Jump to content

Esther Mahlangu

Go tswa ko Wikipedia

Esther Nikwambi Mahlangu (o o tshotsweng ka Ngwanatsele a le lesome le motso ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a mararo le botlhano) ke motaki wa kwa Aforika Borwa o o itsegeng ka botaki jo bo senogileng jo bo rotloeditsweng ke lotso lwa gagwe lwa Ndebele. A godiseditswe kwa masimong kwa kgaolong ya Mpumalanga, o simolotse go penta fa a santse a le ngwana mme o ne a seka a amogela temogo epe go fitlhelela ka dingwaga tsa sekete makgolo a robabongwe le masome a robabobedi. Ke mongwe wa batho ba ba tumileng ka go penta matlo ka mokgwa wa Ndebele ebile o bakile gore batho ba mafatshefatshe ba tlhome mofuta o leitlho ka go o dirisa mo didirisiweng tse dingwe jaaka tshipi le diaparo.

Tiro ya gagwe e supilwe mo lefatsheng ka bophara ebile e tlhageletse a e dira le dikompone tse ditona di sthwana le BMW le Rolls-Royce. Fa godimo ga tiro ya gagwe ya botaki, Mahlangu o tsere karolo mo go ruteng le go somarela ngwao, a bula sekolo sa botaki kwa legaeng la gagwe go fetisa kitso ya go penta ga se Ndebele a e fetisetsa kwa dikokomaneng ba ba santseng ba leba botlana. Ke mongwe wa bataki ba ba istegeng thata ba Aforika Borwa.[1]

Botshelo jwa a sa le mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Mahlangu o tshotswe ka Ngwanatsele a le lesome le motso ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a mararo le botlhano kwa masimong kwa ntle ga Middelburg, Mpumalanga, Aforika Borwa. Ke ngwana wa ntlha mo go ba robabongwe, a na le bo kgaitsadie ba le barataro le batsalwa le ene ba basadi ba le babedi, ke leloko la ba Ndebele ba kwa borwa.[2] O simolotse go penta a le dingwaga di le lesome, a rutilwe ke mmaagwe le nkukuagwe go ya ka ngwao ya se Ndebele, e mo go yone basetsana ba ithutang go penta go baakanyetsa go kgabisa malwapa a bone kwa ntle morago ga lonyalo.[3][4]

Tsa pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Go tswa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe le masome a robabobedi go tsena ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le motso, Mahlangu e ne e le monni wa motse wa mo ditsong wa Botshabelo, e le mabolokelo a ditsoa a neng a seegetswe kwa thoko go ruta baeng ka ngwao ya Matebele.[5][6] O ne a amogela temogo e le lantlha ka ngwaga wa sekete makgolo a robabobedi le borobabongwe kwa ditshupong tsa Magiciens de la terre, tse di neng di tshwaretswe kwa Centre Pompidou le Grand halle de la Villete kwa Paris.[1][3][7][8] O ne a laleditswe morago ga gore basekaseki go tswa kwa ofising ya boemedi ya France, ba akaretsa morulaganyi Andre Magnin,[1] ba etele Aforika Borwa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le borataro mme ba bona mekgabisa kwa lolwapeng lwa gagwe.[9] Fa a goroga kwa Paris, o ne a fitlhela barulaganyi ba ditshupo ba agile setshwano sa ntlo ya gagwe, e a neng a e pentile a lebeletswe ke batho ba le dikete.[10] Ditshupo tse maikaelelo a tsone e ne e le go supa botaki jwa mafatshe a e seng a bophirima,[1] katlego ya tsone e ne ya tsisa tiro ya ga Mahlangu fa pele ga batho ba mafatshefatshe.[9][11] Mo dikgweding tse pedi tse a neng a di ntse kwa France, o ne a feleletsa go penta mo teng ga mabolokelo a botaki a Angouleme.[10] Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe, o ne a amogetse ditaletso go penta kwa mafatsheng le go supa tiro ya gagwe mo mafatsheng a feta lesome le bobedi.[1]

  1. 1 2 3 4 5 Mun-Delsalle, Y.-Jean (7 June 2019). "Esther Mahlangu, One Of South Africa's Most Famous Artists, Perpetuates Traditional Ndebele Painting". Forbes. Archived from the original on 11 February 2026. Retrieved 22 September 2026
  2. ↑ Magnin, André; Jacques Soulillou (1996). "Esther Mahlangu". Contemporary Art of Africa. H. N. Abrams. pp. 46 ff. ISBN 978-0-8109-4032-1.
  3. 1 2 McGlone, Peggy (3 October 2014). "Ndebele artist Mahlangu uses bold colors, striking graphics to honor African heritage". The Washington Post. Retrieved 22 September 2026
  4. ↑ Luckett, Helen (2019). Great Women Artists. London: Phaidon Press. p. 254. ISBN 978-0-7148-7877-5.
  5. ↑ "Esther Mahlangu CV" (PDF). Esther Mahlangu. Retrieved 22 September 2026
  6. ↑ "Reinventing Tradition: Esther Mahlangu". Southeby's. 17 February 2017. Retrieved 22 September 2026
  7. ↑ Cushing, Nathan (17 September 2014). "South African artist painting commissioned murals at VMFA". RVA News. Retrieved 22 September 2026
  8. ↑ Mabandu, Percy (6 March 2020). "Dr Esther Mahlangu in concealed colour". Art Africa Magazine. Retrieved 22 September 2026
  9. 1 2 Protzman, Ferdinand (28 September 1996). "Patterns of South African Life". The Washington Post. Retrieved 22 September 2026
  10. 1 2 "Esther Mahlangu". South African History Online. Retrieved 22 September 2026
  11. ↑ Merelli, Annalisa (31 July 2019). "The Paris exhibition that changed global contemporary art". Quartz. Retrieved 22 September 2026