Faida Mitifu
Faidu Mitifu | |
|---|---|
| Tsalo | Mopitlo a le lesome le borataro ngwaga wa 1959 |
| Tiro | Moemedi wa mafatshe |
Faida Maramuke Mitifu ( o o tshotsweng ka Mopitlo a le lesome leborataro ngwaga wa 1959)[1] e ne e le moemedi wa lefatshe la Democratic Republic of the Congo kwa United States, go tswa ka 1998 go tsena 2015.
Faida Mitifu o tshotswe ka Mopitlo a le malatsi a a lesome le borataro ngwaga wa 1959 kwa Bukavu, Kivu kwa Democratic Republic of the Congo.[2] E ne e le ene a motona mo baneng ba le lesome ba morutabana wa sekolo se sebotlana.[3]
Mitifu o ithutetse biochemistry kwa Université Nationale du Záire kwa Kinshasa, a aloga gape ka master's degree ya dithuto tsa French go tswa kwa Auburn University kwa Alabama ka 1988, le doctorate ya diteme tsa marato go tswa kwa University of Georgia kwa Athens ka 1994.[1][3] O rutile kwa University of Georgia go tswa ka 1994 go tsena 1997, le kwa Columbus State University kwa Columbus, Georgia go tswa ka 1997 go tsena 1998.[3]
Fa a le kwa United States, Mitifu e ne e le leloko la All North American Conference on Zaire (ANACOZA), setlhopha sa barutuntshi ba Congo kwa United States ba ba neng ba le kgatlhanong le puso ya ga Mobutu Sese Seko. Fa Laurent Kabila a nna tautona, o ne a tlhopha maloko a ANACOZA a le mane mo maemong a a kwa godimo, ba akaretsa Mitifu.[1] O gorogile kwa Washington DC e le moemedi ka Phukwi a le masome mararo ngwaga wa 1998, malatsi a le mabedi pele ga ntwa ya bobedi ya Congo e simologa.[4] Fa tlogela maemo ao ka 2015, e ne e le mongwe wa baemedi ba ba berekileng ka lobaka kwa Washington.[1]
O ithotse marapo ka Ngwanatsele 2015, a tlhama FMM Consulting Services, e e rotloetsang dipeeletso mo Aforika.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 Kisangani, Emizet François (2016). Historical dictionary of the Democratic Republic of the Congo. Historical dictionaries of Africa (Fourth ed.). London: Rowman & Littlefield. ISBN 978-1-4422-7315-3.
- ↑ "allAfrica.com: myAfrica". myafrica.allafrica.com. Retrieved 2025-10-31
- 1 2 3 4 "Auburn graduate and accomplished diplomat discusses her time working in foreign service". cla.auburn.edu. 2021-10-15. Retrieved 2025-10-31
- ↑ Séphocle, Marilyn (2000). Then, they were twelve: the women of Washington's Embassy Row. Westport, Connecticut: Praeger. ISBN 978-0-275-96833-5.