Jump to content

Erkki Nghimtina

Go tswa ko Wikipedia
Erkki Nghimtina
Erkki Nghimtina kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa New Champions kwa Tianjin, China ka 2012
Tona wa perekp, madirelo le tlhamo ya ditiro
In office
2015–2020
PresidentHage Geingob
Pele Ga GagweDoreen Sioka
Morago Ga GagweUtoni Nujoma
Tona wa tsa pereko le dipalamo
In office
2010–2015
PresidentHifikepunye Pohamba
Pele Ga GagweHelmut Angula
Morago Ga GagweAlpheus !Naruseb
Tona wa meepo le kgothetso
In office
2005–2010
PresidentHifikepunye Pohamba
Pele Ga GagweNickey Iyambo
Morago Ga GagweIsak Katali
Tona wa tshireletso
In office
1997–2005
PresidentSam Nujoma
Pele Ga GagwePhilemon Malima
Morago Ga GagweCharles Namoloh
Mothusa tona wa tshireletso
In office
1995–1997
PresidentSam Nujoma
Ka Ga Ena
O tsetsweLwetse a le lesome le borataro ngwaga wa 1947
Eembidi
Mosetshaba waNamibian
MokgatlhoSWAPO
BonnoWindhoek
Alma materRostock University
TiroMopolotiki

Errki Nghimtina (o o tshotsweng ka Lwetse a le lesome le borataro ngwaga wa 1947) ke mopolotiki wa kwa Namibia le lesole la pele la sesole sa Namibia.[1] Ke leloko la SWAPO, Nghimtina o berekile e le leloko la palamente ya Namibia go tswa ka 1995 go tsena 2020. O berekile mo maemong a bo tona a a farologaneng go tswa ka 2005 go tsena 2020.

Botshelo jwa a le mmotlana le botshabi

[fetola | Fetola Motswedi]

Errki Nghimtina o tsholetswe kwa Eembidi kwa Ovamboland (kwa e leng Ohangwena gompieno) ka Lwetse 1947 ke Meriam Shopati le Johannes Nghimtina. O simolotse go bereka ka 1970 e le mokwaledi kwa Oshakati, go tswa ka 1972 go tsena 1974 kwa posong ya South West Africa.

Nghimtina o ne a tshaba le ba SWAPO ka 1974,a shabela kwa Oshatowa, Zambia. Go tswa Zambia, o ne a ya Soviet Union, kwa a katiseditsweng bosole teng go fitlhelela ka 1976. Fa a boela kwa Zambia, Nghimtina o ne a nna morutuntshi, morago a nna moeteledipele wa kwa botlhaba mo ntweng ya boipuso ya Namibia go fitlhelela ka 1979. Go tswa ka 1979 go tsena 1982, e ne e le mookamedi wa ditlhaeletsanyo kwa Shilumbaba kwa Zambia fa a dira diploma kwa University of Rostock kwa German Democratic Republic. Go tswa ka 1983 go tsena 1989, e ne e le mookamedi wa ditlhaeletsanyo wa People's Liberation Army of Namibia (PLAN) wa SWAPO.

Nghimtina o boetse Namibia e le lantlha mo dingwageng di le lesome le botlhano ka 1989.

Pereko ya sesole

[fetola | Fetola Motswedi]

Nghimtina o tsene mo sesoleng sa Namibia ka maemo a colonel, a thapiwa go nna mothusa mookamedi wa ditlhaeletsanyo a nna mo maemong ao go fitlhelela a ithola marapo ka 1995.[1] Fa a le mo sesoleng sa Namibia, Nghimtina o ne a bereka le SADC le African Union.

Ka letsatsi la bagaka la 2014 o ne a neelwa tlotla ya maemo a bobedi.[2]

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a ithola marapo mo sepolotiking ka 1995, Nghimtina o ne a nna mopolotiki. O ne a tlhophiwa go nna mo maemong a mothusa tona wa tshireletso. Ka 1997, o ne a tlhophiwa gape go nna mo komiting ya legare ya SWAPO. Ka 1997, Nghimtina o ne a tlhatlosiwa maemo go nna tona wa tshireletso, maemo a a nnileng mo go one go fitlhelela ka 2005. Ka nako e, o ne a tsaya karolo mo go eteleleng pele phetolo ya Namibia ya ntwa ya Namibia le Caprivi ya 1999. Mo pegong ya Amnesty Interantional, Nghmtina o inotswe a amogela gore masole a dirile diphoso ka go dirisa dikgoka ditshwanelo tsa setho.[3]

