Jump to content

Fatou Jeng

Go tswa ko Wikipedia
Fatou Jeng
TsaloLwetse a le masome mararo ngwaga wa 1996
ThutoUniversity of the Gambia University of Sussex
TiroMolwela ditshwanelo
O itsegi kaGo lwela ditshwanelo tsa seemo sa loapi, go lwela ditshwanelo tsa bomme
O fetheletseSeetsele sa QTV sa dipuisano tsa banana ba Gambia ka 2019, Seetsele sa bomme ba ba eteletseng pele ditshwanelo tsa tikologo ka 2023

Fatou Jeng (o o tshotsweng ka Lwetse a le masome mararo ngwaga wa 1996 kwa Banjul, The Gambia) ke molwela ditshwanelo wa tsa seemo sa loapi wa monana.[1][2] E ne e le mongwe wa banana ba Gambia ba le masome mararo ba ba nang le thotloetso ka 2019.[3] O tlhageletse gape mo lenaaneng la Forbes Africa la banana ba baeteledipele ba ba agang bokamoso jwa Aforika ba le masome mararo ba ba dingwaga di kwa tlase ga masome a mararo.[1]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Fatou Jeng o tshotswe ka Lwetse a le masome mararo ngwaga wa 1996 kwa Banjul kwa The Gambia.[2] O tsene sekolo kwa University of the Gambia, e le tautona wa ntlha wa mme wa baithuti ba sekolo seo.[3][4][5] Jeng o alogile gape kwa University of Sussex ka master's degree ya tikologo, tlhabololo le melao, o amogetse gape dithuso tsa madi tsa sekolo tsa Chevening.[6]

O nyetswe ke Adama Nije, mmogo ba na le ngwana wa mosimane, Muhammed A, Nije.

Go lwela ditshwanelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Jeng o tlhamile lekgotla le le ikemetseng ebile le sena dipoelo, le eteletswe pele ke banana la Clean Earth Gambia. Maikaelelo a lekgotla leo ke go tsibosa batho ka dikgang tse di amang tikologo, bogolo jang phetogo ya seemo sa loapi. Lekgotla la gagwe, le berekisana le la UNICEF Gambia le puso ya the Gambia le rulagantse bokopano jwa ntlha jwa bana le banana jwa seemo sa loapi, mmogo ba dira lenaneo la lefatshe la seemo sa loapi. Ba bereka go ruta le go katisa bana ba dikolo ba feta makgolo a matlhano ka phetogo ya seemo sa loapi, go lema ditlhare di feta dikete di le masome a mararo, ga mmogo le go rarabolola dikgang tse dingwe tsa tikologo mo magaeng.[7][8][9]

Ka ngwaga wa 2019, e ne e le mongwe wa batho ba le masome mararo ba ba tlhophilweng go ya bokopanong jwa ntlha jwa UNFCC YOUNGO, kemedi ya banana go buisana ka phetogo ya seemo sa loapi.[10] Kwa bokopanong jwa united Nations o ne a goga kwa tlhogong peo molao ya bong le phetogo ya seemo sa loapi ga mmogo le molao wa bomme le bong. Ka 2019 gape, o thusitse go etelela pele go nna teng ga banana ka beke ya seemo sa loapi ya Aforika.[11]

E ne e le monana wa kgwedi ka Seetebosigo 2019 kwa QTV mo dipuisanong tsa banana ba Gambia ka go bo a buelela phetogo ya seemo sa loapi,[12] Whatson Gambia e mo tlhalositse fa e le mongwe wa banana ba Gambia ba ba masome mararo ba ba nang le thotloetso.[3] Ofisi ya United Nations e e kwa lefatsheng la gagwe la the Gambia e mo supile fa e le monana wa tlhwatlhwa mo go bueleleng ditshwanelo tsa seemo sa loapi gape a na le tlhotlheletso mo peong molao wa bong le phetogo ya seemo sa loapi.[2]

"Bomme ba na le seabe se setona mo ditsamaisong tsa dijo ebile ke batlhokomedi le balwela ditshwanelo, se se raya gore ba mo seemong se se siameng go emelela seemo sa loapi ka nako e telele." Go buelela go akarediwa ga bathong ba bong bo bo farologaneng mo go tseeng dikgato ka seemo sa loapi ga ga Fatou go nnile le seabe se setona mo dithusong tsa madi a a kanang ka diponto di le didikadike di le lekgolo, masome a marataro le botlhano go tswa kwa UK go tokafatsa tekatekano ya bong mo go tseyeng dikgato ka seemo sa loapi, mo go itisitsweng ke tautona wa COP27 Alok Sharma[13] ka Ngwanatsele 2021.

