Everline Kimwei
Everline Kemunto Kimwei (o tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi le botlhano (25) ka ngwaga wa 1987) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya. Phitlhelelo ya gagwe e kgolo e ne e le mmentlele wa gauta wa setlhopha kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa go Taboga mo Tseleng tsa IAAF tsa ngwaga wa 2007, koo a neng a le mo maemong a borataro gone. Ke motshwari-mmogo wa rekoto ya Aforika ya go taboga ga mmarathone wa ekiden, ka ntlha ya go taboga ga gagwe ga phenyo kwa Kenya kwa Chiba Ekiden ka ngwaga wa 2006.[1][2]
Kimwei o ne a gapa mmentlele wa selefera wa setlhopha fa a ne a le mosha kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa IAAF tsa ngwaga wa 2004 tsa go Kgabaganya Naga. O tshotse maemo a a gaisang mo lefatsheng a basha mo sekgaleng sa 15K le 20K, ka dinako tsa metsotso e le 47:39 le metsotso e le 65:04, ka go latelana. Maduo ano ka bobedi a ne a fitlhelelwa kwa Half Marathon ya Basadi ya Kobe ya ngwaga wa 2006, e a neng a e fenya. Kimwei o ne a nna kwa Japane bontsi jwa botshelo jwa gagwe jwa bosha mme o ne a atlega thata koo. O fentse Matsue 10K le Halofo ya Marathone wa Basadi wa Sanyo ka bobedi jwa ngwaga wa 2005 le ngwaga wa 2007. Gape o ne a nna le mafelo a mararo a a kwa godimo kwa Metshamekong ya Gauta ya Nobeoka, Boditšhabatšhaba jwa Shizuoka, Di-Relay tsa Hyogo le Halofo ya Marathone wa Sapporo. E ne e le mmampodi wa ngwaga wa 2007 wa Dikhamphani tsa Japane mo godimo ga 10K.[3]
Tiro ya gagwe e khutshwane ya go taboga marathone e simolotse kwa Marathone wa Mumbai wa ngwaga wa 2008, koo a neng a rekota diura di le 2:32:51 tse di gaisang mo botshelong jwa gagwe.[4]O ne a latela seno ka go taboga kwa Marathone wa London wa ngwaga wa 2008, koo a neng a palelwa ke go fetsa gone. O ne a fenya Marathone wa Colombo moragonyana mo ngwageng oo mme a tlhagelela la bofelo kwa Marathone wa Istanbul, a fetsa sentle kwa ntle ga kganetsano ka diura di le 3:20:05.[3]
Dikgaisano tsa boditšhabatšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]| Year | Competition | Venue | Position | Event | Notes |
|---|---|---|---|---|---|
| 2004 | World Cross Country Championships | Brussels, Belgium | 16th | Junior race | 21:41 |
| 2nd | Team | 36 pts | |||
| 2007 | World Road Running Championships | Udine, Italy | 6th | Half marathon | 1:08:39 |
| 1st | Team | 3:23:33 |
Dilo tse di gaisang
[fetola | Fetola Motswedi]- 3000 metres – 9:06.84 min (2007)
- 5000 metres – 15:14.15 min (2005)
- 10,000 metres – 31:16.50 min (2006)
- 10K run – 31:18 min (2007)
- Half marathon – 68:39 min (2007)
- Marathon – 2:32:51 (2008)
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Eveline Kemunto KIMWEI. All-Athletics. Retrieved on 2016-03-30.
- ↑ Nakamura, Ken (2006-11-23). Kenya dominate at Chiba Ekiden. IAAF. Retrieved on 2016-03-30
- 1 2 Everline Kimwei. Association of Road Racing Statisticians. Retrieved on 2016-03-30.
- ↑ Everlyne Kemunto Kimwei. IAAF. Retrieved on 2016-03-30.