Jump to content

Florence Mophosho

Go tswa ko Wikipedia
Florence Mophosho
Ka Ga Ena
O tsetswe1921
Alexandra Transvaal Union of South Africa
O TlhokafetsePhatwe a le malatsi a robabongwe ngwaga wa 1985
Morogoro Tanzania
MokgatlhoAfrican National Congress

Florence Mophosho (o o bonweng ka 1921 a tlhokafala ka Phatwe a tlhola malatsi a le robabongwe ka ngwaga wa 1985) e ne e le mopolotiki wa kwa Aforika Borwa e le molwela ditshwanelo kgatlhanong le puso ya tlhaolele wa African National Congress (ANC). Leloko le le matlhagatlhaga la lekgotla la ANC la bomme, e ne e le leloko la komiti ya ANC go tswa ka 1975 go fitlhelela a tlhokafala ka 1985.

Morago ga go nna leloko la ANC ka 1952 kwa Alexandra, Mophosho o ne a nna le seabe mo go rulaganyeng megwanto e le mmalwa mo ditsong e e kgatlhanong le puso ya tlhaolele kwa Aforika Borwa, e akaretsa mogwanto wa basadi wa 1956 le tsuologo ya dibase kwa Alexandra ka 1957. Go tswa ka 1964 go fitlhelela a tlhokafala, o ne a nna ka go tshaba le ANC, a tlhatloga maemo e le moemedi wa lekgotla kwa bokopanong jwa bomme jwa mafatshefatshe (Women's International Democratic Federation) le go tswa ka 1971, e le moeteledipele wa lekalana la bomme ba ANC.

Botshelo jwa a le mmotlana le go lwela ditshwanelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Mophosho o tshotswe ka 1921 kwa Alexandra motsana o o kwa ntle ga Johannesburg kwa e neng e le Transvaal pele.[1] Rraagwe o ne a lwala thata, mme maagwe le ntswa a ne a ithutetse borutabana, o ne a bereka e le mothusi wa mo ntlong. E le ene a motona mo baneg ba le bararo, Mophosho o ne a tlogela sekolo a bala lokwalo lwa borataro go nna mmereki, pele e le mothusi wa mo lolwapeng, a tloga a nna mmereko wa madirelo a diaparo.[1][2]

O nnile leloko la African National Congress (ANC) ka 1952,[2] a rotloeditswe ke letsholo la go ingangatlela la ngwaga oo.[1] O ne a tsaya karolo mo go rulaganyeng letsholo le legolo la ANC, ebong bokopano jwa batho ka 1955; o ne a tsamaya mo Alexandra a batla dikakanyo tsa batho tsa lekgotla la kgololesego.[1] O ne a nna leloko la lekgotla la bomme ba ANC gape e le wa lekgotla la bomme ba Aforika Borwa, mo maemong ao, o ne a thusa go rulaganya mogwanto wa basadi wa 1956.[1][2] Ngwaga o o latelang, e ne e le leloko la komiti e e neng ya rulaganya go gana go pagama dibase kwa Alexandra. Morago o ne a supiwa ke Maggie Resha fa e le morulaganyi wa tlhatlhwa,[2] Mophosho o ne a nna morulaganyi wa sennela ruri wa ANC.[1] O ne a tshwarwa ka 1958 ka nako ya mogwanto kgatlhanong le go dirisa diteseletso kwa Johannesburg.[2]

Go lwela ditshwanelo fa a tshabile

[fetola | Fetola Motswedi]

Lekgotla la basadi la mafatshefatshe

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga gore ANC e lelekiwe ka 1960, Mophosho o ne a tswelela ka go berekela lekgotla leo mo sephiring, le ntswa a ne a tshwarea makgetho a le mmalwa a neelwa taolo ya go kganelwa ka 1964. Morago ka 1964[2], ka taelo ya ANC o ne a tswa kwa Aforika Borwa a tshabela Lusaka, Zambia, morago a ya Dar es Salaam , Tanzania[1]. Fa a tshabile o ne nna moemedi wa dinako tsotlhe wa ANC, pele kwa lekgotleng la bomme. O ne a berekela wa ofising ya mokwaledi kwa Berlin Botlhaba go tswa ka 1964 go tsena 1969.[2]

