Fasil Ghebbi
Fasil Ghebbi ke kago e e kwa Gondar, Kgaolong ya Amhara, Ethiopia. E ne ya agiwa ka lekgolo la bo17 la dingwaga ke Mmusimogolo Fasilides mme e ne e le legae la babusibagolo ba Ethiopia. Kago ya yone e e tlhomologileng e bontsha tlhotlheletso e e farologaneng go akaretsa ya Sepotokisi, Sehindu le ya Searabia. Ka ntlha ya botlhokwa jwa yone jwa hisetori le kago ya teng, kago eno e ne ya tsenngwa mo lenaaneng la UNESCO lla Mafelo a ngwao a selefatshe ka 1979.50Ghebbi ke lefoko la Se-Amharic le le rayang kago kgotsa lefelo le le ttswaletsweng.
Kago eno e na le ntlo ya phemelo ya ga Fasilides, ntlo ya phemelo ya ga Iyasu I, Holo ya ga Dawit III, ntlo ya phemelo ya ga Kgosigadi Mentewab, ntlo ya phemelo le laeborari ya ga Yohannes I, ntlo ya phemelo ya ga mmusimogolo Bakaffa, matlwana a dipitse le dikereke di le tharo: Asasame Qeddus Mikael, Elfign Giyorgis le Gemjabet Mariyam.
Hisitori
[fetola | Fetola Motswedi]Tshimologo ya Fasil Ghebbi e simolotswe ke ngwao ya bogologolo ya babusibagolo ba Ethiopia ba ba neng ba tsamaya mo mafelong a bone, ba tshela ka dikuno tsa balemirui le go nna mo ditenteng. Go bontsha kamano eno, lefelo leno le ne le bidiwa katama ("kampa" kgotsa "lefelo le le sireletsegileng") kgotsa makkababya, leina le le neng le dirisiwa mo kampeng ya segosi mo go Royal Chronicle ya Baeda Maryam. 3] Mmusimogolo Fasilides o ne a kgaogana le ngwao eno ya go tswelela pele ka dikgaolo, mme a tlhoma motse wa Gondar jaaka motsemogolo wa gagwe; go nna teng ga one go dira gore motse ono o nne botlhokwa mo hisitoring. Mo motsemogolong, Fasilides o ne a laela gore go agiwe kago e kgolo, ya Fasil Ghebbi kgotsa ya Fasilides. Dikgosi tse di neng tsa latela tse di jaaka Yohannes I, Iyasu I le Dawit III ba ne ba ikagela dikago tsa bone mo lefelong le le lengwe la segosi, ba oketsa lefelo le le dikologileng ka tsela e e gakgamatsang. Dikago tseno di ne di dirilwe ka basalt e e borokwa mme di kgabisitswe ka tuff ya mmala wa beine ya lefelo leo. Matlo ano a segosi a ne a lebega jaaka dikago tsa phemelo mme gantsi a ne a kgabisitswe ka ditshwantsho tse di takilweng le mekwalo ya seatla e e nang le ditshwantsho, e gantsi e neng e direlwa dikereke le batlotlegi.
Bontsi jwa dikago tse di kwa Fasil Ghebbi ga di a falola ditiragalo tsa nako eo, mme lefelo le santse le humile ka dikago tse di neng tsa tlhabololwa ka bobedi ke batlhasedi ba Italy kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo1930 le morago ga gore Ethiopia e bone boipuso jwa yone. Lefelo leno le ne la begwa jaaka Lefelo la Ngwao-Boswa jwa Lefatshe ke UNESCO ka 1979, e e neng ya bolela mo tshwetsong ya yone gore le emela ka boikanyego tlhabologo ya segompieno ya Ethiopia kwa bokone jwa Letsha la Tana e e neng ya tlhagelela kwa tshimologong ya lekgolo la bo 17 la dingwaga mme ya tlhotlheletsa tsela ya go aga ya Ethiopia ka dingwaga di le dintsi. Fasil Ghebbi gape e akaretsa Fasilides Baths, kago e e bolelwang e le ya ga Mmusimogolo Fasilides, le Imperial Complex [am] ya Empress Mentewab kwa Kuskam, e e tsewang e le nngwe ya mafelo a a botlhokwa thata a bojanala mo nageng.
Tlhaloso
[fetola | Fetola Motswedi]Lefelo la Fasil Ghebbi le bogolo jwa disekweremetara di ka nna 70,000 (750,000 sq ft). Kwa borwa jwa yone go na le Adababay, lefelo la mmaraka la toropo ya Gondar, koo dikitsiso tsa bogosi di neng di dirwa teng, masole a ne a tlhagisiwa, mme dikebekwa di ne tsa bolawa; ga jaana ke phaka ya toropo.
Holo ya ga Dawit e kwa karolong e e kwa bokone ya lefelo le le dikaganyeditsweng, e bapile le kago e go tweng ke ya ga Bakaffa le kereke ya ga Asasame Qeddus Mikael. Stuart Munro-Hay o tlhalosa gore seno se ka tswa se bakilwe ke go sa tlhaloganye sentle se se buiwang ke Se-Amharic sa zofan bet ("House of the Divan" kgotsa "House of the Throne") e le zafan bet ("House of Song"). Munro-Hay o e tlhalosa e le "kago e kgolo ya matlhatlaganyane a le mabedi e e nang le tora e e kgolokwe kwa sekhutlong sa borwabotlhaba", e e nang le masalela a tora e potlana e e kgolokwe kwa sekhutlong sa bokone-botlhaba le masalela a tora e e sekwere kwa sekhutlong sa bokone-bophirima "e bontsi jwa yone e wetseng fa fatshe". Karolo e e kwa teng ya kago eno ke holo e le nngwe e telele, e "difensetere tse di tlwaelegileng tse di motopo le dikgoro tsa yone di neng di dira gore go nne le lesedi le gore batho ba kgone go tsena". Go tloga ka 2002, Dawit's Hall ga e na marulelo.
Fasil Ghebbi e dikologilwe ke lobota lwa dimetara di le 900 lo lo kgabaganyang dikgoro di le lesome le bobedi. Tsona ke, ka tatelano e e kgatlhanong le ya tshupanako: Fit Ber (e gape e bidiwang Jan Tekle Ber) e e bulang mo Adababay; Wember Ber (Kgoro ya Baatlhodi); Tazkaro Ber (Kgoro ya Segopotso sa Phitlho), e e neng e na le borogo jo bo neng jwa senngwa ke ntwa ka nako ya puso ya Iyasu II; Azaj Tequre Ber (Kgoro ya Azaj Tequre), e e kileng ya bo e golagantswe ka borogo go ya kwa kerekeng ya Adababay Tekle Haymanot; Adenager Ber (Kgoro ya Ba-Spinner), e e neng e golagantswe ka borogo go ya kwa kerekeng ya Qeddus Rafael mo karolong ya baoki ya Gondar; Qwali Ber (Kgoro ya Batlhokomedi ba Kgosigadi), e e gaufi le kgoro ya segompieno ya Elfin Giyorgis e e mo teng ga Kgolagano ya Bergis; Imbilta Ber (Kgoro ya Baatlhodi); Berf Elf (Kgoro ya Ntlo ya Segosi), e e neng e ya kwa lebaleng la kereke ya Gimjabet Mariyam.