Jump to content

Filipe Duarte (actor)

Go tswa ko Wikipedia

Luís Filipe Duarte Ferreira da Silva, yo o itsegeng thata jaaka Filipe Duarte (5 Seetebosigo 1973- 17 Moranang 2020),[1] e ne e le motshameki wa setswerere sa botshameki jwa Sepotokisi yo o tsholetsweng kwa Angola.[2]O itsege thata ka go tshameka mo difiliming tsa Variações: Guardian Angel, Cinzento e Negro le Noise.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O belegwe ka 5 Seetebosigo 1973 kwa Nova Lisboa, e ka nako eo e neng e le kwa kgaolong ya Portugal ya Angola. O ne a nyetswe ke motshameki mongwe wa dibaesekopo wa Mo-Spain e bong Nuria Mencía. Ba na le ngwana wa mosetsana, Antonia yo o belegweng ka Mopitlwe 2011.[3]Duarte o ne a tlhokafala ka 17 Moranang 2020, ka nako ya thibelo ya ntlha ya COVID-19 kwa Portugal, a le dingwaga di le 46 ka ntlha ya go tshwarwa ke bolwetse jwa go ema pelo.[2]

Tiro ya gagwe ya botshameki

[fetola | Fetola Motswedi]

Duarte o ne a fetsa dithuto tsa terama kwa Lisbon Theatre and Film School.[2] Morago ga moo o ne a fetsa khoso ya go thapisa batshameki kwa Setheong sa Patlisiso le Tlholo ya Metshameko. O simolotse tiro ya gagwe ya go nna motshameki ka go tshameka metshameko e le mmalwa ka fa tlase ga batsamaisi ba ba itsegeng ba theatre Adolfo Gutkin, Rogério de Carvalho, Geraldo Touché, Francisco Salgado, Carlos J. Pessoa, Laila Ripol le Miguel Seabra.

Mo thelebisheneng, o ne a tshameka mo filiming ya Theorem of Pythagoras, e e neng e eteletswe pele ke Gonçalo Galvão Telles. Morago ga moo o ne a tsenelela mo mananeong a mabedi a thelebishene A Ferreirinha, a a neng a laolwa ke Jorge Paixão da Costa le João Semana, a a neng a laolwa ke João Cayatte. Fa a ne a nna motshameki yo o tumileng wa difilimi, o ne a tshameka karolo e kgolo mo motseletseleng wa Ecuador o o neng o theilwe mo bukeng ya Miguel Sousa Tavares. Ka 2013, o ne a tshameka karolo e e tumileng ya 'João Belmonte' mo thelebisheneng ya soapie Belmonte.[2]

Ka fa letlhakoreng le lengwe, Filipe o ne a nna a bua mo ditshwantshong tsa metlae le tsa dibaesekopo go akaretsa le moanelwa yo o itsegeng thata e bong 'Sanosuke Sagara' mo motseletseleng wa dibaesekopo wa Samurai X.

Ka nako ya loso lwa gagwe ka 2020, o ne a rekota the Brazilian soap opera Amor de Mãe, a bontsha mo SIC, a ikopanya le batshameki ba ba neng ba tshameka mo filiming ya Nothing Ever Happened e e neng e tsamaisiwa ke Gonçalo Galvão Teles.[2]

Metshameko ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Certidao de Lista de Associados GDA.ADG" (PDF). passmusica. Archived from the original (PDF) on 24 December 2013. Retrieved 27 October 2020
  2. 1 2 3 4 5 "Actor Filipe Duarte died". expresso. Retrieved 27 October 2020
  3. "Actor Filipe Duarte died". sicnoticias. Retrieved 27 October 2020