Jump to content

Ferdinand Postma Laeborari

Go tswa ko Wikipedia

Ferdinand Postma Laeborari[1] ke laeborari e kgolo mo Khamphaseng ya Potchefstroom[2] ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima[3].

Leje la motheo la Laeborari ya Ferdinand Postma[4] le ne la bewa ka la bo 17 Mopitlwe 1951 ka letsatsi le le tshwanang le boipuso jwa Yunibesithi ya Potchefstroom ya Thuto e e Kwa Godimo ya Bokeresete (PU ya CHE)[5]. E teeletswe ka boikgantsho go tlotla Moporofesa Ferdinand Postma yo annileng Moreketoro wa Yunibesiti ya Bokone Bophirima dingwaga dile 29 a nna le kgolagano le yunibesiti dingwaga di le 46.

Laeborari ya ntlha e ne e agilwe mo dikagong tsa tshipi e e masenke go fitlha e nna le diphaposi mo kagong e ntšha e kgolo ka 1931. Bokhutlo jo bo tshosang jwa paka eno ya botshelo jwa laeborari, masetlapelo a molelo a 23 Tlhakole 1949. Molelo o ka bo o ne o le mo lefukeng la bokonebotlhaba jwa boalo jwa ntlha fela, mme laeborari e ne ya sala e le marope. Go balelwa gore dibuka di le 30 000 le dimakasine di le 4 000 di ne tsa senngwa ke molelo ono. Gareng ga dilo tse di neng di ka se emisediwe ka tse dingwe go ne go na le mekwalo ya ntlhantlha ya dibuka tsa mokwadi e bong Jan F. Cilliers[6]. Ka bonako fela go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go aga kago e ntšha ya segompieno ya laeborari Ka di 29 tsa Ngwanatsele 1952, go ne ga simololwa go aga kago e ntšha ya Laeborari e e kgabisitsweng le e e dirang sentle.Kago e ne e tlhamilwe ke baagi ba dipolane Meiring le Naude mme ya agiwa ke feme ya Van Heerden le Johnson mme e ne ya ja madi a a ka nnang £ 65 000 (R 128 000).

Fa laeborari e ntšha e sena go agiwa, e ne e na le lefelo la go boloka , mafelo a go ithuta a a sa kgorelediweng a baithuti ba le 160 mo holong ya go ithuta le diphaposi tse dinnye di le 12 tsa go ithuta tsa baithuti ba ba dirang patlisiso e e gatetseng pele. Go dirilwe paakanyetso e e lekaneng ya lefelo la diofisi le la tiro la maloko a badiri ba laeborari, la sedirisiwa sa go bofa dibuka se se tlhometsweng sentle, karolo ya dinepe le diphaposi di le mmalwa tsa diseminara.

  1. https://www.nwu.ac.za/library_PC
  2. Potchefstroom
  3. Yunibesithi ya Bokone Bophirima
  4. https://en.wikipedia.org/wiki/Ferdinand_Postma
  5. https://en.wikipedia.org/wiki/Potchefstroom_University_for_Christian_Higher_Education
  6. https://www.litnet.co.za/jan-fe-celliers-1865-1940/