Jump to content

Evilastus Kaaronda

Go tswa ko Wikipedia
Evilastus Kaaronda
Tsalo1974
LetsoNamibian
TiroLeloko la lekgotla la babereki
O itsegi kaDitshwanelo tsa babereki

Evilastus Kaaronda (o o tshotsweng ka Ngwanatsele 1975 kwa Orjiwarongo)[1] ke mopolotiki le leloko la mekgatlho ya babereki kwa Namibia. Ke tautona wa South West Africa National Union (SWANU) fa e sale ka Motsheganong 2022[2], fa e sale ka Mopitlo 2023 ke ene fela a nang le setilo sa palamente sa phathi eo.[3]

Kaaronda e ne e le ntlhopheng wa botautona o a neng a emetse phathi ya SWANU ka ditlhopho tsa lefatshe tsa 2024.[4] O berekile e le mokwaledi mogolo wa lekgotla la babereki la Namibia.[5]

Kaaronda o bonwa e le leloko la lekgotla la babereki,[6] ba ba nyenyafatsang dikeletso tsa babereki gore ba sale morago matona a puso. Dikganetso tsa gagwe di akaretsa kemo nokeng ya dituelo tse di lebaneng batho, go sa tshephe di konteraka tsa nakwana  tse di tlang ka lenaneo la TIPEEG[7], go batla go tshwaya phoso ba ba neng ba okametse letlole la ba ba tlogelang tiro ka bogodi la didikadike di le N$600 le le jelweng ka dipeeletso tsa dikompone tsa sepolotiki le go tokafatsa maemo a babereki go na le go di fokotsa ka ntlha ya dipeeletso tsa mafatshe.[8]

Ka Moranang 2012, tlhotlhomiso kgatlhanong le Kaaronda e ne ya simololwa morago ga dikakanyetso tsa go tlhoka go tshwara madi sentle, bogolo jang Kaaronda o ne a akanyediwa go bo a buile mafoko a a sa dumalanwang se se ne sa nyenyafatsa makgotla a a amanang le NUNW.[9] Ka 2012, Kaaronda o ne a lelekiwa mo tirong mo NUNW ga mmogo le tautona wa yone Elias Manga, ba supa go tlhoka go obamela ditiro le maikarabelo a gagwe.[10] Ba ne ba emelwa ke Connie Pandeni le Alfred Angula. Ka 2014, Kaaronda o ne a le mosola thata mo go tlhameng lekgotla la babereki la maemo a ntlha la Namibia National Labour Organization (NANLO).

  1. Mumbuu, Edward (26 November 2024). "Namibia's choice: Pretenders vs Contenders". New Era.
  2. "Evalistus Kaaronda new SWANU of Namibia president". NBC. 2022.
  3. "Iijambo ponders future after parliament". The Namibian. 28 March 2023.
  4. "Kaaronda faces uphill battle to revive Swanu". The Namibian. 5 May 2022.
  5. Kaaronda to be investigated The Namibian, 17 April 2011
  6. "A different breed of unionist". Insight magazine Archived 2022-01-15 at the Wayback Machine, Namibia. July, 2011.
  7. "Targeted Intervention Programme for Employment and Economic Growth" Archived 2011-06-26 at the Wayback Machine, National Planning Commission, 2011.
  8. "The party leaders have forgotten how poor people live" Interview with Evilastus Kaaronda. Insight magazine Archived 2022-01-15 at the Wayback Machine, Namibia. July, 2011.
  9. Kaaronda under siege New Era, 12 April 2011
  10. "Namibia: Evilastus Kaaronda Fired - allAfrica.com".