Jump to content

Everlyne Lagat

Go tswa ko Wikipedia

Everlyne Lagat (o itsege gape jaaka Evelyn Lagat; o tshotswe ka kgwedi ya Sedimontholee thola bobedi (2) ka ngwaga wa 1980) ke motabogi wa sekgala se seleele yo o tlogetseng tiro ka diphenyo tse dintsi tsa marathone.[1][2] Lagat o na le bomonnawe ba le robongwe, botlhe ba ne ba taboga ka tsela nngwe, go akaretsa le kgaitsadie, motshameki wa Diolimpiki Bernard Lagat. [3]

Tiro ya kwa kholetšheng

[fetola | Fetola Motswedi]

Lagat o ne a tabogela Malone University Pioneers koo a neng a le karolo ya ngwaga wa 1999 NAIA Championship Cross Country team pele a nna NAIA Cross Country Champion ka ngwaga wa 2000.[4][5]O ne a tabogela kwa Yunibesithing ya Toledo Rockets le Washington State University Cougars.[6] O ne a fetsa ka 30th kwa ngwaga wa 2001 NCAA Division I Cross Country Championships.[7]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Lagat e ne e le mofenyi wa US Classic 10 km kwa Atlanta, Georgia, ka kgwedi ya Lwetse e thola bongwe (1) ka ngwaga wa 2008. O ne a fetsa a le mo maemong a ntlha ka metsotso e le masome a mararo le bone (34), a gapa $4 500. O ne a fenya San Antonio Marathon ka kgwedi ya Ngwanatsele a le lesome le bone (14) ka ngwaga wa 2010 .[8]

O ne a tsaya maemo a ntlha kwa Rite Aid Cleveland Marathon Race kwa Cleveland, Ohio, ka kgwedi ya Motsheganong e le lesome le botlhano (15),ka ngwaga wa 2011.[9]Pele ga moo, o ne a fenya Indianapolis Half ka kgwedi ya Motsheganong e le supa (7),ka ngwaga wa 2011.[10]

Ka ngwaga wa 2011, o ne a feletsa a le 2nd kwa Yihunlish Delelecha kwa Grandma's Marathon kwa Duluth, Minnesota, mme o ne a ikutlwa gore o na le tshono ya go fenya sekgele mme a rulaganya go boa gape (o ne a le wa boraro ka ngwaga wa 2010).[11][12] O ne gape a fenya kgaisano ya Crim 10K kwa Flint, Michigan, ka kgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi le bosupa (27) ngwaga oo.

Ka kgwedi ya Seetebosigo e le lesome le borataro (16), ka ngwaga wa 2012, o ne a boela kwa lobelong lwa ga Mmèmogolo. O ne a fetsa a le kwa pele, ka nako ya diura di le bobedi (2) le metsotso e le masome a mararo le boraro (33) le metsotswana e le lesome le bone (14), a tsaya madi a a kana ka $11 250.[13]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Everlyne o tswa mo lelapeng la batabogi: mogoloe ke Bernard Lagat, yo o kileng a gapa dimetlele tse pedi tsa Diolimpiki (ka ngwaga wa 2000 le ngwaga wa 2004 mo metshamekong ya 1500m). Morwarraagwe yo mongwe, Robert Cheseret o ne a fenya ngwaga wa 2011 NACAC Cross Country Championships. Kgaitsadie yo mmotlana ke Viola Lagat, yo a kileng a nna All-American gabedi kwa Florida State yo a beileng wa bobedi kwa New York City Marathon wa ngwaga wa 2021.[14][15][16][3]

  1. Ken Young; Andy Milroy, eds. (2022). "Everlyne Lagat". Mattole Valley, California: Association of Road Racing Statisticians. Retrieved 7 October 2022
  2. "Evelyn Lagat". Monaco: World Athletics. 2022. Archived from the original on 22 October 2022. Retrieved 10 October 2022.
  3. 1 2 Pates, Kevin (7 October 2022). "Running success runs in family for defending Grandma's women's champ". duluthnewstribune.com. Duluth, Minnesota: Duluth News Tribune. Retrieved 7 October 2022
  4. Scalzo, Joe (27 August 2017). "Talent, chemistry helped Pioneer women take gold in 1999". cantonrep.com. Canton, Ohio: The Canton Repository.
  5. "NAIA Woman's Cross Country Championship History" (PDF). grfx.cstv.com. Archived from the original (PDF) on 22 May 2011. Retrieved 7 October 2022.
  6. "Huskies, Cougars runners fall short of Pac-10 titles". sports. Seattle Times. Seattle, Washington. 28 October 2001. p. C16
  7. "2001 NCAA Women's Division I Cross Country Championship Results". USTFCCCA. Mountain View, California: NCAA. Archived from the original (PDF) on 19 November 2016. Retrieved 7 October 2022 – via Track and Field New
  8. Kosub, LeAnna (14 November 2010). "Lagat wins women's marathon". mysanantonio.com. San Antonio, Texas: San Antonio Express News
  9. Lubinger, Bill (19 May 2012). "Who will break the tape? That's a sticky question". Cleveland Plain Dealer. Cleveland, Ohio. p. D9
  10. Woods, David (8 May 2011). "Kenyan run ends". Indianapolis Star. Indianapolis, Indiana. p. C1
  11. Pates, Kevin (15 June 2012). "Meet the face of this year's grandma's marathon". Duluth News Tribune. Duluth, Minnesota. McClatchy-Tribune Business News.
  12. Gilbert, John (15 June 2022). "Kara Goucher wins U.S. women's half-marathon title; Berhanu Girma wins maratho". Pioneer Press. St. Paul, Minnesota.
  13. Blount, Rachel (17 June 2012). "Rain, Pain Can't Ruin Day". sports. Star Tribune. Minneapolis, Minnesota. p. C6
  14. FSU Cross Country: The Family Business. YouTube (November 15, 2012). Retrieved on 2018-02-19
  15. Longman, Jeré (2008-05-19). "In a Running Family, Someone Had to Be First". The New York Times. ISSN 0362-4331. Archived from the original on 5 January 2018. Retrieved 2017-05-20
  16. Kissane, John A. (2012-10-11). "5 Minutes with Violah Lagat". Runner's World. Archived from the original on 16 April 2016. Retrieved 2017-05-20