Ka 1969, Mophosho e ne e le ene fela ntlhopheng wa mosadi wa bokopanong jwa Mogorogoro kwa Tanzania.[2][1] Moragonyana o ne a kwalela tsala ya gagwe Ray Alexander are "ke ikaelela go boela Aforika fa ngwaga o o fela, ke dumela gore ke dirile bojotlhe jwa me, o mongwe a tle Berlin go emela batho".[2]

Lekgotla la basadi la ANC

[fetola | Fetola Motswedi]

Mophosho o ne a boela Aforika ka 1970 a itshetlela kwa ofising ya ANC kwa Morogoro, Tanzania, kwa a berekileng kwa ofising ya mokwaledi wa lekalana la bomme ba ANC[2]. Lekalana leo le ne le emetse lekgotla la bomme ka nakwana le le neng le sa bereke fa ANC e lelekilwe, Mophosho a nna moeteledipele wa lone ka 1971, a tlhatlhama Ruth Mompati.[3]Mo dingwageng tse di lesome tse di latelang, Mophoso o ne a tsaya maeto a a farologaneng go emela ANC kwa moseja, le kwa bokopanong jwa bomme botlhe ka 1972, o ne a ikatisetsa sesole kwa Lusaka ka 1978.[2] O ne a le matlhagatlhaga mo go bueleleng tlhokomelo e e botoka ya bana mo malokong a ANC a e neng e le bomme[4], ene le mokwaledi wa gagwe Getrude Shope, ba ne ba tlhama Voice of Women, kgatiso ya bomme ba ANC.[5] Fa godimo ga foo o ne a tlaleletsa komiti ya ANC ka 1975.[1][2] O nnile leloko la komiti go fitlhelela a tlhokafala [6]a sena go tlhophiwa ka tlhamalalo ka 1985.[2]

Botshelo jwa gagwe le loso

[fetola | Fetola Motswedi]

Mophosho o ne a na le bana, ba ba neng ba godisitswe ke lolwapa lwa gagwe kwa Aforika Borwa. O ne a lwala thata ka dingwaga tsa bo 1980 - o ne a le mo kalafing ya ntho e e mo teng kwa Soviet Union, a tlhokafala kwa Morogoro ka Phatwe a le malatsi a robabobongwe ngwaga wa 1985, mogwanto wa bomme o ipelela dingwaga di le masome mabedi le borobabongwe.[2] O boloketswe kwa Lusaka, kwa ANC e neng e na le diofisikgolo teng ka nako eo. Ka Moranang 2007, o ne a fiwa tlotla ya order of Luthuli ke Thabo Mbeki, tautona[7] wa bobedi morago ga puso ya tlhaolele, go bo a:

nnile le seabe se setona mo kgatlhanong ya puso ya tlhaolele, a emelela go bogisiwa ke sepodisi go gwetlha setshaba go nna le Aforika Borwa o o lolameng, le go lwela tekatekano ya bong.[1]

  1. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 "Florence Mophosho (1921–1985)". The Presidency. Archived from the original on 30 July 2023. Retrieved 01 December 2025
  2. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 11 12 13 14 Sandwell, Rachel (2018). "The Travels of Florence Mophosho: The African National Congress and Left Internationalism, 1948–1985". Journal of Women's History. 30 (4): 84–108. doi:10.1353/jowh.2018.0043. ISSN 1527-2036.
  3. Hassim, Shireen (2004). "Nationalism, feminism and autonomy: The ANC in exile and the question of women". Journal of Southern African Studies. 30 (3): 433–456. doi:10.1080/0305707042000254056. ISSN 0305-7070.
  4. Sandwell, Rachel (2 January 2015). "'Love I Cannot Begin to Explain': The Politics of Reproduction in the ANC in Exile, 1976–1990". Journal of Southern African Studies. 41 (1): 63–81. doi:10.1080/03057070.2015.991988. ISSN 0305-7070.
  5. "The people behind the 1956 Women's March to Pretoria". The Mail & Guardian. 25 August 2016. Retrieved 02 December 2025
  6. African National Congress (1997). "Appendix: ANC structures and personnel". Further submissions and responses by the African National Congress to questions raised by the Commission for Truth and Reconciliation. Pretoria: Department of Justice.
  7. "Honoured for their roles". Sowetan. 25 April 2007. Retrieved 02 December 2025