Jump to content

Fenny Gaolaolwe

Go tswa ko Wikipedia
Fenny Gaolaolwe
Leloko la khansele ya dilthabololo magae kwa Bokone Bophirima
In office
Morule a le malatsi a marataro ngwaga wa 2018  Motsheganong a le malatsi a supa ngwaga wa 2019
PremierJob Mokgoro
Pele Ga GagweHoffman Galeng
Morago Ga GagweBoitumelo Moiloa
Leloko la khansele ya dilthabololo magae kwa Bokone Bophirima
In office
Motsheganong a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 2014  Motsheganong a le malatsi a robaboboedi ngwaga wa 2016
PremierSupra Mahumapelo
Pele Ga GagweOntlametse Mochware
Morago Ga GagweKgakgamatso Nkweu
Leloko la khansele ya selegae le bonno
In office
Motsheganong a le malatsi a ferabobedi ngwaga wa 2016  Morule a le malatsi a marataro ngwaga wa 2018
PremierSupra Mahumapelo
Pele Ga GagweCollen Maine
Morago Ga GagweMotlalepula Rosho
Ka Ga Ena
Moagi WaAforika Borwa
MokgatlhoAfrican National Congress

Galaletsang Fenny Gaolaolwe, o o itsegeng ka leina la Fenny Motladiile, ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa o o emetseng African National Congress (ANC) kwa lekgotleng la molao la Bokone Bophirima go fitlhelela ka Motsheganong 2019, fa a ne a retelelwa ke go bona tlhopho gape. Ka dingwaga tsa 2014 le 2019, o ne a bereka mo khanseleng ya Bokone Bophirima ka fa tlase ga baeteledipele Supra Mahumapelo le Job Mokgoro: o berekile e le leloko la khansele ya Bokone Bophirima mo tlhabololong ya selegae go tswa ka 2014 go tsena 2016 le 2018 go tsena 2019, a nna mokhanselara wa selegae le bonno go tswa ka 2016 go tsena 2018.

Pereko mo palamenteng

[fetola | Fetola Motswedi]

Gaolaolwe o ne a tlhophiwa go ya palamenteng ya kgaolo ya Bokone Bophirima ka ditlhopho tsa 2009, a le mo maemong a masome mabedi le botlhano mo lenaaneng la ANC,[1] o ne a tlhophiwa gape mo ditlhophong tsa 2014, a le mo maemong a masome mabedi le boraro.[2] Gaolaolwe o ne a tlhomiwa mo khanseleng ya Bokone Bophirima e le mokhanselara wa tlhabololo magae. Moeteledipele Supra Mahumapelo pele o ne a thapile Ontlametse Mochware mo maemong ao, mme Mochware o ne a ithotse marapo ka ntlha ya semolao.[3]

Ka Motsheganong a le malatsi a robabobedi ngwaga wa 2016, Mahumapelo o ne a tswakanya matona, Gaolaolwe a fudusediwa kwa maemong a masha a mokhanselara wa selegae le bonno. O ne a tlhatlhama Collen Maine, o a neng a dule mo maemong ao morago ga go tlhophiwa tautona wa lekgotla la banana la ANC.[4] Fa godimo ga foo, Gaolaolwe o ne a nna mokhanselara wa nakwana wa tlhabololo magae go tswa ka Phukwi 2016 go fitlhelela Phukwi 2017 morago ga go tlhokafala ga ga Kgakgamatso Nkewu.[5]

O ne a nna mo ofising e le mokhanselara wa magae le bonno ka nako ya boeteledipele jwa ga Mahumapelo, le o o tlhatlhameng Mahumapelo ebong Job Mokgoro. Mo tswakanyong ya ga Mokgoro e e itsisitsweng ka Morule a le malatsi a marataro ngwaga wa 2018,o nea busediwa kwa ofising ya gagwe e kgologolo ya tlhabololo magae.[6][7] One a nna mo ofising eo go fitlhelela ka ditlhopho tsa 2019, fa a ne a nna mo maemong a masome mararo a lenaane la ANC, a retelelwa ke go tlhophiwa gape mo khanseleng[2]

  1. "North West MPLs elected April 22". Politicsweb. 22 April 2009. Retrieved 20 November 2025
  2. 1 2 "Galaletsang Fenny Gaolaolwe". People's Assembly. Retrieved 20 November 2025
  3. "North West MEC hired and fired on same day". Business Day. 29 May 2014. Retrieved 20 November 2025
  4. "North West cabinet reshuffle sees four new members". Business Day. 9 May 2016. Retrieved 20 November 2025
  5. Montsho, Molaole (8 August 2017). "Mahumapelo appoints two new MECs". IOL. Retrieved 20 November 2025
  6. "North West cabinet reshuffle to improve governance". South African Government News Agency. 7 December 2018. Retrieved 20 November 2025
  7. "North West premier fires four MECs and recycles cabinet". Sowetan. 6 December 2018. Retrieved 20 November 2025