Jump to content

Evelyn Reed

Go tswa ko Wikipedia

Evelyn Reed ( o tshotswe ka kgwedi ya Phalane e le masome a mararo le bongwe (31) abo a thokafala ka kgwedi ya Mopitlo e le masome a mabedi le bobedi (22) ka ngwaga wa1979) e ne e le Marxist wa kwa Amerika, Trotskyist, le molwela ditshwanelo tsa basadi.

O tsholetswe le go golela kwa Haledon, New Jersey, mmogo le bokgaitsadie ba babedi, Reed o ne a ya kwa New York City fa a ne a santse a le mo dingwageng tsa bolesome, mme a tsenelela mo tirong ya gagwe ya ntlha ya sepolotiki ka ngwaga wa 1934 fa a ne a tsaya karolo mo pontshong kwa Rockefeller Center kgatlhanong le tshenyo ya ditshwantsho tse di takilweng tsa diphetogo tse di dirilweng ke motaki yo o tumileng wa kwa Mexico, Diego Rivera. Morago ga lenyalo le le khutshwane le mokwadi mongwe yo o neng a batla go nna mokwadi yo o bidiwang Osborn Andreas, ka nako eo Reed a neng a nna kwa Clinton, Iowa ka dingwaga di le tharo le monna wa gagwe pele a boela kwa New York City, Reed wa dingwaga di le masome a mararo le bone (34) o ne a ya kwa Mexico makgetlo a le mmalwa go tloga ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 1939 go ya go kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 1940 go ya go fetsa nako le motsuolodi wa kwa Russia yo o neng a le kwa botshwarwa e bong Leon Trotsky le mosadi wa gagwe Natalia Sedova. Reed gape o ne a nna le Natalia go mo ema nokeng morago ga gore Trotsky a bolawe ka kgwedi ya Phatweka ngwaga wa 1940.[1]

E ne e le ka kgwedi ya Hirikgong ka ngwaga wa 1940 kwa ntlong ya ga Trotsky, kwa Avenida Viena kwa Coyoacán, koo Reed gape a neng a kopane le moeteledipele wa Ba-Trotsky ba Amerika ebong James P. Cannon, yo e neng e le moeteledipele wa Socialist Workers Party. Morago ga moo Reed o ne a tsenela Lekoko la Badiri la Bosošalise ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke Trotsky. Reed o ne a buisana le Trotsky ka dithulaganyo tsa gagwe tsa botho, ka boemo jwa gagwe mo lekokong, le ka kgotlhang ya gagwe le kgaitsadie yo o neng a sa ntse a mo tshegetsa ka madi. Reed o ne a sala e le leloko le le eteletseng pele la lekoko mo dingwageng tse di fetang 39, go fitlha a tlhokafala.[2]

Jaaka motsayakarolo yo o matlhagatlhaga mo mokgatlhong wa bobedi wa bosadi le mokgatlho wa kgololosego ya basadi go ralala dingwaga tsa bo1960 le bo1970, Reed e ne e le leloko le le simolotseng la Mokgatlho wa Basadi wa Bosetšhaba wa Kgatlhanong le go Senya Mpa ka ngwaga wa 1971.[3] Mo dingwageng tse, o ne a bua le go ngangisana ka ditshwanelo tsa basadi mo ditoropong go ralala United States, Canada, Australia, New Zealand, Japan, Ireland, United Kingdom le France.

E tlhotlheleditswe ke ditiro tsa basadi le lelapa ke Friedrich Engels le Alexandra Kollontai, Reed ke mokwadi wa dibuka di le dintsi ka ga Marxist feminism le tshimologo ya kgatelelo ya basadi le ntwa ya kgololosego ya bone. Dingwe tsa ditiro tse di tlhomologileng tsa ga Reed ke: Mathata a Kgololo ya Basadi, Tlhabololo ya Basadi: Go tswa mo Setlhopheng sa Matriarchal go ya go Lelapa la Boratlhogo, A Thutotshelo ke Tshenyego ya Basadi?, le Ditlolo, Feshene, le Tshenyo ya Basadi (le Joseph Hansen le Mary-Alice Waters).

O ne a tlhophiwa go nna moemedi wa Tautona wa United States wa Socialist Workers Party mo ditlhophong tsa boporesitente tsa United States tsa ngwaga wa 1972.[4]Mo ditlhophong tsa kwa dinageng di le tharo fela (Indiana, New York, le Wisconsin), Reed o ne a amogela palogotlhe ya diboutu di le 13 878. Moemedi yo mogolo wa mopresidente wa Socialist Workers Party ka ngwaga wa 1972 e ne e le Linda Jenness, yo o neng a amogela diboutu di le 52,801.[5]

Reed o ne a tlhokafala kwa New York City ka kgwedi ya Mopitlo e le masome a mabedi le bobedi (22) ka ngwaga wa 1979, a le dingwaga di le masome a supa le boraro (73).[6]

Kgang ya basadi e ka rarabololwa fela ka go kopana ga banna le basadi ba ba dirang kgatlhanong le banna le basadi ba ba busang. Seno se raya gore dikgatlhego tsa badiri jaaka setlhopha di a tshwana; mme e seng dikgatlhego tsa basadi botlhe jaaka bong.

Basadi ba setlhopha se se busang ba na le kgatlhego e e tshwanang fela le ya banna ba bone mo go tshegetseng le go tsweledisetsa pele setšhaba sa bokapitalisi. Ba-feminist ba maemo a a kwa godimo ba ne ba lwela, gareng ga dilo tse dingwe, tshwanelo ya basadi mmogo le banna ya go nna le dithoto ka maina a bone. Ba ne ba nna le tshwanelo eno. Gompieno, basadi ba ba nang le maemo a a kwa godimo ba na le dikhumo tse dintsi. Ba itirile seoposengwe gotlhelele le banna ba puso ya bogagapa go tsweledisa tsamaiso ya bokapitalisi. Ga ba mo kgolaganong le basadi ba ba dirang, ba ba ka kgonang go bona dilo tse ba di tlhokang fela ka go fedisa bokapitalise. Ka jalo, go gololwa ga basadi ba ba dirang ga go kitla go fitlhelelwa ka go dira kgolagano le basadi ba setlhopha sa baba, mme go tla fitlhelelwa ka go lwa le bone jaaka karolo ya ntwa yotlhe ya setlhopha.

⁇  Ditlolontlafatsi, Feshene, le go Sotliwa ga Basadi[7]

  1. "Archived copy" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2008-08-07
  2. "Archived copy" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2008-08-07
  3. "March 5, 1974". A Documentary Chronicle of Vassar College. Vassar Historian. Archived from the original on 2023-02-03. Retrieved 3 February 2023.
  4. "Other Presidential Aspirants Offer Wide Choice". New York Times. AP. October 29, 1972. Retrieved 3 February 2023
  5. "Results of the 1972 election". Britannica. Britannia. Retrieved 3 February 2023.
  6. "Archived copy" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2008-08-07
  7. Hansen, Joseph (1986). Cosmetics, fashions, and the exploitation of women (First ed.). New York: Pathfinder Press. pp. 58–59. ISBN 9780873486583. Retrieved 3 February 2023