Englishman Kgabo
Englishman M.K Kgabo (1925 - 1992) e ne e le mopolotiki wa Motswana. O berekile e le leloko la palamente ya Botswana go tswa kwa tshimologong ka ngwaga wa 1966 go tsena ka nako e a neng a ithola marapo ka bogosi ka ngwaga wa 1989.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Englishman M.K Kgabo o tshotswe ka ngwaga wa 1925. Mo botshelong jwa gagwe o berekile e le morutabana, morago a nna mokwaledi wa botsamaisi jwa motse jwa Bakwena. O ne a nna mopolotiki wa tlhwatlhwa morago ga go ema nokeng Bonewamang Padi Sechele mo go batleng go tsaya bogosi mo boemong jwa ga Moruakgomo Sechele. Kgabo o ne a nna leloko la Bechuanaland Democratic Party fa e simololwa, o ne a bereka go batla kemo nokeng ya phathi kwa Kweneng. Ka ngwaga wa 1966, o ne a simolola pereko mo palamenteng a emetse motse wa Molepolole botlhaba. O ntse dingwaga di le dintso a bereka e le tona wa tsa selegae le ditsha, a nna mo palamenteng go fitlhelela ka ngwaga wa 1989. Ka ngwaga wa 1991, o ne a nna modulasetilo wa komiti e e neng e lebelela dikgang tsa ditsha kwa Mogoditshane le mafelo a a mabapi, kgotsa komisine ya ga Kgabo. Kgabo o ne a tlhokafala ka ngwaga wa 1992.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Morton, Barry; Ramsay, Jeff (2018). "Kgabo, Englishman M. K. "Lenyelesimane" (1925–1992)". Historical Dictionary of Botswana (5th ed.). Rowman & Littlefield. ISBN 978-1-5381-1133-8.