Ka Morule 2020, Jeng e ne e le bontlha jwa setlhopha sa bomme ba mafatshefatshe ba robabongwe le balwela ditshwanelo ba e seng ba bong bope ba ba neng ba gatisa lokwalo mo Thomson Reuters lo kwaletswe baeteledipele ba mafatshefatshe lo filwe setlhogo sa "Jaaka tumalano ya Paris ka phetogo ya seemo sa loapi e le mo ngwageng wa botlhano, kgato ya potlako mo matshosetsing a seemo sa loapi e a tlhokega gone jaana". Setlhopha se se ne se akaretsa Mitzi Jonelle Tan (wa kwa Philippines), Belyndar Rikimani (wa kwa Solomon Islands), Leonie Bremer (wa kwa Germany), Laura Veronica Muñoz (wa kwa Colombia), Saoi O'Connor (wa kwa Ireland), Disha Ravi (wa kwa India), Hilda Flavia Nakabuye (wa kwa Uganda) le Sofia Hernández Salazar (wa kwa Costa Rica).[14]

Ka ngwaga wa 2021, o ne a lemogiwa go nna mongwe wa baeteleipele ba banana ba Aforika ba ba lekgolo ba ba somarelang tikologo ke African Alliance ya YMCA, letlole la diphologolo tsa naga tsa Aforika, le makgotla a mangwe a mafatshefatshe a a ikemetseng. O ne a thapiwa gape go nna leloko la lekgotlana la Soft Power Bowel la ga tonakgolo wa pele wa Italy, gape o tlhageletse mo dipuisanong le UNFCC,[15] BBC le DW.[16][17]

Ka Mopitlo 2023, mokwaledi mogolo wa lekgotla la United Nations o ne a itsise fa Fatou le la ba bangwe ba le barataro[18] e le maloko a setlhopha sa bogakolodi jwa banana jwa phetogo ya seemo sa loapi go mo fa dikgakololo tse di ka mo solegelang molemo ebile di na le maduo, dikakanyo tse di farologaneng tsa banana le dikgakololo tse di tsepameng, se remeletse mo go iseng pele go diragatsa lenaneo la gagwe la go tsaya kgato ka seemo sa loapi. O mo setlhopheng sa bagokolodi ba United Nations Early Warning System for All Initiative e le moemedi wa banana mo setlhopheng seo.[19]

Ka ngwaga wa 2023, Jeng o ne tsere karolo mo puisanong kwa bokopanong jwa kwa Athens Greece.[6]

  • Seetsele sa QTV Gambian Youth Dialogue ka Seetebosigo 2019[12]
  • Seetsele sa bomme ba ba eteletseng pele ditshwanelo tsa tikologo ka 2023[20][21]
  • Seetsele sa banana sa moletlo wa Greentech ka Seetebosigo 2024[22]
  • Seetsele sa Forbes sa batho ba ba dingwaga di kwa tlase ga masome a mararo ba le masome a mararo[2]

Ditshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 "'We, too, want to be heard,' young African climate champions cry out". The East African. 5 July 2020. Archived from the original on 2021-04-27. Retrieved 2026-01-28
  2. 1 2 3 4 "From the Streets of Banjul to The Frontlines of COP26 | United Nations in The Gambia". gambia.un.org. Retrieved 2026-01-28 [permanent dead link]
  3. 1 2 3 Saja. "The 30 most influential young Gambians of 2019". www.whatson-gambia.com. Archived from the original on 2020-10-31. Retrieved 2026-01-28
  4. "Gambian Women: Role models for fruitful and equal opportunities | Commonwealth Scholarship Commission in the UK". Retrieved 2026-01-28
  5. "UTG Elects 1st Female President". The Digest. 2018-03-30. Archived from the original on 2020-11-14. Retrieved 2026-01-28
  6. 1 2 Brownell, Ginanne (2023-10-03). "Across Africa, Young Leaders Emerge to Push for Change". The New York Times. ISSN 0362-4331. Retrieved 2026-01-28
  7. "Meet the eight African women shaping the future of the continent". Landscape News. 2021-05-25. Retrieved 2026-01-28
  8. Times, The Alkamba (2024-07-14). "Clean Earth Gambia, Partners Hosts First National Children and Youth Climate Change Conference". The Alkamba Times. Retrieved 2026-01-28
  9. "Clean Earth Gambia hosts maiden climate confab - The Point". thepoint.gm. Retrieved 2026-01-28
  10. "SDG 13: Take urgent action to combat climate change and its impacts" (PDF). Proceedings 8th Economic and Social Council Youth Forum.
  11. "Know More About The First Female President Of The University of the Gambia. | Afrinity Productions". 2020-10-07. Retrieved 2026-01-28
  12. 1 2 "YOUTH DIALOGUE 12.06.19". QTV Gambia.
  13. "UK boost to advance gender equality in climate action". GOV.UK. Retrieved 2026-01-28
  14. "There's no time left for diplomacy. Now it's time for action". Thomas Reuters Foundation News. December 9, 2020. Retrieved 2026-01-28
  15. Climate Action Studio SB48: Fatou Jeng final, Plant for the Planet initiative, Gambia, 3 May 2018, retrieved 2026-01-28
  16. "Climate strikers are back on the streets – DW – 09/25/2020". dw.com. Retrieved 2026-01-28
  17. "Fatou Jeng – Founder of Clean Earth Gambia – Soft Power Club" (in Italian). 1970-01-01. Retrieved 2026-01-28
  18. "UN announces new advisers to bolster young voices on climate". AP News. 2023-03-16. Retrieved 2026-01-28
  19. Nations, United. "The Youth Advisory Group on Climate Change". United Nations. Retrieved 2026-01-28
  20. "Women Championing Environmental Rights" (PDF). Human Rights Recognition Awards 2023 Publication. p. 10.
  21. "Geneva Centre for Human Rights Advancement and Global Dialogue on LinkedIn: #hrra2023 #hrra2023 #womenchampioningrights #humanrightsday". www.linkedin.com. Retrieved 2026-01-28
  22. "GREEN AWARDS". GTF Berlin. Retrieved 2026-01-28