Jump to content

Esi Buobasa

Go tswa ko Wikipedia
Esi Buobasa
O itsegi kaGo lwela ditshwanelo tsa setshaba, go lwela ditshwanelo tsa seemo sa loapi
O fetheletseBomme ba le lekgolo (tsa BBC)

Esi Buobasa (o o tlholegang kwa Fuveme, Ghana) ke morekisi wa ditlhapi, motshabi le molwela ditshwanelo wa seemo sa loapi.[1]

Ka ngwaga wa 2023, Buobasa o ne a itsege ka go nna mongwe wa bomme ba ba nang le thotloetso e kgolo mo lefatsheng ba le lekgolo ba BBC ka maiteko a gagwe a go nonotsha go ema kgatlhanong le phetogo ya seemo sa loapi.[2][3]

Buobasa o tsholetswe a bo a godisediwa kwa Fuveme, motsana o o mo lotshitshing gaufi le Keta.[3] Ka dingwaga tsa 2000 go tsena 2010, lefelo le le fa gare ga Keta le Guinea le ne la fokotsega go nna mola fela ka ntlha ya go oketsega ga metsi mo lewatleng.[4][5][6] Toropo e o gangwe le gape e nna le merwalela ka ntlha ya noka ya Volta.[6]

Tatlhegelo ya dikago le go oketsega ga ditsuatsue le merwalela go ne ga pateletsa Buobasa, motshwara ditlhapi, le monna wa gagwe le bana ba bone ba batlhano[3], go fudugela kwa gare ga lefatshe le go simolola matshelo a bone sešha.[6][7] Le fa go ntse jalo, se se ne sa kganela lolwapa go bona se ba itshetsang ka sone: ebong ditlhapi.[8]

Go tila ditlamorago tsa itsholelo tsa phudugo ka ntlha ya tikologo, Buobasa o ne a tlhama lekgotla go ema nokeng batshwara ditlhapi ba bomme ba ba mo seemong se se tshwanang le sa gagwe.[1][3] Lekgotla le le ne le ikaelela go ba rutuntsha ka ditiro tse dingwe le go ba namola mo kwelo tlaseng ya itsholelo.[3][7] Le ne gape le na le letlole le le thusang tshenyo kgotsa tatlhegelo ya letseno la madi ka ntlha ya matsubutsubu kgotsa dibetsa tsa tlholego tse dingwe.[8] Boeteledipele jwa ga Buobasa bo ne jwa baka gore a akarediwe mo lenaaneng la BBC la ngwaga wa 2023 la bomme ba ba lekgolo.[1][7][8]

  1. 1 2 3 Agbetiloye, Adekunle (24 November 2023). "Meet the 13 African women named among BBC 100 women in 2023". Business Insider Africa. Retrieved 28 January 2026
  2. "Ghana's coastal erosion: The village buried in sand". BBC News. 2026-01-28
  3. 1 2 3 4 5 GNA (2023-11-24). "Esi Buobasa, native of Fuveme, among BBC's 100 most influential women". Ghana News Agency. Retrieved 2026-01-28
  4. Appeaning Addo, K.; Brempong, E. K.; Jayson-Quashigah, P. N. (2020-05-25). "Assessment of the dynamics of the Volta river estuary shorelines in Ghana". Geoenvironmental Disasters. 7 (1): 19. Bibcode:2020GeoDi...7...19A. doi:10.1186/s40677-020-00151-1. ISSN 2197-8670.
  5. Naadi, Thomas (May 12, 2016). "Ghana's coastal erosion: The village buried in sand". BBC Africa.
  6. 1 2 3 "Climate change drowning West African coastline – DW – 07/22/2022". dw.com. Retrieved 2026-01-28
  7. 1 2 3 "BBC 100 Women 2023: Who is on the list this year? - BBC News". News. Retrieved 2026-01-28
  8. 1 2 3 The women at the forefront of the climate battle - BBC 100 Women, BBC World Service, retrieved 2026-01-28