Florence Nkalubo
Florence Bagunywa Nkalubo | |
|---|---|
| Tsalo | |
| Tiro | Morutuntshi, Mopolotiki, Mmueledi wa tsa metshameko |
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 1990s go tsena gompieno |
| Lephata | FUFA, UWFA, Buganda Kingdom, Kampala International University |
| O itsegi ka | Go rotloetsa metshameko ya bomme le banana kwa Uganda |
Notable work | Sejana sa mafelo a ngwaga sa Nkalubo, thulaganyo ya motshameko wa kgwele ya dinao wa basetsana ba dikolo tse dipotlana kwa Kampala |
| Title | Tona wa pele wa banana le pereko (kwa Buganda Kingdom) |
| Political party | Democratic Party (Uganda) |
| Bana | Ba bararo |
| Batsadi(s) |
|
Florence Nkalubo o o itsegeng gape ka leina la Owek Florence Bagunywa Nkalubo ke morutintshi, mopolotiki le mmueledi wa kwa Uganda. O itsege ka maiteko a gagwe a go rotloetsa metshameko mo go bomme le banana kwa Uganda.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ke mme wa bana ba le bararo.[1] Rraagwe Florence e ne e le Arthur Bagunywa Nkalubo Kateregga o e neng e le tona wa pele wa bogosi jwa Buganda.[2] Rraagwe o ne a tlhokafala a le dingwaga di le masome a robabongwe le motso go ya ka ba lolwapa lwa gagwe kwa sepateleng sa Platinum.[2]
Ditso tsa pereko
[fetola | Fetola Motswedi]O berekile e le tona wa banana le phiro kwa bogosing jwa Buganda dingwaga di le lesome.[3][4][5] Ke morotloetsi wa kgwele ya dinao ya bomme, se se rotloeditse basetsana ba le bantsi go akanyetsa metshameko e le tiro kwa Uganda.[3][6][1] O berekile e le mothusa tautona wa lekgotla la kgwele ya dinao la kwa Uganda la Federation of Uganda Football Associations (FUFA) a emetse bomme ka nakwana e le mongwe wa bo ntlhopheng ba babedi ba bomme.[3][6][1][7][8] Le fa go ntse jalo, o ne a nna leloko la FUFA e le motshwara madi.[1] Fa a le leloko la FUFA, o ne a bereka ka thata gore dithulaganyo ka bontsi di bone dithuso tsa madi tsa FIFA jaaka kgwele ya dinao ya basetsana ba dikolo tse dipotlana tsa kgaolo ya Kampala, e e simologileng ka dikolo di le masome a marataro mme morago ya golela kwa godimo.[1]O simolotse go tsaya karolo mo go tsa metshameko fa a santse a le mmotlana a tshameka motshameko wa go tlolela kwa godimo, thenase le hockery.[1] Fa a le kwa sekolong sa borutabana sa Nkozi, o ne a rutelwa discus, short put le go taboga mabelo a maleele.[1] O fentse dietsele di le mmalwa.[1] Nkalubo o ne a phadisanela maemo a bo khanselara jwa Rubaga Bokone ka 1997 fa LC e sa tswa go fenya, ke ka nako ya gagwe a le mo tirong fa a simolodisa metshameko ya sejana sa mafelo a ngwaga sa Nkalubo. O berekile gape e le tautona wa UWFA. O ne a beile leitlho maemo a bopalamente jwa Bokone jwa Lubaga ka fa tlase ga phathi ya Democratic.[9][10] E ne e le mokwaledi wa Bokone jwa Lubaga wa thuto.[9] O berekile mo khanseleng ya sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa Kampala International University.[11]
Ditshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 6 7 8 "Football is in her veins". Monitor. 2021-01-07. Retrieved 2026-04-29
- 1 2 "Ex-Buganda minister dies aged 91". New Vision. Retrieved 2026-04-29
- 1 2 3 "Owek. Florence Bagunywa Nkalubo :: Kampala University". ku.ac.ug. Retrieved 2026-04-29.[dead link]
- ↑ "Buganda Kingdom Official Decries Bad Conditions For Jailed Riot Suspects". Uganda Radionetwork. Retrieved 2026-04-29
- ↑ Kasozi, Ephraim (1 November 2007). "Uganda: Teach Luganda in Schools - Mengo". AllAfrica. Retrieved 29 April 2026.
- 1 2 "Florence Bagunywa Nkalubo deliberates". FUFA: Federation of Uganda Football Associations. Retrieved 2026-04-29
- ↑ "Florence Bagunwa Nkalubo". FUFA: Federation of Uganda Football Associations. Retrieved 2026-04-29
- ↑ Isabirye, David (2021-05-08). "Kabugo, Kiwanuka voted as Uganda Youth Football Delegates | FUFA Elections 2021". Kawowo Sports. Retrieved 2026-04-29
- 1 2 "IN BRIEF". New Vision. Retrieved 2026-04-29
- ↑ Kasozi, Ephraim (26 January 2006). "Uganda: Lubaga Candidate Pledges to Address Teachers' Pay".
- ↑ "University Council :: Kampala University". www.ku.ac.ug. Archived from the original on 2024-10-05. Retrieved 2026-04-29