Jump to content

Fanele Ntuli

Go tswa ko Wikipedia
Fanele Ntuli
Tsalo
Fanele Ntuli

(1991-03-07) 7 March 1991 (age 34)
ThutoDurban Girls' High School
Alma materOaksfields College
TiroActress, Television presenter, YouTuber
Dingwaga tsa a le mo tirong2013–present
O itsegi kaUzalo as Nomaswazi Magwaza

Fanele Ntuli (o tshotswe ka letsatsi la bosupa ka Mopitlo 1991), ke modiragatsi wa Aforika Borwa, mogasi wa thelebišene le modiri wa YouTube.[1] O itsege thata ka dikarolo tsa gagwe mo difiliming tsa thelebišene tsa Uzalo le Durban Gen.[2][3]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O tsene kwa Sekolong se Segolo sa Basetsana sa Durban ka 2003 mme a dira materiki ka 2008. Mme ka 2013, o ne a bona Setlankana se se Kwa Godimo sa dithuto tsa Drama go tswa kwa Kholetšheng ya Oaksfields.[4]

Mo botshelong jwa gagwe kwa Oaksfields College, o ne a diragatsa mo ditlhagisong tsa bobogelo tse di jaaka; In Love With Shakespeare ka seabe sa "Mohumagadi Mac Beth", mo The Story of Jane Doe jaaka "Mooki Coco" le mo Imagine jaaka "Michelle, mmamaasalamose". Ka 2015, o ile a iponatsa lantlha mo thelebisheneng ka karolo e nnye ya "School girl" mo soapie ya Isibaya. Mme ka 2016, o ne a tsenelela motseletsele wa Uzalo go tshameka karolo ya "Mandisa".[4] Morago ga katlego eo, o ne a kopanela le batshameki ba ka metlha ba e.tv. drama ya kalafi ya thelebišene ya Durban Gen, moo a tshamekang karolo ya "Ngaka Thandekile Zondo".[5] Jaanong o tshameka karolo ya "Nomaswazi Magwaza" mo motseletseleng wa Uzalo morago ga go tshameka karolo ya "Mandisa" ka 2016.

Ngwaga Filimi Karolo Genre Ref.
2022 Uzalo Nomsawazi Magwaza Sophie
2015 Isibaya School Girl telenovela
2019 Ifalakhe Zanezulu TV series
2019-2023 Durban Gen Dr Thandekile Zondo Telenovela
  1. "Fanele Ntuli Biography". Savanna News. 10 October 2020. Retrieved 28 Phalane 2025.
  2. "Elysian Management - Artist". Elysian Management. Retrieved 28 Phalane 2025.
  3. styleyou (28 July 2021). "Dr. Zondo from Durban Gen currently left fans in a frenzy with her latest look". style you 7. Retrieved 28 Phalane 2025.
  4. 1 2 "Fanele Ntuli career" (PDF). talent-etc.co.za. Archived from the original (PDF) on 13 November 2021. Retrieved 28 Phalane 2025.
  5. actors, Durban Gen; celebrities, their ages-Southern African (8 July 2021). "Get to know Dr Zondo from Durban Gen in real life". Southern African celebrities. Archived from the original on 13 November 2021. Retrieved 28 Phalane 2025.