Jump to content

Fancy Chemutai

Go tswa ko Wikipedia

Fancy Chemutai (o tshotswe ka kgwedi ya Mopitlwe e le masome a mabedi,ngwaga wa 1995) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o itsegeng ka go taboga sephatho sa lebelo la marathone. [1]

O ne a fetsa a le wa boraro fa a ne a simolola go tsenela Prague Half Marathon mme a fenya Göteborgsvarvet kwa Gothenburg ka nako ya 1:07:58. Ka di 22 Diphalane 2017 kwa Valencia, o ne a feletsa a le wa bobedi morago ga Joyciline Jepkosgei, motabogi yo mongwe wa sekgala se seleele wa kwa Kenya. [2]

Ka ngwaga wa 2018, o ne a fenya RAK Half Marathon, ka nako ya 1:04:52, e e neng e le ya bobedi e e bofefo go gaisa mo lefatsheng, a feta rekoto ya lefatshe e e neng e tshwerwe ke Joyciline Jepkosgei ka motsotswana o le mongwe. Ka ngwaga wa 2019 kwa B.A.A. 10K, e e neng ya neelwa ke Brigham le Women's Hospital, Chemutai e ne ya tlhoma rekoto e ntšha ya basadi ya 30:36.[3]

  1. "Fancy CHEMUTAI | Profile | iaaf.org". IAAF. Retrieved 2019-03-19.
  2. "Jepkosgei breaks four world records at Prague Half Marathon| News | iaaf.org". IAAF. Retrieved 2019-03-19.
  3. "Fancy Chemutai (30:36) Smashes Shalane Flanagan's Course Record at BAA 10k, David Bett Sprints To Men's Title in 28:08". LetsRun.com. 2019-06-24. Retrieved 2022-01-15.