Jump to content

Esther Standford-Xosei le lenaneo la dipaakanyo kgotsa dituelo tsa Aforika otlhe

Go tswa ko Wikipedia
Esther Standford-Xosei
Tsalopele ga ngwaga wa 1974
Borwa jwa London, kwa England
LetsoBritish
ThutoUniversity ya kent (molao) University ya Chichester
TiroMogakolodi wa tsa molao, molweladitshwanelo tsa go busediwa tse di latlhegetseng batho ka nako ya bokgoba, mmueledi wa setshaba
LephataMaangamizi Educational Trust International network of scholars and activists for African Reparations
O itsegi kaMongwe wa ba ba simolotseng lekgotla la bokopano kwa Europe la go busetsa batho ba Aforika se se ba latlhegetseng. Mosimolodi wa emisa Maangamizi

Esther Stanford-Xosei (o o tshotsweng pele ga ngwaga wa 1974) ke moitseanape wa tsa molao wa kwa Britain, ebile e le mmueledi wa go bopagana ga Aforika o lentswe la gagwe le utlwetseng thata ka letsholo la mafatshefatshe la go duela dikokomane tsa batho ba Aforika. Seabe sa gagwe se setona se akaretsa go thusa go tlhama bokopano jwa dituelo tsa mafatshe a Aforika kwa Europe, jo bo bidiwang (PARCOE) ka ngwaga wa 2001, le go tsamaisa go dirwa ga setlhopha sa diphathi tsotlhe mo go duelweng ga Aforika kwa palamenteng ya United Kingdom ka 2021.[1]

Ka fa a godileng ka teng le thuto ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

A tsholetswe kwa borwa jwa London ke batsadi ba ba tswang kwa Caribbean kwa Barbados le Guyana, go tsibogela sepolotiki ga ga Standford-Xosei go simolotse a santse a le mošha ka letsholo la go nna kgatlhanong le tlhaolele. A le dingwaga di le lesome le boraro ka ngwaga wa 1987, o ne a supa talente ya tsa thuto le polotiki ka go fenya kgaisano ya go kwala ya bakwadi ba bašha ba mmala o montsho, ka tlhamo e e neng e bidiwa "e seng tekatekano fela, le tshiamelo", e e neng e bua ka go fedisa tlhaolele.[1]

Loeto lwa thutego ya gagwe lo mo isitse kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of Kent go ya go ithuta tsa molao, kwa a kopaneng le letsholo la critical Legal studies. Standford-Xosei gone jaana o dira dipatlisiso kwa University ya Chichester, a itebagantse le letsholo la go duela mafatshe a Aforika a remeletse mo Britain.[2]

Tsa pereko le bubueledi

[fetola | Fetola Motswedi]

Boitseanape jwa molao

[fetola | Fetola Motswedi]

Standford-Xosei ka pereko ke mogakolodi wa semolao, a itebagantse le go diragatsa molao wa kgotlatshekelo. O supa tiro ya gagwe e e sa tlwaelesegang e le ya mmueledi wa mafatshefatshe, wa Aforika o o kopaneng, o o berekang jaaka moithuti wa molweladitshwanelo mo setšhabeng, mo go tsa molao.[1]

Tshimololo ya PARCOE

[fetola | Fetola Motswedi]

Ngwaga wa 2001, o tshwaya go berekisana le ba batlang Aforika o o kopaneng ba kwa Ghana (Kofi Mawuli Klu le Kwame Adofo Sampong) ga ga Standford-Xosei, mo go tlhameng lekgotla la bokopano jwa kwa Europe mo dituelong tsa mafatshe a Aforika otlhe. Lekgotla le le ne le tlhamelwa go mekamekana le se Standford-Xosei a se bitsang go tlhokafala ga buelelwa ga dituelo tsa mafatshe a Aforika mo polotiking ya Europe. [3]

Letsholo la Maangamizi

[fetola | Fetola Motswedi]

Standford-Xosei o simolotse ebile o eteletse pele letsholo la go emisa Maangamizi le gore go beilwe tlhwatlhwa mo kganyaolong. Lefoko Manangamizi le le tswang mo puong ya Swahili le ya go bopaganag ga Aforika, le tlhalosa maiteko a go fedisa batho ba Aforika le ditsela tsotlhe tsa go itshupa o le mo Aforika, mo go supiwang ka metseletsele ya bokgoba jwa dithoto, go laolwa ke mafatshe a sele le go tlontlololwa.[4]

Boeteledipele jwa thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Jaaka moeteledipele wa lekgotla la Maangamizi la thuto, Standford-Xosei o okametse bontlha jwa thuto jwa letsholo la go emisa Maangamizi. Maikaelelo a lekgotla le ke go tsibosa batho ka dikgang tsa dituelo le go ja boswa ga ngwao ya Aforika.[5]

Go tsaya karolo mo palamenteng

[fetola | Fetola Motswedi]

Standford-Xosei o ne a na le seabe se segolo mo go tlhameng setlhopha sa diphathi tsotlhe tsa palamente go lwela dituelo tsa Aforika tsa bokgoba, kwa makgotleng a palamente ya United Kingdom a a itebagantseng le go netefatsa gore Aforika o duelelwa ditshenyegelo tsa bokgoba.[6]

Motheo wa kakanyo le mokwa wa tuelo

[fetola | Fetola Motswedi]

mofuta o o tseneletseng wa dituelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Standford-Xosei o rotloetsa mofuta wa dituelo o eseng wa madi fela. mofuta wa gagwe o akaretsa:

Thotloetso mo lefatsheng ka bophara le dikatlego tsa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Tsa thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Standford-Xosei o itlhomile kwa pele jaaka moithuti wa molweladitshwanelo a ithuta ka tsa molao le tsa ditso. O tsere karolo mo bokopanong jwa dipatlisiso tsa thuto tse di itebagantseng le dituelo, ka go ikopanya le mafarafatlha a baithuti le malweladitshwanelo tsa dituelo tsa Aforika.[7]

  1. 1 2 3 "Afrika and reparations activism in the UK – an interview with Esther Stanford-Xosei". Review of African Political Economy. 10 March 2022. Retrieved 18 June 2025.
  2. "Speaker Bios". University of Liverpool. Retrieved 18 June 2025.
  3. "Pan-Afrikan Reparations Coalition in Europe". INOSAAR. 2001. Retrieved 18 June 2025.
  4. "Ourstory continues to be made: APPG on African Reparations (APPGAR) established today". Stop the Maangamizi. 20 October 2021. Retrieved 18 June 2025.
  5. "Esther Xosei - Executive Director". LinkedIn. Retrieved 18 June 2025.
  6. "All-Party Parliamentary Group for African Reparations". UK Parliament. 17 November 2021. Retrieved 18 June 2025.
  7. "Principles of participation". INOSAAR. Retrieved 19 June 2025.