspapers.com.
- ↑ "Kenyan Cheboror Runs Record Time to Win Amsterdam Marathon". Voice of America. 29 October 2009. Archived from the original on 29 January 2021. Retrieved 23 January 2021.