Evelyn Acham
Evelyn Acham | |
|---|---|
| Tsalo | Evelyn Acham Seetebosigo a le lesome le botlhano ngwaga wa 1991 |
| Ke mo | Uganda |
| Tiro | Molwela ditshwanelo tsa seemo sa loapi |
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 2017 go tsena gompieno |
| Political party | Rise Up Movement |
Evelyn Acham (o o tshotsweng ka Seetebosigo a le lesome le botlhano ngwaga wa 1991) ke molwela ditshwanelo tsa tshiamo ya seemo sa loapi go tswa kwa Kampala Uganda gape ke morulaganyi wa letsholo la Rise Up la Uganda, le le tlhamilweng ke tsala ya gagwe Vanessa Nakate.[1][2][3][4][5][6][7][8][9]
Botshelo jwa a le mmotlana le tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Acham o tshotswe ka ngwaga wa 1991.[6] O na le seabe mo thulaganyong ya +1Tree e seelo sa gagwe e leng go lema ditlhare di le didikadike di robabongwe.[4]
Ka Motsheganong a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2020, Acham e ne e le mongwe wa dibui mo motseletseleng wa dipuisano tsa bomme ba ba eteletseng pele go tsaya kgato mo phetogong ya seemo sa loapi, e ne e le puisano ka maranyane ya ka fa bomme ba ntseng ba lwantsha phetogo ya seemo a loapi ka teng ka nako ya segajaja sa COVID-19.[10] O ne a bua le Inge Relph - mookamedi le motlhami wa Global Choices le Emma Wilkin morulaganyi wa Global Choices Arctic Angels kwa bokopanong jwa mafatshe jwa 2020.[11]
Ka ngwaga wa 2021, o ne a tsenelela bokopano jwa 2021 jwa United Nations jwa phetogo ya seemo sa loapi a emetse MAPA.[1][8] Fridays for Future MAPA e ne e le sengwe sa ditlhopha tsa bobueledi tse di tlhamilweng morago ga go gwanta ga molwela ditshwanelo wa seemo sa loapi Greta Thunberg ka 2018.[1]
Evelyn Acham ke motlhami wa Climate Justice for Healthy Communities (CJHC), lekgotla le le ikemetseng le le kwa Kampala, Uganda. Maikaelelo a lekgotla leo ke go tlhokomela le go tokafatsa botsogo jwa batho, bogolo jang ba ba mo mafelong a a mo diphatseng tse di amanang le phetogo ya seemo sa loapi, Acham o bereka le lenaneo la Girl on the Move, le le tlhamilweng ke molwela ditshwanelo jaaka ene Isaac Ssentumbwe, go re ka 2030 ba bo ba kgonne go rutuntsha basetsana ba le dikete di le tlhano ba ba neng ba dule mo sekolong ka ntlha ya phetogo ya seemo sa loapi. Acham o tlhageletse gape mo puisanong ya The New York Times ya 2021 ya seemo sa loapi ya "neelano ya dipuisano tsa seemo sa loapi mo dikokomaneng" a na le Jerome Foster II, Aya Chebbi, le Mary Robinson.[12]
Mekgatlo e mengwe e Acham a berekang le yone e akaretsa Youth for Future Africa[5] le lekgotla la Global Choices la Arctic Angels.[9][4]
Go lemogiwa
[fetola | Fetola Motswedi]O nnile mogakolodi mo khanseleng ya Global Witness ka 2020
O tlhophilwe a le gareng ga bomme ba le lekgolo ba ba dirang Aforika o o botoka ka 2023
O ithaopile go nna Arctic Angel fa e sale ka 2020
Ke leloko le le matlhagatlhaga la Fridays for Future MAPA fa e sale ka 2020
O tseneletse a bo a bua kwa bokopanong jwa COP26 kwa Scotland, moletlo wa go tlhomiwa semmuso ga ga rratoropo wa Grenoble kwa France, gape o nnile sebui kwa bokopanong jwa lefatshe jwa Austria le jwa banana kwa Princeton University.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Friedman, Lisa (2021-11-10). "What Happened at COP26 on Wednesday: China and U.S. Say They'll 'Enhance' Climate Ambition". The New York Times. ISSN 0362-4331. Retrieved 29 January 2026
- ↑ Paton, Craig (5 December 2022). "Young protesters have given up school due to climate urgency, says activist". belfasttelegraph. ISSN 0307-1235. Retrieved 2026-01-29
- ↑ "Climate Justice Activist Evelyn Acham Speaks at Breck's US Chapel". www.breckschool.org. Retrieved 2026-01-29
- 1 2 3 "Environmental influencers: Africans making history". www.the-kingfisher.org. Retrieved 2026-01-29
- 1 2 "Evelyn Acham wants Ugandan schools to add climate change to the curriculum — Assembly | Malala Fund". Assembly. Retrieved 2026-01-29
- 1 2 "10 African Youth Climate Activists Changing the Face of The Planet". Greenpeace International. Retrieved 2026-01-29
- ↑ "Young protesters give up school due to climate urgency, activist says". The Independent. 2021-11-05. Retrieved 2026-01-29
- 1 2 ""Get to Know Our Names": Meet the Women Fighting for Climate Justice". Non Profit News | Nonprofit Quarterly. 2021-04-08. Retrieved 2026-01-29
- 1 2 ""I know that they have wisdom": Young climate activists on the need for older voices". Mic. Retrieved 2026-01-29
- ↑ "Women Leading Climate Action webinar series". ActionAid Australia. Retrieved 2026-01-29
- ↑ "Global Choices for Global Future – MUN Impact". Retrieved 2026-01-29
- ↑ "Session Details | The New York Times Climate Hub". climatehub.nytimes.com. Retrieved 2026-01-29