Fikile Mthwalo
Fikile Mthwalo | |
|---|---|
| Tsalo | 13 April 1989 |
| Alma mater | University of Cape Town (B.A.) New York University Tisch School of the Arts (M.F.A.) |
| Tiro | Actor, script writer, TV presenter, entrepreneur |
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 1998–present |
Fikile Mthwalo (o tshotswe Moranang a le lesome le boraro 1989), ke modiragatsi wa Aforika Borwa yo o tsholetsweng kwa Lesotho, mokwadi wa difilimi[1] le mogwebi. O tumile thata ka dikarolo tsa gagwe mo difiliming tse di tumileng tsa It's Complicated,[2] Isidingo le Gold Diggers[3][4]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]O tshotswe Moranang a le lesome le boraro 1989 kwa Lesotho ke rre wa Mosotho le mme wa Mokenya/Motanzania.[5] O na le monnawe yo mmotlana yo o nnang kwa Cape Town. Go tloga ka 2001 go fitlha ka 2005, o ne a tsena sekolo kwa kholetšheng ya boditšhabatšhaba ya Machabeng e e kwa Maseru. Morago ga moo o ne a fudugela kwa Bloemfontein, Aforika Borwa mme a wetsa Matric ka 2007, kwa Sekolong sa Basetsana sa St Michael. Ka 2009, o ne a tsenelela Yunibesithi ya Motsekapa mme a aloga ka Dikirii ya Bodiragatsi ya go Tlhagisa Difilimi le Ditshwantsho tsa motshikhinyego.[6]
O nyalane le modiragatsi-ka-ene wa Aforikaborwa Atandwa Kani ka Sedimonthole 2015.[7] O kopane le Kani ka nako ya motseletsele wa thelebišene kwa ba neng ba beeletsana le go nyalana ngwaga morago ga moo.[8] Ba ne ba rulaganya lobolo lwa lenyalo la bone la setso morago ga lenyalo la bone. Atandwa ke morwadi wa ga John Kani le Mandi Kani.[6] Fikile le Atandwa ba kgaogane ka 2019 mme ba tlhalana ka kagiso ka 2023 go ikaegilwe ka dipharologano tse di sa kgoneng go letlanngwang.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]O simolotse tiro ya gagwe ya bodiragatsi mo setoring se se tumileng sa Isidingo. O ne a nna mongwe wa ba ba kwa godimo ba le masome mabedi le bone ba ba neng ba fitlha kwa makgaolakgannyeng mo 'Patlong ya Mogasi wa O Access' e e neng ya gasiwa mo Channel O. Ka 2015, o ne a dira karolo ya gagwe ya ntlha ya go etelela pele mo thelebisheneng ka go tshameka karolo ya 'Ipeleng' mo motseletseleng wa It’s Complicated. Ntle le moo, o ile a kopanela le dipapatso tse di mmalwa tsa thelebishene tse di akaretsang Metropolitan, PEP, Omo, Shoprite, Etiselat Nigeria, Ponds, Hi-Malt Nigeria le Nivea UK. O ne a tlhagelela mo filiming ya thelebišene ya Gold Diggers kwa a neng a tshameka karolo ya 'Hlengiwe' gone.[6][5] Ga jaanong jaana Fikile o fetsa bontsi jwa nako ya gagwe kwa New York le kwa Los Angeles.
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Fikile o amogetse dikirii ya gagwe ya ntlha ya go tlhagisa difilimi le ditshwantsho tsa motshekhinyego kwa Yunibesithing ya Cape Town (UCT), kwa a alogileng gone ka tlotlo ka 2012. Ka 2015 o ne a newa thuso e e feletseng ya go tsenelela Lenaneo la Dialogane la go Diragatsa la Yunibesithi ya New York. Ka 2018 o ne a aloga ka Masters wa Fine Arts mo bodiragatsing.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Fikile Mthwalo bio". tvsa. 27 November 2020. Retrieved 27 Phalane 2025.
- ↑ "It's Complicated". Mzansi Magic. DSTV Mzansi Magic. Retrieved 27 Phalane 2025.
- ↑ "Gold Diggers". TVSA. TVSA. Retrieved 27 Phalane 2025.
- ↑ "4 things we learned about Fikile Mthwalo-Kani". news24. 27 November 2020. Retrieved 27 Phalane 2025.
- 1 2 "8 Things You Didn't Know About Fikile Mthwalo". okmzansi. 27 November 2020. Retrieved 27 Phalane 2025.
- 1 2 3 "Fikile Mthwalo career". briefly. 27 November 2020. Retrieved 27 Phalane 2025.
- ↑ "Did Fikile and Atandwa Kani break up?". www.all4women.co.za. All 4 Women. Retrieved 27 Phalane 2025.
- ↑ ""I am Atandwa's first wife" - Fikile Mthwalo-Kani". news24. 27 November 2020. Retrieved 27 Phalane 2025.