Erwin Keller
Erwin Keller (O tshotswe ka kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le boferabobedi ka ngwaga wa 1905 kwa Concepción - O tlhokafetse ka kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi a le masome a mararo le motso ka ngwaga wa 1971 kwa Berlin Bophirima) e ne e le motshameki wa hoki ya lebala go tswa kwa Jeremane, yo o neng a gapa mmentlele wa selefera wa naga ya gagwe kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa 1936 kwa Berlin.
Maloko a le mane a lelwapa la gagwe a fentse gauta ya hoki ya lebala kwa Jeremane. Morwawe Carsten Keller o ne a gapa mmentlele wa gauta kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa 1972 fela jaaka bana ba gagwe ba bararo, botlhe e le batlhasedi. Andreas o ne a nna mmampodi wa Diolimpiki ka 1992 (Barcelona), morago ga go gapa selefera kwa Diolimpiking tse pedi tse di fetileng kwa Los Angeles (1984)le kwa Seoul (1988). Natascha o ne a gaisana mo Diolimpiking di le tharo, a gapa gauta kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa 2004 kwa Athens. Kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa 2008 Florian le ene o ne a gapa mmentlele wa gauta wa Jeremane.