Erica Chissapa
Érica Sofia de Jesus Chissapa Bicho (o belegwe ka 22 Sedimonthole 1988), yo o itsegeng thata ka leina la Erica Chissapa, ke motshameki wa difilimi le mmegadikgang wa kwa Angola."[1] [2]O itsege thata ka go tshameka mo difiliming tsa Njinga: Queen of Angola, Voo Directo le Jikulumessu.[3] [4]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]O belegwe ka 22 Sedimonthole 1988 kwa Huambo, kwa Central Angolan Plateau. Moragonyana o ne a fudugela kwa Luanda fa a ne a na le dingwaga di le pedi fela mme a nna le batsadi ba gagwe ba ba godisitsweng, a tlogela batsadi ba gagwe le bomonnawe ba le bararo kwa nageng ya gaabo. Fa a na le dingwaga di le 14, Erica o ne a tsenela metshameko ya terama. Fa a ne a le kwa ditlhatlhobong tsa setlhopha sa theatre kwa Luanda, o ne a lalediwa go tla go emisetsa mongwe wa batshameki ba ba neng ba tshameka mo terameng eo, e e neng e tla simolola malatsi a le mararo moragonyana. Morago ga moo o ne a ya go dira mo dithelebisheneng ka taletso ya motshameki Orlando Sérgio. Le fa go ntse jalo, ga a ka a atlega mo tekong ya ntlha. Moragonyana o ne a tlhophiwa go tshameka mo motseletseleng o monnye, mme ka maswabi o ne wa phimolwa fa go sena go gatisiwa dikgaolo di le pedi fela. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela go tlhagelela mo theatereng ya Angola le setlhopha sa theater sa 'Henriques Artes'.[3]
Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 2005, o ne a tshameka mo thelebisheneng e e bidiwang Sede de Viver mme a tshameka karolo e kgolo ya 'Kátia'. Ka katlego ya soapie, o ne a lalediwa go tshameka karolo e kgolo mo Brazil-Angola co-production Minha Terra Minha Mãe. Ka ngwaga wa 2010, o ne a tshameka mo thelebišeneng ya Portugal/Angola ya Voo Directo. Mo motseletseleng ono, Érica o ne a tshameka karolo ya molebedi wa sefofane 'Weza Oliveira'. Ka ngwaga wa 2014, o ne a lalediwa go tsenela moanelwa wa thelebišene Jikulumessu ke moopedi Coréon Dú.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Erica Chissapa: Filmography". moviefone. Retrieved 27 October 2020
- ↑ "Erica Chissapa: Atriz". AdoroCinema. Retrieved 27 October 2020
- ↑ "ERICA CHISSAPA: TEATRO". neovibe. Archived from the original on 30 October 2020. Retrieved 27 October 2020
- ↑ "Erica Chissapa". filmweb. Retrieved 27 October 2020