Go tswa ka 2005, o ne a thapiwa go nna tona wa meepo le kgothetso mo palamenteng ya ga tautona Hifikepunye Pohamba. Mo maemong a, Nghimtina o ne a etelela pele mohama wa diteemane wa Namibia go agiwa sešha, mo go neng ga baka go betliwa le go baakangwa ga diteemane tsa Namibia mo gae; le go tlhama kompone ya puso ya Epangelo Mining.[4] Ka 2010, o ne a thapiwa go etelela pele lephata la pereko le dipalamo. ka 2015, Nghimtina o ne a thapiwa go nna tona wa pereko, botsalano jwa mehama le go tlhama ditiro mo pusong ya ga tautona Hage Geingob. O berekile go fitlhelela ka 2020 fa a busediwa mo palamenteng.[5]

Maikutlo a gagwe ka sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2001, fa a bua kwa Kavango e le tona wa tshireletso, Nghimtina o ne a kgala a bo a tshosetsa batho ba Namibia ba ba berekang le lekgotla la ditsuolodi la Angola la UNITA fa ntwa ya Angola ya selegae e ya bokhutlong. O ne a re sesole sa namibia ga se ka ke sa letlelela batho go swa ka gore ba ba berekisanang le bone ke ba Namibia.[6]

Nghimtina o ne a le kgatlhanong le ntwa ya Iraq, a re ke tsela ya mafatshe a a nonofileng go gatelela a a sa nonofang.[7]

Kganetsano ya 2008

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Lwetse 2008. Nghimtina o ne a lebisiwa molato wa go supa mongwe wa losika lwa gagwe o mmotlana ka tlhobolo a bo a hula. Magatwe a e o dirile se ka mmotlana a ne a tseneletse phathi ya kganetso ya Rally for Democracy and Progress (RDP). Kwa bokopanong jwa babegadikgang bo bo neng bo tswerwe ke RDP morago ga tiragalo e, Jesaya Nyamu, mokwaledi wa nakwana wa phathi eo, o ne a re se ke go leka go bolaya motho.[8]

Morago ga bokopano jwa babegadikgang, tautona Hifikepunye Pohamba o ne a biletsa Nghimtina kwa palamenteng go bua ka kgang e, se se neng sa baka go ithola marapo ka go patelediwa ga ga Nghimtina mo palamenteng le mo maemong a gagwe a tona. Le fa go ntse jalo, morago ga bokopano jwa maemo a a kwa godimo jwa palamente le matona a puso a akaretsa mokwaledi Pendukeni Iivula-Ithana, tona o ne a bilediwa gape kwa ntlong ya puso, a gakololwa, mme a tswelela a nna mo maemong a gagwe. Moragonyana, Nghimtina o ne a botsolosiwa ke mapodisi a Namibia mabapi le go thuntsha mo. Ka a ne a feditswe pelo ke potsoloso e, o ne a ithola marapo gape.[8] Ka Lwetse a le malatsi a mabedi, Nghimtina o ne a bolelela pampiri ya dikgang ya The Namibian gore ga a a ithola marapo le matona a mangwe a puso a ne a ganetsa go ithola marapo mo.[8] Tautona Pohamba o ne a ya Zambia a ya phitlhong ya ga tautona Levy Mwanawasa, ka jalo a retelelwa ke go rarabolola kgang ka bofefo. Letsatsi le le latelang, go ne ga begwa fa Nghimtina a boetse morago go ithola marapo, ebile a boetse mo maemong a gagwe, morago ga gore matona a SWAPO kwa ntle ga ga Pohamba, a gane a ithola marapo.[9]

  1. 1 2 "Minister biography". Archived from the original on 4 December 2013. Retrieved 22 October 2025.
  2. "Namibians honoured by President". New Era. 28 August 2014. Archived from the original on 29 June 2018. Retrieved 22 October 2025.
  3. "Namibia: Justice delayed is justice denied; The Caprivi treason trial" (PDF). Amnesty International. August 2003. Retrieved 22 October 2025.
  4. "Erkki Nghimtina". World Economic Forum. Retrieved 22 October 2025
  5. Nakatana, Festus (23 March 2020). "Geingob drops Cabinet surprises". New Era. p. 1.
  6. Unita collaborators will be shot, says Nghimtina in The Namibian, 22 November 2001
  7. Nghimtina slams US war efforts in The Namibian, 21 April 2004
  8. 1 2 3 "Nghimtina quits, Govt in denial", The Namibian, 3 September 2008.
  9. "Minister Nghimtina backtracks on resignation", The Namibian, 4 September 2008.