Jump to content

Florence Griffith Joyner

Go tswa ko Wikipedia

Florence Delorez Griffith Joyner[1] (yo o tshotsweng a bidiwa Delorez Griffith;[2] Sedimonthole a le masome mabedi le motso ka 1959 – Lwetse a le masome a mabedi le motso ka 1998), gape a itsegeng le Flo-Jo, e ne e le motabogi wa Amerika gape e le mosadi yo o bonako go gaisa yo o kileng a kwalwa. O nyetswe ke Al Joyner, mofenyi wa gauta kwa diOlimpiking tsa 1984 mo motshamekong wa go tola gararo. Gape e ne e le ene mokatisi wa gagwe ka nako ya katlego ya gagwe ya fa a gapa dietsele tsa diOlimpiki gane. Ba ne ba nyalane ka 1987 go fitlha ka nako ya loso lwa gagwe, ka 1998. Ba ne ba na le ngwana wa mosetsanyana, Mary Joyner. Griffith Joyner o ne a tlhoma direkote tsa lefatshe ka 1988 mo sekgeleng sa 100 m le 200 m. Mo dingwageng tsa bo 1980 di ya motsubong, o ne a nna motho yo o tumileng thata ka ntlha ya go tlhoma direkote ga gagwe le go itshwara ga gagwe mo go neng go tlhotlheletswa ke dilo ka go farologana.

O tsholetswe le go godisediwa kwa California. O ne a taboga go tsweng ko dingwageng tsa gagwe tsa bonana mme a simolola go taboga esale ngwana. Fa a ne a tsena kwa California State University, Northridge (CSUN), le University of California, Los Angeles (UCLA), o ne a tswelela go gaisana mo go tabogeng.Fa a sa ntse a le kwa yunibesithing, o ne a bona phatha mo sekgeleng sa 100 mkwa 1980 Olympics mme ga a ka a gaisana ka ntlha ya go ikgogela morago ga Amerika. O ne a simolola metshameko ya gagwe ya Diolimpiki dingwaga di le nne morago ga moo, a fenya seetsele sa selefera mo sekgeleng sa 200 m kwa Metshamekong ya 1984 Olympics kwa Los Angeles. Ka 1988 U.S. Olympic Trails, o ne a tlhoma rekote e ntsha ya lefatshe mo lebelong le le khutshwane la sekgele sa 100 m. O ne a gapa digauta tse tharo kwa 1988 Olympics.

Ka Tlhakole wa 1989, Griffith Joyner a tlogela tiro ya mabelo ka tshoganyetso. O ne a tswelela e le mo motho wa ngwao ya dingwaga tseo ka go fiwa ditumalano, e le modiragatsi, ebile a roka. Ka ngwaga wa 1998, fa a ne a na le dingwaga di le masome mararo le borobabobedi, a tlhokafala mo borokong jwa gagwe ka a ne a nna le bolwetse jwa leebana jo a neng a tsetswe ka jone. Griffith Joyner o ne a fitlhwa kwa El Toro Memorial Park kwa Lake Forest.

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Griffith o tsholetswe kwa Los Angeles, California, e le wa bosupa wa bana ba le lesome le motso o le mongwe wa ga Robert, ramotlakase le Florence Griffith, e le moroki.[2][3] Lelwapa le ne le nna kwa Littlerock, California, pele ga Florence Griffith a fudugela le bana ba gagwe kwa Jordan Downs e e leng boroko jwa puso mo karolong ya Watts ya Los Angeles.[4][5]

Fa a ne a le kwa sekolong se potlana, o ne a tsenela mokgatlho wa Sugar Ray Robinson, o ne a taboga mo dithulaganyong ka mafelo a beke.[5] O ne a fenya dikgaisano tsa Jesse Owens National Youth Games dingwaga di le pedi ka tatelano, a le dingwaga tse lesome le bone le a le dingwaga tse lesome le botlhano.[6] Griffith o ne a taboga kwa sekolong sa Jordan High School kwa Los Angeles.[5]

O ne a supa kgatlhego mo fesheneng a sale mmotlana, Griffith o ne a ngoka batabogi ka ene gore ba apare dithaetse le unifomo ya bone.[6] Fa a le mo ngwageng wa gagwe wa bofelo wa sekolo se segolwane ka 1978, o ne a fetsa e le wa borataro kwa bokopanong jwa CIF California State Meet a a tla fa morago ga batabogi kaene ba nako e e tlang Alice Brown le Pam Marshall.[7] Ka nako ya fa a tla aloga kwa Jordan High School ka 1978, o ne a tlhomile direkote tsa dikolo tse dikgolwane mo mabelong a makhutshwane le long-jump.[8]

  1. Whitaker, Matthew C. (2011). Icons of Black America: Breaking Barriers and Crossing Boundaries, Volume 1. Vol. 1. ABC-CLIO. p. 520. ISBN 978-0-313-37642-9. Retrieved 23 February 2025.
  2. 1 2 Nathan Aaseng. African-Jamaican Athletes. Infobase. ISBN 9781438107783. Retrieved 23 February 2025.
  3. "Flashy Florence Griffith Joyner Will Be the One to Watch—and Clock—in the Women's Sprints". People. August 29, 1988. Archived from the original on September 14, 2016. Retrieved 23 February 2025.
  4. Briggs, Johnathon E. (January 15, 2000). "School Renamed for Late Track Star Griffith Joyner". Los Angeles Times. ISSN 0458-3035. Archived from the original on August 19, 2016. Retrieved 23 February 2025.
  5. 1 2 3 Childs, Joy (August 10, 2012). "The mother behind the Olympian reveals the spirit that was Flo Jo". L.A. Watts Times. Archived from the original on July 5, 2016. Retrieved 23 February 2025.
  6. 1 2 Schwartz, Kris (July 16, 1998). "ESPN Classic - FloJo sets 100 record at 1988 Olympic Trials". ESPN. Archived from the original on May 21, 2014. Retrieved 23 February 2025.
  7. "California State Meet Results – 1915 to present". prepcaltrack.com. Archived from the original on October 6, 2014. Retrieved 23 February 2025.
  8. Schwartz, Kris. "FloJo Made Speed Fashionable". ESPN.com. Archived from the original on June 6, 2011. Retrieved 23 February 2025.