Jump to content

Fort Goede Hoop

Go tswa ko Wikipedia

Fort de Goede Hoop kgotsa Fort Good Hope e ne e le kago ya phemelo kwa Dutch Gold Coast, e e tlhomilweng ka 1667 gaufi le Senya Beraku. Ba-Dutch ba ne ba setse ba na le lefelo la bonno kwa Senya Beraku ka bo1660, mme le ne la tlogelwa fa Ba-British ba ne ba aga kago ya bone ya phemelo kwa Winneba e e gaufi. Ka 1704, Ba-Dutch ba ne ba kopa Kgosigadi ya Agona gore e ba letle go aga kago ya phemelo kwa Senya Beraku. E ne e diretswe go gweba ka gouta le Akim, e e kwa bokone jwa Agona. Kwa tshimologong, Ba-Dutch ba ne ba aga kago e nnye ya phemelo e e khutlotharo, e ba neng ba e bitsa Fort de Goede Hoop (kgotsa Good Hope ka Seesemane). Kgwebo ya gouta e ne e sa atlege thata, mme moragonyana makgoba a ne a rekisiwa mo kagong eno ya phemelo. Ka 1715, kago eno e ne e setse e le nnye thata mme Ba-Dutch ba ne ba swetsa go e oketsa gabedi ka go kgaoganya khutlotharo ya yone mme ba e dira sekwere. Kgolegelo ya makgoba e ne ya agiwa mo karolong e e kafa borwabophirima ya kago ya phemelo. Mo sephatlong sa bobedi sa lekgolo la bo18 la dingwaga, kago e ne e dikologilwe ke lebota le le kwa ntle. Ka ntlha ya bosupi jwa yone jwa kgwebo ya bokgoba ya Atlantic le go dirisiwa ga bokoloniale jwa Yuropa, Fort Good Hope e ne ya tsenngwa mo Lenaaneng la UNESCO la Ngwao-Boswa jwa Lefatshe ka 1979 mmogo le dikago tse dingwe di le mmalwa kwa Ghana.

Mo masimologong a 1782, Kapotene Thomas Shirley yo o neng a le mo sekepeng sa ditlhobolo di le 50 e bong Leander le sekepe sa ntwa e bong Alligator ba ne ba ya kwa Dutch Gold Coast. Boritane e ne e le mo ntweng le Netherlands mme Shirley o ne a thopa dikago tse dinnye tsa Dutch kwa Moree (Fort Nassau -ditlhobolo dile 20 -dile 32), Kormantin (Courmantyne or ditlhobolo), Apam (Fort Lijdzaamheid or Fort Patience -ditlhobolo dile 22), Senya Beraku (Fort Goede Hoop- ditlhobolo dile 18), le Accra (Fort Crêvecoeur or Ussher Fort -ditlhobolo dile 32).

Boritane e ne ya nna mo kagong eno ya phemelo magareng ga 1782 le 1785, mmogo le baagi ba lefelo leno ba Ba-Akim magareng ga 1811 le 1816. Ka 1868, kago e ne ya neelwa United Kingdom mo kgwebong e kgolo ya dikago tse di thata magareng ga Netherlands le Boritane.

Eno ke kago ya phemelo ya bofelo e e neng ya agiwa kwa Gold Coast.

Dipopego tsa lefelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Kwa tshimologong, Ba-Dutch ba ne ba aga kago e nnye ya phemelo ya khutlotharo mo godimo ga thaba e e gaufi le kgogometso ka gonne go ne go le gaufi le lotshitshi lo lo siameng lo go neng go ka fologelwa mo go lone. Kago ya phemelo ya khutlotharo e na le dikago tse tharo tse di kwa bokone-botlhaba, borwabophirima le borwabotlhaba.

Ka ngwaga wa 1724, ka ntlha ya bogolo jo bo lekanyeditsweng jwa kago e e neng e sa kgone go itshokela palo e e ntseng e oketsega ya makgoba, e ne ya agiwa sesha gore e nne jaaka e ntse gompieno. E ne e na le dikago di le nnè tsa phemelo tse di nang le dipota tse di sireleditsweng, mafelo a masole le diholo tsa badiredibagolo, boapeelo, kgolegelo ya basadi le ya banna, mabolokelo, bobolokelo jwa dijo tsa ditlhaka le phaposi ya dimakasine tsa motsoko. Moragonyana go ne ga agiwa le lebota le le kwa ntle mme le ne la batla le nyeletse.

Ga jaana kago e dirisiwa jaaka ntlo ya boikhutso le lefelo la bojanala.